Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Letlole la Dithuto Tse di Mosola”

“Letlole la Dithuto Tse di Mosola”

“Letlole la Dithuto Tse di Mosola”

● Banyalani bangwe ba kwa New Hampshire, kwa U.S.A., ba ne ba kwala jaana: “Re batla go tlhalosa kafa re anaanelang thata ka teng ditlhogo tse dintsi tse lo di kwalelang rona ba re godisang bana. Re na le mosetsanyana wa dingwaga di le nnè yo leina la gagwe e leng Sophia mme re ikutlwa e kete re neelwa ditaelo tse di re thusang go gatelela dithuto tsa botlhokwa mo mogopolong le mo pelong ya gagwe mo dingwageng tseno tsa fa a sa ntse a gola.”

Lekwalo la bone le tswelela jaana: “Buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo ke letlole la dithuto tse di mosola mo mosetsanyaneng wa rona le mo go rona. Ditshwantsho tse di leng mo kgaolong ya bofelo ke tse dintle tota tsa Paradaise tse re kileng ra di bona! Mosetsanyana wa rona o nna a di leba gangwe le gape mme seno se mo thusa go ithuta ka ditsholofetso tsa Baebele.”

Kgaolo ya bofelo ya buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo e e nang le setlhogo se se reng “O ka Kgona go Tshela mo Lefatsheng le Lesha la Modimo la Kagiso,” e tlhalosa ditsholofetso tsa Modimo ka tsela e e kgatlhang jaaka di tlhalosiwa mo Lefokong la gagwe e leng Baebele.

O ka kopa gore o romelelwe khopi ya buka eno ya ditsebe di le 256, e e lekanang le makasine ono. Tsweetswee tlatsa setlankana se se fa tlase fano mme o bo o se romela kwa atereseng e e mo go sone kgotsa kwa atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya buka e e bontshitsweng fano.

Bontsha gore ka puo efe.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Setshwantsho seno se mo tsebeng ya 254 ya buka eno