Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nna o Atamalane le Jehofa!”

“Nna o Atamalane le Jehofa!”

“Nna o Atamalane le Jehofa!”

Kopano ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa

● Dikopano tsa kgaolo tsa malatsi a le mararo di le diketekete, tse di tla tshwarwang mo lefatsheng lotlhe, di rulaganyeditswe go simolola mo Afrika Borwa ka September. Mo Afrika Borwa thulaganyo ya letsatsi lengwe le lengwe e tla simolola ka mmino ka 9:00 a.m. Setlhogo sa Labotlhano se se theilweng mo go Pesalema 73:28 sa re, “Go Atamela Modimo go Molemo mo go Nna.” Puo ya modulasetulo e tla latelwa ke dipuo tse di nang le ditlhogo tse di reng, “Dikopano Tsa Kgaolo di re Thusa go Nna re Atamalane le Jehofa” le “Morwa o Iketleeleditse go mo Supa Phatlalatsa.” Mme dipuo tsa neeletsano tsa “Etsa Sekao Sa ba Ba Ileng ba Nna ba Atamalane le Jehofa” di tla sekaseka kafa Aborahame, Ruthe, Hesekia le Marea ba ileng ba dira jalo ka gone. Thulaganyo ya mo mosong e tla konela ka puo ya setlhogo e e reng, “Kafa Jehofa a Atamalanang le Rona ka Teng.”

Karolo ya ntlha ya Labotlhano thapama e na le setlhogo se se reng “Dikarabo Tsa Dipotso Tse di Malebana le Jehofa,” mme e tla latelwa ke dipuo tse di reng “Letla Kotlhao ya ga Jehofa Gore e go Bope” le “Le ka Motlha O se Ka wa ‘Galefela Jehofa.’” Morago ga foo go tla latela dipuo tsa neeletsano tse di nang le dikarolo di le tlhano tsa setlhogo se se reng, “Puisano e Thusa Malapa go Nna a Atamalane le Jehofa.” Dikarolo tseno di na le ditlhogo tse di reng: “Jehofa, Motlhomasekao yo Mogolo wa Puisano,” “Banna, Buisanang le Basadi ba Lona!” “Basadi, Buisanang le Banna ba Lona!” “Batsadi, Buisanang le Bana ba Lona!” le “Bana, Buisanang le Batsadi ba Lona!” Thulaganyo ya thapama e tla konela ka puo e e reng, “Popo e Senola ‘Modimo yo o Tshelang’!”

Setlhogo sa Matlhatso se se theilweng mo go Diane 3:32 sa re, “O Atamalane Thata le Bathokgami.” Dipuo tsa neeletsano tsa dikarolo di le tlhano tsa setlhogo se se reng “Thusa Batho go ‘Letlanya le Modimo’” di tla akaretsa dipuo tsa ditlhogo tse di reng “Ba IKgaogantse e Bile Ga ba Na Tsholofelo,” “O Ne a Ba Botsa Potso,” “Diragatsa Seabe sa Gago Jaaka Moefangele yo o Thusang,” “Ba Gapeng ka Boitshwaro jo bo Siameng,” le “Itshoke ka Tlhoafalo mo Maitekong a Gago.” Morago ga dipuo tse di reng, “Tirelo ya Nako e e Tletseng e Nonotsha Kamano ya Gago le Jehofa” le “Mo go Ba ba Ratang Jehofa Ga go Na Sekgopi,” mme thulaganyo eno e tla konela ka puo ya kolobetso, morago ga foo, ba ba tshwanelegelang go kolobediwa ba tla newa tshono ya gore ba ye kolobetsong.

Thulaganyo ya Matlhatso thapama e tla bo e na le dipuo tsa neeletsano tsa dikarolo di le robedi, tsa setlhogo se se reng “O se Ka wa Letla Sepe go go Kgaoganya le Jehofa”—“Maiteko a ga Satane a a Bofitlha,” “Boikgogomoso,” “Madi,” “Botsogo,” “Tiro,” “Boitlosobodutu,” “Lelapa” le “Thekenoloji.” Go tla latela terama e e kgethegileng ya mantswe fela ya setlhogo se se reng: “O se Ka wa Felelwa ke Thata fa o Kgalemelwa ke Jehofa!” Thulaganyo ya letsatsi e tla konela ka puo ya setlhogo se se reng, “Atamalana le Jehofa, Fela Jaaka Jeremia.”

Setlhogo sa Sontaga se se theilweng mo go Joshua 23:8 se tla bo se re “Ke Jehofa . . . yo lo Tshwanetseng go mo Ngaparela.” Morago ga pina le thapelo ya mo mosong, dipuo tsa neeletsano tsa setlhogo se se reng, “Go Anaanela Botho Jwa ga Jehofa jo bo Rategang” di tla sekaseka dinonofo tseno—“Go Atamelesega,” “Go Nna Kutlwelobotlhoko,” “Go Anaanela,” “Go Nna Bopelotshweu,” “Go sa Tlhaole,” “Go Itshwarela,” “Go Nna Tekatekano” le “Go Ikanyega.” Go tla latela puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng “O ka Atamalana Jang le Modimo?” Thulaganyo ya mo mosong e tla konela ka tshobokanyo ya Thuto ya Tora ya Tebelo ya beke le beke.

Sengwe se se kgethegileng ka Sontaga thapama e tla nna terama ya metlha ya Baebele e e theilweng mo ditiragalong tsa lekgolo la ntlha la dingwaga. E bua ka ga go tshaba ga Bakeresete kwa Jerusalema mme setlhogo sa yone se tla bo se re “Tsamaya ka Tumelo, e Seng ka Pono.” Morago ga terama, kopano e tla konela ka puo ya setlhogo se se reng “Nna ‘mo Lefelong la Sephiri la Mogodimodimo.’”

Dira dithulaganyo gone jaanong gore o nne teng. Go bona lefelo la kopana le le gaufi le mo o nnang teng, ya kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e mo lefelong la lona kgotsa kwalela bagatisi ba makasine ono. Aterese ya Internet ya www.pr418.com e na le lenaane la mafelo a dikopano di tla tshwarelwang kwa go one go ralala lefatshe.