Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kopana le “Monna wa Sekgwa” wa Kwa Indonesia

Kopana le “Monna wa Sekgwa” wa Kwa Indonesia

Kopana le “Monna wa Sekgwa” wa Kwa Indonesia

RE NE re lebilwe ke sebopiwa se segolo se se neng se itshwareletse ka kala e e neng e bonala e kete e bokoa thata go ka tshegetsa mmele wa sone o mogolo. Le rona re ne ra se leba re gakgametse. Go ne go bonala se sa kgathale mme rona re ne re gamaregile. Re ne re eme foo, re lebane le orangutan, phologolo e kgolo go gaisa tsotlhe tse di nnang mo ditlhareng!

Di-orangutan ke mofuta wa ditshwene tse dikgolo, tse di jaaka dikorila le di-chimpanzee. Diphologolo tse di bonolo tseno, tse di ratang go nna di le nosi di nna kwa dikgweng tse di kitlaneng tsa kwa Borneo le Sumatra, tse e leng dingwe tsa ditlhaketlhake tse dikgolo tsa kwa Borwabotlhaba jwa Asia. Leina la tsone le dirilwe ka mafoko a mabedi a Se-Indonesia e leng orang le hutan, a a kayang “monna wa sekgwa.”

A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka ditshwene tseno tse di kgatlhang tse dikgolo tse dikhibudu? Fa e le gore go ntse jalo, tsamaya le rona fa re ntse re tsamaela kwa teng ga Borneo go ya go bona mo di nnang teng.

Go Kopana le Di-orangutan

Gore re tle re bone di-orangutan re ne ra ya kwa Tanjung Puting National Park, e go nnang diphologolo di le dintsi gone. Diketekete tsa di-orangutan tse di nnang fano ke tsone tse di ngokang batho thata.

Loeto lwa rona lo ne lwa simologa kwa boemakepeng jo bonnye jwa Kumai, kwa re neng ra palama mokoro wa logong teng o o bidiwang klotok o o tsamaisiwang ka enjene. Fa re ntse re tlhatloga le noka, re ne ra tsenelela kwa teng ga sekgwa se se kitlaneng thata. Sekgwa se se kitlaneng sa ditlhare tsa mokolane tsa nipa se ne se bapile le lotshitshi lwa noka mme dikwena tse di kotsi di ne di iphitlhile mo metsing a mantsho a a didimetseng. Go ne ga utlwala medumo e e sa tlwaelegang mo sekgweng mme e ne ya tsosa kgatlhego ya rona.

Fa re sena go fologa mo mokorong, re ne ra imota ka setlolo se se kobang ditshenekegi mme ra itlhaganelela mo sekgweng. Mo metsotsong e se kae fela, re ne ra bona orangutan ya ntlha—e tonanyana e kgolo e e umakilweng kwa godimo. Boboa jwa yone jo bohibidu bo ne bo phatsima jaaka kopore e e phatsimisitsweng mo letsatsing. Kafa tlase ga boboa jwa yone, e na le mesifa e megolo e e dirang gore e kgatlhe tota!

Di-orangutan tse di tonanyana tse di godileng tsa kwa sekgweng, di boleele jwa dimetara di le 1,7 mme di boima jwa dikilogerama tse di ka nnang 90, e leng boima jo bo lekanang le jwa tse di namagadi gabedi. Tse di tonanyana tse di godileng sentle di na le bokimanyana mo marameng, jo bo dirang gore difatlhego tsa tsone di nne le popego e kgolokwe. Mme gape di na le kgetsana e e lepelelang mo mometsong, e di e dirisetsang go kurutla. Ka dinako tse dingwe di dira modumo o mogolo o o latelanang, o o ka tsayang metsotso e le metlhano mme wa utlwala bokgakala jwa dikilometara di le pedi. Ga go gakgamatse go bo go twe ke “mokgosi o moleele”! Gantsi tse di tonanyana di kurutla go ngoka tse di namagadi tse di ka di kgatlhegelang, le go tshosa tse dingwe tse di tonanyana tse di gaisanang le tsone.

Banni ba Ditlhare

Fa re ntse re tsamaya mo tselaneng ya rona, re ne ra bona di-orangutan di akgega di ralala ditlhare. Maoto le diatla tsa tsone di nonofile, di a temeka e bile di tshwana le dihuku mme di na le menwana e meleele, bokgonojwe ba ba khutshwane le menwana ya maoto e megolo. Di tshwara dikala motlhofo mme di bo di ronoka mme go bonala le ka motlha di se ke di itlhaganela.

Di-orangutan ke ditswerere mo go iphitlheng, di nyelela e kete ke meriti mo gare ga ditlhare. Fa di le fa fatshe di tsamaya ka bonya; batho ba ka kgona go tsamaya ka bonako go di feta.

Diphologolo tseno di nna mo e ka nnang botshelo jwa tsone jotlhe mo ditlhareng mme ke tsone fela ditshwene tse dikgolo tse di dirang jalo. Gantsi fa go le maitseboa, fa letsatsi le phirima, di tlhopha dikala tse di nonofileng tsa ditlhare tse di maphata a mabedi, di phutha dikalana mme di bo di aga bolao jo bo monate jo bosha—jo bo ka nnang bogodimo jwa dimetara di le 20 go tloga fa fatshe. Gore di itshireletse mo puleng, ka dinako tse dingwe di dira le “borulelo,” e leng sengwe se di-chimpanzee le dikorila di se keng di se dira le ka motlha. Tiro eno yotlhe di e dira mo metsotsong e e ka nnang metlhano fela!

Ditlhare di thusa di-orangutan gape ka dijo tsa tsone tse di di ratang—maungo. Di na le bokgoni jo bogolo jwa go gakologelwa dilo mme di itse sentle gore di ka bona maungo a a boduleng leng le gone kae. Mme gape di ja le matlhare, dikutu, matlhogela, tswina ya dinotshe le ditshenekegi. Ka dinako tse dingwe di-orangutan di dirisa thupana go ntsha tswina kgotsa ditshenekegi mo dikhuting tsa ditlhare. Di-orangutan di ja mefuta e e fetang 400 ya dijo!

Kwa pelenyana mo tselaneng ya rona, re ne ra bona selo se sengwe se se gakgamatsang—di-orangutan di ja mokoa wa dipanana. Diphologolo tseno di ne di godisitswe ke batho mme tsa gololwa gore di ye kwa sekgweng. E re ka di se na bokgoni jwa go itlamela jo di-orangutan tsa kwa sekgweng di nang le jone, di fiwa dijo tse dingwe mo godimo ga tse di kgonang go di ipatlela.

Botshelo Jwa Lelapa Jwa Di-orangutan

Re ne ra lebelela fa maseanyana a mantle a di-orangutan a ntse a ngaparetse bommaaone mme tse di potlana tsone di ntse di tlolatlola fa fatshe kgotsa mo ditlhareng. Di-orangutan tse di namagadi di tshela dingwaga tse di ka nnang 45. Fa di sena go gola go fitlha dingwaga di le 15 kgotsa 16, di tsala gangwe mo dingwageng dingwe le dingwe di le supa kgotsa di le robedi. Orangutan e namagadi e e tlwaelegileng ga e nne le masea a a fetang a le mararo mo botshelong jwa yone. Seno se dira gore di-orangutan e nne dingwe tsa diamusi tse di tsalang ka bonya thata mo polaneteng ya rona.

Kamano e e fa gare ga mmè le leseanyana la gagwe le le sa tswang go tsalwa e nonofile ka tsela e e gakgamatsang. Di-orangutan tse di namagadi di amusa le go thapisa bana ba tsone go fitlha ba nna dingwaga di le robedi kgotsa go feta. Mo ngwageng wa lone wa ntlha, lesea le nna le ngaparetse mmaalone. Morago ga foo, le ka motlha le ka se ka la tsamaela kgakala le mmaalone go fitlha go tsalwa lesea le lengwe. Di-orangutan tse di namagadi tse di mo dingwageng tsa tsone tsa bolesome, di ka nna tsa nna le bommaatsone gore di lebelele kafa ba tlhokomelang lesea le lesha ka teng.

Le fa go ntse jalo, di-orangutan tsa basha tse di tonanyana, di kobiwa ke mmaatsone ka bonako fa go sena go tsalwa lesea le lesha. Go tswa foo, di tla ralala sekgwa di le nosi, di tsamaya sekgala sa disekwerekilometara di le 15 kgotsa go feta. Di rata go tila tse dingwe tse di tonanyana mme di ka kopana fela le tse di namagadi ka nako ya go gwela.

Gantsi tse di namagadi di nna mo karolong e nnye thata ya sekgwa botshelo jotlhe jwa tsone. Gangwe le gape di tla ja le tse dingwe tse di namagadi mo setlhareng se le sengwe, mme le ka nako eo, di ka tsalana go sekaenyana fela le tse dingwe kgotsa di sa tsalane gotlhelele le tsone. Botshelo jwa tsone jwa go nna di le nosi bo dira gore di-orangutan di tlhomologe gareng ga ditshwene. Mme gore re ithute mo go oketsegileng ka “monna wa sekgwa,” go ne go na le lefelo le lengwe gape le re neng re tshwanetse go ya kwa go lone.

Ditshwene Tse di Tlogang di Nyelela

Mo teng ga serapa seno sa diphologolo go na le Camp Leakey—setheo se se tlhokomelang di-orangutan, se go dirwang dipatlisiso mo go sone le se di sirelediwang mo go sone se se reeletsweng ka moitsethutomotho e bong Louis Leakey. Fano, di-orangutan ga di ke di nna kgakala. Dingwe tsa tsone di ne tsa re atamela mme tsa ema fa pele ga rona kgotsa tsa dira mathaithai a tsone a gymnastic. Orangutan nngwe e e godileng e namagadi e ile ya bo ya phamola baki ya tsala ya me! Re ne re itumetse tota go nna gaufi jaana le diphologolo tse dintle tseno.

Le fa go ntse jalo, Camp Leakey e neela tlhagiso e e dirang gore motho a akanye. Di-orangutan di nyelela ka bonya. Baithutatikologo bangwe ba dumela gore di ka se tswelele di tshela kwa sekgweng—mo dingwageng di le lesome kgotsa tse di kwa tlase ga foo. Akanya ka matshosetsi ano a mararo.

Go rengwa ga ditlhare. Mo e ka nnang diperesente di le 80 tsa dikgwa tse di siametseng gore di-orangutan di nne mo go tsone, di ile tsa rengwa mo dingwageng di le 20 tse di fetileng. Indonesia e latlhegelwa ke sekgwa sa disekwerekilometara di le 51 ka letsatsi, selekanyo sa mabala a kgwele ya dinao a le matlhano motsotso mongwe le mongwe.

Go tsoma go go seng kafa molaong. Fa batho ba ntse ba tsena mo sekgweng, di-orangutan di nna mo kotsing e kgolo ya go tlhaselwa ke batsomi. Logata lwa orangutan lo ja madi a a kana ka diranta di le 530 fa lo rekisiwa ka tsela e e seng kafa molaong e le segopodiso. Bangwe ba tsaya gore di-orangutan di senya dijalo. Ba bangwe ba di bolaela go di ja.

Kgwebo ya diruiwa tsa mo gae. Mo kgwebong e e seng kafa molaong, leseanyana le lentle la orangutan le rekisiwa ka tlhwatlhwa e e tlogang go diranta di le masome a se kae go ya go diranta di le diketekete. Go fopholediwa gore go rekisiwa masea a di-orangutan a a ka nnang sekete ka ngwaga.

Ditheo tsa puso le tse e seng tsa puso di leka go sireletsa di-orangutan gore di se ka tsa nyelela. Maiteko a tsone a akaretsa go tlhoma ditheo tsa go di tlhokomela, go dira gore batho ba itse ka tsone ka dithulaganyo tsa thuto, go dira dirapa tsa diphologolo le go laola mokgwa wa go rema ditlhare o o seng kafa molaong.

Baebele e bontsha gore go ise go ye kae Modimo o tla “senya ba ba senyang lefatshe” mme a bo a dira gore lefatshe lotlhe le nne paradaise. (Tshenolo 11:18; Isaia 11:4-9; Mathaio 6:10) Ka nako eo, mafoko ano a ga mopesalema a tla bo a diragaditswe: “A ditlhare tsotlhe tsa sekgwa di ponyege ka boipelo.” (Pesalema 96:12) Diphologolo—tse di jaaka di-orangutan, “monna wa sekgwa” wa kwa Indonesia—di tla nna dintsi, di sa kgorelediwe ke batho.

[Mmapa mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

MALAYSIA

Borneo

INDONESIA

Sumatra

AUSTRALIA

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Sefatlhego sa “orangutan” e tonanyana e e godileng se na le bokimanyana jo bo e tlhaolang

[Motswedi wa Setshwantsho]

© imagebroker/Alamy

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Di-“orangutan” di feta motlhofo mo ditlhareng mme di bonya thata fa di tsamaya fa fatshe

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Top: © moodboard/Alamy; bottom: Orangutan in the Camp Leakey of Tanjung Puting National Park, managed by BTNTP, UPT Ditjen PHKA Dephut

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]

Orangutan in the Camp Leakey of Tanjung Puting National Park, managed by BTNTP, UPT Ditjen PHKA Dephut

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]

Orangutan in the Camp Leakey of Tanjung Puting National Park, managed by BTNTP, UPT Ditjen PHKA Dephut