Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Basadi ba Tshwanetse go Nna Badiredi?

A Basadi ba Tshwanetse go Nna Badiredi?

Baebele ya Reng

A Basadi ba Tshwanetse go Nna Badiredi?

MOSADI mongwe wa Mokatoliki o ne a kwalela lokwalodikgang lwa USA Today jaana: “Ke ile ka gakgamadiwa le go galefisiwa ke kgang ya gore ga go na sepe se se fetogileng fa go tla mo basading, malebana le gore ba tlhomiwe mo maemong a a rileng.” Batho ba le bantsi ba ikutlwa jaaka ene. Gone mme, mo madumeding a mangwe basadi ke badiredi, baruti, bobishopo le borabi.

Madumedi a a mo matlhakoreng oomabedi a kgang eno—a a iletsang basadi go nna badiredi le a a ba letlelelang gore ba rere ba le kwa seraleng—a bolela gore a latela Dikwalo. Le fa go ntse jalo, Baebele ga e tshegetse maikutlo ape ano. Go ka nna jalo jang? Gore re tle re arabe potso eo, re tshwanetse go sekaseka pele gore Baebele e dirisa jang lefoko “modiredi.”

Badiredi ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga

Lefoko “modiredi” le kaya eng mo go wena? Ba le bantsi ba tla akanya gore le kaya moeteledipele wa bodumedi, monna kgotsa mosadi, yo o okamelang mo phuthegong ka nako ya kobamelo. Mme Baebele e dirisa lefoko leno ka ditsela tse dintsinyana. Akanya ka mosadi wa Mokeresete e bong Febe, yo moaposetoloi Paulo a ileng a mo itsise e le “kgaitsadi wa rona mo go lona, yo e leng modiredi wa phuthego e e mo Kenkerea.”—Baroma. 16:1.

A o ka akanya o bona Febe a eme mo pele ga phuthego ya Kenkerea, a okametse tirelo ya bodumedi? Totatota, Febe o ne a dira bodiredi jo bo ntseng jang? Mo lekwalong la gagwe le a neng a le kwalela Bafilipi, Paulo o ne a bolela gore basadi bangwe “ba ne ba dira mmogo le nna . . . mo go anamiseng dikgang tse di molemo.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona; Bafilipi 4:2, 3, Contemporary English Version.

Tsela ya konokono e Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba anamisa dikgang tse di molemo ka yone e ne e le ka go rera “phatlalatsa le ka ntlo le ntlo.” (Ditiro 20:20) Batho ba ba neng ba dira tiro eo e ne e le badiredi. Ba ne ba akaretsa basadi ba ba jaaka Perisila. Ene le monna wa gagwe ba ne ba ‘tlhalosa tsela ya Modimo sentle ka botlalo’ mo monneng yo o neng a boifa Modimo yo o neng a ise a kolobediwe go nna Mokeresete. (Ditiro 18:25, 26) Jaaka Febe, ga go na pelaelo gore le Perisila e ne e le modiredi yo o nang le matswela—jaaka go ne go ntse ka basadi ba le bantsi.

Seabe se se Tlotlegang

A bodiredi jwa phatlalatsa e ne e le tiro ya maemo a a kwa tlase, tiro e e seng botlhokwa e e neng e tshwanetse go fiwa basadi fa banna bone ba ne ba dira tiro e e botlhokwa ya go okamela phuthego? Le e seng, mme seo e le ka ntlha ya mabaka a le mabedi. Sa ntlha, Baebele e bontsha sentle gore Bakeresete botlhe—go akaretsa le banna ba ba nang le maikarabelo a magolo mo phuthegong—ba ne ba tshwanetse go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa. (Luke 9:1, 2) Sa bobedi, bodiredi jwa phatlalatsa e ne e le e bile e sa ntse e le tsela ya konokono e ka yone Bakeresete ba bong ka bobedi ba diragatsang taelo ya ga Jesu ya go ‘dira batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, le go ba ruta.’—Mathaio 28:19, 20.

Go na le seabe se sengwe se se botlhokwa se basadi bangwe ba nang le sone mo phuthegong. Paulo o ne a kwala jaana: “A basadi ba ba tsofetseng [e] nne . . . ba ba rutang se se molemo; gore ba tsibose makgarebe go rata banna ba bone, go rata bana ba bone.” (Tito 2:3, 4) Ka jalo, basadi ba ba godileng ba Bakeresete ba ba nang le maitemogelo mo botshelong, ba na le tshiamelo ya go thusa basadi ba basha le ba ba se nang maitemogelo go le kalo gore ba gole. Seo le sone ke seabe se se tlotlegang sa maikarabelo a magolo.

Go Ruta mo Phuthegong

Le fa go ntse jalo, ga go na gope mo Baebeleng mo basadi ba bolelelwang gone gore ba eme fa pele ga phuthego ba rute. Go na le moo, moaposetoloi Paulo o ne a ba laela gore ba “didimale mo phuthegong.” Ka ntlha yang? O ne a re lebaka le lengwe ke gore dilo di dirwe “sentle le ka thulaganyo.” (1 Bakorintha 14:34, 40, Baebele e e Boitshepo) Gore dilo di tsamaye sentle mo phuthegong, Modimo o abetse setlhopha se le sengwe tiro ya go ruta. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore motho ga a newe tshiamelo ya go okamela mo phuthegong fela ka go bo e le monna; e fiwa fela banna ba ba tshwanelegang tota. *1 Timotheo 3:1-7; Tito 1:5-9.

A seabe se Modimo a se fileng basadi se a nyatsega? Nnyaa. Gakologelwa, Jehofa Modimo o ba tlhophela go dira tiro e e botlhokwa thata—ya go neela bosupi phatlalatsa ka ene. (Pesalema 68:11) Gompieno gareng ga Basupi ba ga Jehofa, banna le basadi ba e leng badiredi ba phatlalatsa ba ile ba thusa batho ba le dimilione go ikwatlhaya le go bona poloko. (Ditiro 2:21; 2 Petere 3:9) Seo ga se kgetsi e potlana!

Thulaganyo ya banna le basadi e rotloetsa kagiso mme ka nako e e tshwanang e dira gore batho ba bong ka bobedi ba tlotliwe. Ka sekai: Matlho le ditsebe di dirisana mmogo go thusa motho yo o tsamayang ka maoto go kgabaganya mo mmileng o o tlhanaselang. Ka tsela e e tshwanang, fa banna le basadi ba diragatsa go rata ga Modimo go ya ka seabe se mongwe le mongwe wa bone a se abetsweng, Modimo o segofatsa phuthego gore e nne le kagiso.—1 Bakorintha 14:33; Bafilipi 4:9. *

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 13 Ela tlhoko gape gore, taolo e monna a nang le yone mo phuthegong e lekanyeditswe. O kafa tlase ga ga Keresete mme o tshwanetse go dira dilo go ya ka melaometheo ya Baebele. (1 Bakorintha 11:3) Batho ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong ba tshwanetse gape gore ba ‘ikobelane,’ ba bontshe boikokobetso le moya wa go dirisana mmogo.—Baefeso 5:21.

^ ser. 15 Fa basadi ba Bakeresete ba tlotla seabe se Modimo a se fileng banna mo phuthegong, gape ba tlhomela le baengele kwa legodimong sekao.—1 Bakorintha 11:10.

A O KILE WA IPOTSA GORE. . .

● Basadi mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ruta jang?—Ditiro 18:26.

● Ke bomang ba ba tlhomilweng go okamela mo phuthegong?—1 Timotheo 3:1, 2.

● Modimo o leba jang bodiredi jwa basadi ba Bakeresete gompieno?—Pesalema 68:11.

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

“Jehofa ka boene o ntsha lefoko; basadi ba ba bolelang dikgang tse di molemo ke lesomo le legolo.”—PESALEMA 68:11