Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Se Tshwenyegeleng Letsatsi la ka Moso”

“Se Tshwenyegeleng Letsatsi la ka Moso”

“Se Tshwenyegeleng Letsatsi la ka Moso”

Renée o ne a sa tlhole a kgona go itshoka. Monna wa gagwe e bong Matthew o ne a se na tiro e e tlhomameng ka dingwaga tse di fetang di le tharo. Renée o gakologelwa jaana: “Ke ne ke tuka mo teng. E re ka ke ne ke sa itse gore ke lebelele eng, go ne go nkgoba marapo tota!” Matthew o ne a leka go ritibatsa mosadi wa gagwe ka go mo tlhalosetsa gore ka metlha ba na le dilo tse ba di tlhokang. Renée o ne a araba ka gore: “Mme ga o ise o bone tiro! Re tlhoka lotseno!”

GA GO na pelaelo gore go latlhegelwa ke tiro go baka tlhobaelo. Motho yo o sa berekeng o ipotsa gore, ‘Ke tla nna lobaka lo lo kana kang ke se na tiro?’ ‘Fa ke ntse ke letile go bona tiro, nka tlamela jang ba lelapa la me?’

Le fa gone go tlhobaela jalo go tlwaelegile, Jesu Keresete o ne a re neela kgakololo e e tekatekano e e ka fokotsang go tlhobaela. O ne a re: “Se tshwenyegeleng letsatsi la ka moso . . . Letsatsi lengwe le lengwe le na le mathata a lone.”—Mathaio 6:34, Baebele ya Tswana Central.

Lemoga Dilo Tse di go Boifisang

Jesu o ne a sa bolele gore re tshwanetse go dira e kete ga re na mathata. Le fa go ntse jalo, go tshwenyega ka se se ka nnang sa direga ka moso go oketsa fela mokgweleo wa kutlobotlhoko ya gompieno. Boammaaruri ke gore, ga go na sepe se re ka se dirang malebana le gore go tla direga eng ka moso, se ka tswa se siame kgotsa se sa siama. Mme re ka kgona go tsaya dikgato tsa go lepalepana le se se diregang gone jaanong.

A go dira jalo go tla nna motlhofo? Legoka! Rebekah, yo monna wa gagwe a ileng a latlhegelwa ke tiro e a neng a e dira ka dingwaga di le 12 a re: “Fa o utlwile botlhoko thata, go thata gore o akanye sentle. Mme re ne ra tshwanelwa ke go dira jalo. Ka jalo, ke ne ka leka go itshwara. Fa dilo tse di neng di mpoifisa thata di ne di sa direge, ke ne ka lemoga gore ga go thuse go tshwenyega. Ka go tlhoma mogopolo mo dilong tse di diregang gone jaanong le mathata a gone, re ile ra tlosa mefuta yotlhe ya go ngomoga pelo.”

Ipotse jaana: ‘Ke eng se ke se boifang thata? Go na le kgonego e kana kang ya gore se ke se boifang se tla direga? Ke dirisa maatla a le kana kang ke tshwenyega ka se se ka nnang sa direga kgotsa se se ka nnang sa se ka sa direga?’

Go Ithuta go Kgotsofala

Tsela e re lebang dilo ka yone e ka ama maikutlo a rona. Ka jalo, Baebele e re kgothaletsa go nna le boikutlo jono jwa mogopolo: “E re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.” (1 Timotheo 6:8) Go kgotsofala go raya go fokotsa dilo tse re di batlang mme re kgotsofale fa re kgonne go bona dilo tse re di tlhokang letsatsi le letsatsi. Go leka go kgotsofatsa keletso ya go batla dilo tse di oketsegileng go tla senya fela maiteko a gago a go tlhofofatsa dilo.—Mareko 4:19.

Renée o ne a kgona go ithuta go nna le moya wa go kgotsofala fa a sena go leba seemo sa gagwe ka tekatekano. A re: “Ga go ise go ke go direge gore re bo re se na motlakase kgotsa lookwane e bile ga re ise re ko re tlhoke mo re nnang teng. Bothata jwa mmatota e ne e le gore go tshela ka tsela eno e ne e se tsela e re e tlwaetseng mme keletso ya me e e seng tekatekano ya go batla go tswelela re tshela ka tsela ya rona ya pele e ne ya oketsa tlalelo ya me.”

Renée o ne a lemoga ka bonako gore tsela e a neng a leba dilo ka yone—e seng maemo a gagwe—ke yone e e neng e dira gore dilo di bonale di le boima. A re: “Ke ne ka tshwanelwa ke go amogela seemo sa rona mme ke sa akanye thata ka tsela e ke batlang gore dilo di nne ka yone. Fa ke simolola go kgotsofalela se Modimo a re se nayang letsatsi le letsatsi, ke ne ka nna le boitumelo jo bo oketsegileng.”

Ipotse jaana: ‘A ke bone dilo tse ke di tlhokang gompieno? Fa e le gore go ntse jalo, a nka kgona go akanya ka gompieno fela mme ke sa tshwenyege ka letsatsi la ka moso, ke tlhomamisegile gore ke tla nna le dilo tse ke di tlhokang ka moso?’

Go nna le boikutlo jo bo siameng ke kgato ya ntlha ya go lebana le kgwetlho ya go tshela ka go le gonnye. * Mme ke dikgato dife tse di mosola tse o ka di tsayang fa e le gore lotseno lwa gago lo ile lwa fokotsega ka ntlha ya go sa bereke?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go bona tiro le go nna o ntse o na le yone, bona Tsogang! ya July 8, 2005, tsebe 3-11.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

Boitshoko bo a Thusa!

Morago ga dibeke di le dintsi tsa go batla tiro, Fred o ne a ikutlwa gore o tswalegetswe ke ditshono tsotlhe. A re: “Go ne go ntse jaaka go leta mongwe mo lefelong le go emelwang bese mo go lone gore a tle go go tsaya mme go bo go sa tle ope.” Fred o ne a swetsa ka gore a laole selo se le sengwe se a ka kgonang go se laola—dikgato tse a ka di tsayang. O ne a romela lekwalo la go batla tiro kwa khampaning nngwe le nngwe fela le e go neng go bonala e sa tlhoke bokgoni jwa gagwe gotlhelele. O ne a latedisa dikarabo tsotlhe tse a neng a di amogela mme a bo a ipaakanyetsa sentle lekgetlo lengwe le lengwe la fa a ya go botsolodiwa malebana le tiro, a tlhatswegile pelo gore “dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo.” (Diane 21:5) Fred a re: “Mo khampaning nngwe, ke ne ka nna teng mo dipotsolotsong di le pedi tse mo go tsone ke neng ka tlhomiwa dipotso di le dintsi ke bomanejara ba maemo a a kwa godimo.” Mme boitshoko jwa ga Fred bo ne jwa mo thusa. A re: “Ke ne ka hiriwa!”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Sengwe se se Botlhokwa go Feta Lotseno

Ke eng se se leng botlhokwa thata—boitsholo jwa gago kgotsa lotseno lwa gago? Akanya ka diane tse pedi tsa Baebele.

“Go botoka mohumanegi yo o tsamayang mo bothokgaming jwa gagwe go na le ope yo sokameng mo ditseleng tsa gagwe, le fa a humile.”—Diane 28:6.

“Go botoka dijo tsa merogo kwa go nang le lorato teng go na le poo e e fepetsweng mo bojelong jwa diruiwa mme go na le letlhoo.”Diane 15:17.

Ga go na pelaelo gore mekgwa ya motho e e siameng ga e fedisiwe ke go tlhoka lotseno. Ka jalo, fa monna wa ga Renée a ne a latlhegelwa ke tiro, Renée o ne a raya bana ba gagwe a re: “Borre ba le bantsi ba ile ba tlogela malapa a bone. Mme rraalona ene o sa ntse a na le lona. Lo a itse gore o lo rata thata jang le gore o ile a lo thusa ka mathata a lona otlhe. Ga go na rre yo o botoka go feta ene!”