Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Osteoporosis Bolwetse—Jo bo Sa Lemotshegeng

Osteoporosis Bolwetse—Jo bo Sa Lemotshegeng

Osteoporosis Bolwetse—Jo bo Sa Lemotshegeng

Anna wa dingwaga di le 19, o ne a ntse a tokafala mo bothateng jwa go sa je sentle jwa “anorexia nervosa” fa ka tshoganyetso a wa ka ntlha ya setlhabi se se botlhoko thata se a neng a se utlwa mo mokwatleng. O ne a gobaditse marapo a mabedi a mokwatla mme mokwatla wa gagwe o ne wa fokotsega ka disentimetara di le tlhano. Seno se bakilwe ke “Osteoporosis.”

LEFOKO “osteoporosis” fa le tsewa jaaka le ntse le kaya “lerapo le le nang le diphatla.” E bidiwa bolwetse jo bo sa lemotshegeng ka gonne gantsi matshwao a yone ga a bonale go fitlhela marapo a nna bokoa jaana mo e leng gore fa o utlwa botlhoko, fa o thula sengwe kgotsa o wa a ka gobala. Go gobala gono go diragala mo lothekeng, mo dikgopong, mo mokwatleng kgotsa mo lelokololong la seatla. Batho ba rata go akanya gore osteoroporosis e tshwara fela basadi ba ba bokoa, ba ba tsofetseng. Le fa go ntse jalo, jaaka fa kgang ya ga Anna e bontsha, osteoroporosis e ka tshwara gape le basha.

Matshosetsi a a Masisi a Botsogo

Setheo sa Ditšhabatšhaba sa Osteoporosis se tlhalosa jaana: “Kwa Dinageng Tse di Kopaneng Tsa Yuropa, mongwe o gobala marapo ka ntlha ya osteoporosis mo metsotswaneng mengwe le mengwe e le 30.” Kwa United States, batho ba le dimilione di le lesome ba na le osteoporosis mme dimilione tse dingwe tse 34 di mo kotsing ya go tsenwa ke bolwetse jono ka go bo marapo a bone a sa kitlana sentle kafa teng. Mo godimo ga moo, U.S. National Institutes of Health e bega gore “mosadi a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba babedi le monna a le mongwe mo go ba le banè ba dingwaga tse 50 go ya kwa godimo, ba tla gobala marapo mo botshelong jwa bone ka ntlha ya osteoporosis.” Mme ga go lebege go tla nna botoka.

Bulletin of the World Health Organization e tlhalosa gore mo dingwageng di le 50 tse di tlang, go lebeletswe gore palo ya batho ba ba gobalang marapo ka ntlha ya osteoporosis e menagane gabedi lefatshe ka bophara. Phopholetso eno e ka tswa e remeletse mo koketsegong e e lebeletsweng ya batho ba ba godileng. Le fa go ntse jalo, ditlamorago tsa gone di a tshosa. Osteoporosis e baka dipalo tse dintsi tsa bogole, le e leng dintsho. Mo e ka nnang diperesente di le 25 tsa balwetse ba dingwaga di le 50 kgotsa go feta ba ba nnileng le bothata jwa go gobala marapo a lotheka, ba swa ka ntlha ya mathata a kalafi ngwaga fela morago ga go gobala marapo.

A o Mo Kotsing?

Dipatlisiso tsa bosheng di bontsha gore go gotsa mongwe wa losika yo o nang le bolwetse jono ke lebaka la konokono la gore motho a nne mo kotsing ya go tsenwa ke bolwetse jono. Fa batsadi ba kile ba gobala marapo mo lothekeng, kotsi ya gore bana ba bone ba nne le mofuta ono wa go gobala e ka nna ya menagana gabedi. Kotsi e nngwe ke go sa fepiwe sentle ga lesea le le iseng le tsholwe, mo go ka bakang gore marapo a gagwe a se ka a kitlana kafa teng mo nakong ya bongwana. Go gola le gone go oketsa kotsi ya go tsenwa ke osteoporosis. Fa batho ba ntse ba gola, gantsi marapo a bone a nna bokoa thata. Malwetse mangwe, a a jaaka bolwetse jwa ga Cushing, bolwetse jwa sukiri le hyperthyroidism, a ka nna le seabe mo go reng o nne le osteoporosis.

Mo basading, go ema ga modikologo wa go bona kgwedi go ka baka gore di-estrogen tse di sireletsang go kitlana ga marapo kafa teng di fokotsege. Leno ke lebaka la go bo basadi ba le banè go feta banna ba tshwarwang ke osteoporosis. Go tlhaela ga estrogen mo go bakiwang ke go ariwa le go ntshiwa ga dikgeleswa tsa mae tsa basadi go ka dira gore modikologo wa go bona kgwedi o kgaotse pele ga nako.

Dilo tse di tsenyang motho mo kotsing ya go tsenwa ke osteoporosis tse a ka di laolang ke mokgwa wa go ja le tsela e motho a tshelang ka yone. Go ja dijo tse di tlhaelang calcium le bitamine D go ka nna le seabe mo go reng marapo a nne bokoa. Go ja letswai le lentsi go ka oketsa kotsi, e re ka go oketsa tsela e mmele o ntshang calcium ka yone. Go nwa bojalwa thata, mo gantsi go amanang le go sa je sentle, le gone go na le seabe mo go koafaleng ga marapo.

Jaaka fa go bontshitswe kwa tshimologong, Anna o ne a nna le osteoporosis ka ntlha ya bothata jwa go sa je sentle. Mokgwa oo o ne wa dira gore a tlhaele dikotla, a fokotse boima jwa mmele le e leng go sa bone kgwedi. Ka ntlha ya seno, mmele wa gagwe o ne wa kgaotsa go ntsha di-estrogen, mo go neng ga felela ka gore marapo a gagwe a nne bokoa.

Lebaka le lengwe le le ka dirang gore o nne le osteoporosis ke mokgwa wa go sa ikatise mmele ka mo go lekaneng. Go goga motsoko le gone go kotsi, e re ka go fokotsa go kitlana ga diminerale mo marapong. Go ya ka Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo, mo e ka nnang motho a le mongwe mo go ba le robedi ba gobala marapo a lotheka mme seno se ka tswa se bakiwa ke go goga motsoko. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso di bontsha gore fa motho a tlogela go goga motsoko, go koafala ga marapo le go nna mo kotsing ya go gobala marapo go a fokotsega.

Go Thibela Osteoporosis

Motho o tshwanetse go simolola go thibela osteoporosis fela fa a sale ngwana le mo nakong ya bosha. Ke nako e diperesente di le 90 tsa go kitlana ga marapo kafa teng di ka fitlhelelwang. Calcium, e leng nngwe ya dikotla tse di botlhokwa thata go aga marapo a mmele a a nonofileng, e bolokiwa segolobogolo mo marapong. Dilo dingwe tsa konokono tse di ka nayang motho calcium ke mashi le dijo tse di nang le mashi, tse di jaaka yokate le tšhisi; ditlhatswana tse di mo dithining le tsa di-salmon (tse di jewang le marapo); di-almond; oatmeal; dipeo tsa sesame; tofu; le merogo e metala.

Gore mmele o kgone go dirisa calcium, go tlhokega bitamine D. Bitamine eno e dirwa mo letlalong ka go nna go se kae mo letsatsing. Ngaka nngwe e e tlhatlhobang malwetse a mo teng ga mmele wa motho e bile e le leloko la Mexican Bone and Mineral Metabolism Association e bong Manuel Mirassou Ortega, o tlhalosa jaana: “Go nna mo letsatsing ka metsotso e le lesome ka letsatsi go fokotsa kotsi ya go nna le osteoporosis, e re ka go tlhagisa diyuniti di le 600 tsa bitamine D.” Gape bitamine eno e ka bonwa mo dijong tse di tshwanang le tlhae ya mae, tlhapi e e nnang mo metsing a a letswai le sebete.

Go ikatisa mmele go botlhokwa thata mo go thibeleng osteoporosis. Fa motho a ntse a gola, go ikatisa mmele go thusa gore marapo a kitlane kafa teng mme fa a setse a godile go thusa go thibela go koafala ga marapo. Go kgothalediwa thata mekgwa ya go ikatisa mmele ya go tsholetsa dilo tse di boima, e e dirang gore mesifa e kgone go emelana le maatlakgogedi kgotsa maatla a mangwe kwantle ga go gobatsa marapo kgotsa ditokololo. Go tsamaya ka maoto, go palama ditepisi le e leng go bina ke mengwe ya mekgwa eo e e motlhofo mme ke e e thusang thata gore mmele o emelane le maatlakgogedi. *

Go na le dilo tse dintsi tse motho a ka di dirang go thibela bolwetse jono jo bo sa lemotshegeng. Jaaka re setse re bone, dilo tseno di ka akaretsa go fetola tsela e motho a jang ka yone le e a tshelang ka yone e le go dira gore marapo a nne a kitlane kafa teng le go oketsa go nonofa ga marapo. Ke boammaaruri gore mo bathong ba bantsi ba ba berekang ba dutse, go ka nna thata gore ba fetole mokgwa oo. Mme ke melemo efe e ba ba dirang maiteko a go fetola mokgwa oo ba nnang le yone! Gare ga dilo tse dingwe, ba ka nna ba tila go nna bangwe ba dimilione tse dintsi tse di nang le osteoporosis lefatshe ka bophara.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 16 Go ikatisa mmele mo go feteletseng, go ya bokgakaleng jwa gore go bona kgwedi mo basading go eme, go ka baka gore marapo a robege motlhofo ka ntlha ya go tlhaela ga estrogen. Basadi ba dingwaga tse di kwa godimo ga 65 ba kgothalediwa go itlhatlhoba go bona gore a marapo a bone a kitlane kafa teng, go tlhomamisa gore a ba na le bothata jwa go koafala ga marapo le gore bo maswe go le kana kang. Fa bothata jono bo le maswe thata, ba ka nna ba fiwa melemo e e thibelang le go alafa osteoporosis. Le fa go ntse jalo, go tshwanetse ga elwa tlhoko dikotsi le mesola e e ka nnang teng pele ga kalafi e ka simololwa.

[Mafoko a a mo go tsebe 21]

Go thibela bolwetse jono go ka akaretsa go fetola tsela e motho a jang ka yone le e a tshelang ka yone e le go dira gore marapo a nne a kitlane kafa teng le go oketsa go nonofa ga marapo

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 19]

Osteoporosis ke bolwetse jwa marapo jo bo lemogiwang ka marapo a a sa kitlanang thata kafa teng e bile a sa nonofa, seno se dira gore marapo a nne bokoa le gore a gobale motlhofo. Bo ka lemogiwa ka go dirisa scan sa marang a a kwa tlase, se se tlhatlhobang gore diminerale tsa marapo di kitlane go le kana kang.

[Ditshwantsho]

Lerapo le le siameng

“Osteoporosis”

[Motswedi wa Setshwantsho]

© BSIP/Photo Researchers, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Mekgwa ya go ikatisa mmele ya go tsholetsa dilo tse di boima e thusa go thibela go sa kitlane ga marapo kafa teng

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Di-“almond” le dijo tse di nang le mashi di thusa thata ka “calcium”