Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Ke Eng se se Tlhaelang mo Setshwantshong Seno?

Bala Mareko 1:9-11. Jaanong leba setshwantsho. Ke dilo dife tse di tlhaelang? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e kafa tlase mme o bo o feleletsa setshwantsho ka go tsenya mebala le ka go torowa dilo tse di tlhaelang.

1. ․․․․․

2. ․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Mabaka mangwe a a dirang gore Bakeresete ba kolobediwe ke afe?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Mareko 8:34; 1 Petere 2:21; 3:21.

O akanya gore o tshwanetse go nna le dingwaga tse kae pele ga o kolobediwa? Ke eng fa o araba jalo?

O ITSE ENG KA MOAPOSETOLOI JUDASE ISEKARIOTA?

3. Judase o ne a na le tshiamelo efe e e kgethegileng e go sa tlhalosiweng fa ope wa baaposetoloi ba bangwe a ne a na le yone?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Johane 13:29.

․․․․․

4. Judase o ne a ineela mo thaelong efe?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Johane 12:6.

․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

O akanya gore ke eng se se neng sa dira gore Judase a dire bokebekwa jwa gagwe? Ke leng mo o ka nnang wa lebana le thaelo e e tshwanang? Go akanya ka sekao sa ga Judase go ka go thusa jang gore o dire ditshwetso tse di siameng?

BANA BATLANG DITSHWANTSHO TSENO

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO

Araba dipotso tseno o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

TSEBE 4 Letsatsi lengwe le lengwe le lekanwe ke eng? Mathaio 6:․․․

TSEBE 9 Rraarona yo o kwa legodimong o solofetsa gore ruri a ka se ka a dira eng ka gope? Bahebera 13:․․․

TSEBE 10 Boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong e ne e le gore monna a dire eng? Mareko 10:․․․

TSEBE 29 Basadi ba ba godileng ba ka thusa basadi ba basha go dira eng? Tito 2:․․․

● Dikarabo di mo tsebeng ya 17

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31

1. Johane Mokolobetsi.

2. Leeba.

3. O ne a tlhokometse letlole la madi.

4. O ne a batla madi mme o ne a a utswa.