Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lesedi le le Tsididi la Sennakangwedi

Lesedi le le Tsididi la Sennakangwedi

A le Ne le Tlhamilwe?

Lesedi le le Tsididi la Sennakangwedi

● Mo dinageng tsa boboatsatsi le kwa dinageng tsa maemo a bosa a a tekatekano, sennakangwedi e leng khukhwane e e ntshang lesedi e lemogiwa ka lesedi la yone le le phatsimang e le go ngoka molekane. Mme se se kgatlhang ke gore, lesedi la sennakangwedi le gaisa lesedi la dipone tse di ntshang lesedi le lentsi (incandescent) le tse di ntshang lesedi le le phatsimang thata (fluorescent) tse di dirilweng ke motho. Tota, e bile, mo nakong e e tlang fa o lebelela sekoloto sa gago sa motlakase, akanya ka se setshidinyana seno se ka se dirang.

Ela tlhoko: Lobone lwa motlakase lo lo ntshang lesedi le lentsi le ntsha diperesente di le lesome tsa maatla a lone e le lesedi; maatla a mantsi a a senyega mme a tswa e le mogote. Lobone lwa motlakase lo lo ntshang lesedi le le phatsimang thata lone lo dira botoka, ka gonne lo ntsha diperesente tse 90 tsa maatla a lone e le lesedi. Mme ga go na lope lwa mabone ano lo lo gaisang lesedi la sennakangwedi. E re ka marang a ultraviolet kgotsa a infrared a a tswang mo leseding la sennakangwedi a le mannye, lesedi le le ntshiwang ke setshidinyana seno le batlile le tshwara diperesente tse 100 e le maatla!

Sephiri sa sennakangwedi se ikaegile ka go kopana ga khemikale ya luciferin, ensaeme ya luciferase le okosejene. Disele tse di kgethegileng tse di bidiwang di-photocyte di dirisa luciferase go dira go re go kopana gono go direge mme okosejene e nna setukisi. Seno se bo se felela ka gore go nne le lesedi le le tsididi—ga twe ke lesedi le le tsididi ka gonne ga le ntshe mogote gotlhelele. Morutisi mongwe wa thuto ya temo ya maungo le merogo le wa tlhokomelo ya tikologo e bong Sandra Mason o ne a tlhalosa gore motlhami wa dipone tsa motlakase e bong Thomas Edison “o tshwanetse a bo a ne a fufegela dinnakangwedi.”

O akanya eng? A lesedi la sennakangwedi le itlhagetse fela? Kgotsa a le ne le tlhamilwe?

[Setshwantsho/Ditšhwantsho mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

BOLENG JWA LESEDI

10% 90% 96%

Lobone lo lo Lobone lo lo ntshang Sennakangwedi

ntshang lesedi lesedi le le

le lentsi phatsimang thata

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Firefly on leaf: © E. R. Degginger/Photo Researchers, Inc.; firefly in flight: © Darwin Dale/Photo Researchers, Inc.