Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Sefofi Se se Di Gaisang Tsotlhe mo Lefatsheng”

“Sefofi Se se Di Gaisang Tsotlhe mo Lefatsheng”

“Sefofi Se se Di Gaisang Tsotlhe mo Lefatsheng”

NONYANE ya albatross e ile ya tlhalosiwa e le “sefofi se se di gaisang tsotlhe mo Lefatsheng,” mme e le ka ntlha ya mabaka a a utlwalang. Nonyane eno e kgolo go gaisa dinonyane tsotlhe tsa lewatle, e diphuka tsa yone di leng boleele jwa dimetara di le tharo, e ka kgona go fofa ka lobelo lo lo fetang dikilometara di le 115 ka ura. Dinonyane tsa albatross di ka nna tsa lebega di le matlepetlepe fa di le fa fatshe, mme fa di le mo loaping di jesa kgakge fa o di lebeletse.

Mo mefuteng e e ka nnang 20 e e itsiweng ya dinonyane tsa albatross, mefuta e e ka nnang 15 ya tsone e ka fitlhelwa mo lewatleng le le dikologileng New Zealand. Lefelo le le lengwe le dinonyane tsa albatross di beelang mae mo go lone kwa Hemisefereng ya Borwa ke Taiaroa Head, e e kwa ntlheng e e kwa godimo ya Pheninsula ya Otago, mo Setlhaketlhakeng se se kwa Borwa jwa New Zealand.

Ke koo nonyane ya northern royal albatross e simololang go beela mae teng, fa e le dingwaga tse di fa gare ga tse thataro le tse di lesome. E beela mae botshelo jwa yone jotlhe, e leng nako e telele. Dingwe tsa dinonyane tseno di itsege di tshela dingwaga di le 50 kgotsa go feta! Nonyane ya albatross e beela lee le le lengwe mo ngwageng mongwe le mongwe wa bobedi mme e bo e dirisa nako ya fa e sa beele mae e le kwa lewatleng. Ka tlwaelo, nonyane eno e nna le molekane a le mongwe botshelo jotlhe.

Dinonyane tsa albatross tse di tonanyana le tse di namagadi ka bobedi di nna le seabe mo go ageng sentlhaga mme tiro eo e simologa ka September. Morago ga foo, ka November, e namagadi e beela lee le le ka nnang boima jwa digerama di le 500. Mo e ka nnang ka malatsi a le 80, batsadi ba refosana go elama lee leno go fitlha le thuthuga mo masimologong a February. Go tswa foo, batsadi ba refosana go disa le go fepa tsuanyane, e dijo tsa yone e leng motswako wa tlhapi le squid tse di tšhotlhilweng. Fa tsuanyane e le dikgwedi di le thataro, e ka nna boima jwa dikilogerama di le 12—boima jo bo fetang jwa albatross e e godileng!

Mo e ka nnang morago ga ngwaga, batsadi ba tloga kwa Taiaroa Head go ya go nna ngwaga kwa lewatleng pele ga ba boa gape ba ya go boeletsa thulaganyo ya go beela mae. Mo nakong eno, ngwana wa bone, yo o fokotsegileng boima jwa mmele e bile a tlhogile mafofa mo mmeleng otlhe o ithutile ka go lekeletsa go phutholola diphuka tsa gagwe a bo a fofa. A ya kae? Kwa lewatleng, kwa albatross eno e nnye e tla nnang teng dingwaga di le mmalwa tse di latelang. Fa e setse e le mo dingwageng tsa bolesome, albatross e tla boela kwa Taiaroa Head. Fa e le koo, fa tse dingwe tse dikgolo di tshwaregile ka go aga dintlhaga le ka go beela mae, albatross eno ya mosha e tla tsamaisa nako e baakanya diphuka tsa yone, e tlolatlola le go bontsha kafa e nang le bokgoni jwa go fofa ka teng.

[Lebokoso mo go tsebe 25]

GO ETELA SETLHOPHA SA DINONYANE TSA ROYAL ALBATROSS

Fa e sa le ke le ngwana, ke ne ke kgatlhiwa ke dikgang tse di ka ga dinonyane tsa albatross, ka jalo ke ne ke lebeletse pele thata go etela setlhopha sa dinonyane tsa royal albatross. Go ne go na le phefo fa nna le tsala ya me re ne re atamela, re ne ra lebelela kwa loaping go bona di-albatross tse di fofang. Ga re a ka ra swabisiwa. Fa re simolola go bona dinonyane tseno, re ne ra tshwarwa ke kgakge go bona kafa e leng ditswerere ka teng mo go fofeng!

Fa re goroga, re ne ra kopana le setlhopha sa baeti ba bangwe, ba le bone ba neng ba letile go tsaya loeto lo lo tsayang ura, lo re tla tsamaisiwang ke mokaedi mo go lone. Ka thuso ya dikaelo, ditshwantsho le dibidio, re ne ra ithuta gore nonyane ya royal albatross e kgona go tshela botshelo jwa yone jotlhe kwa lewatleng, tota le e leng go robala mo metsing! E ka tswa e le mo metsing kgotsa e le mo lefaufaung, nonyane e e kgatlhang eno e gakgamatsa tota—e leng lebaka le lengwe la gore re bake ene yo o ‘bopileng dilo tsotlhe,’ e bong Jehofa Modimo!—Tshenolo 4:11.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Batsadi ka bobedi ba refosana go disa le go fepa tsuanyane, e fa e le dikgwedi di le thataro e ka nnang boima jwa dikilogerama di le 12

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Taiaroa Head, legae la dinonyane tsa “northern royal albatross”

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Nonyane ya “northern royal albatross” e kgona go tshela botshelo jotlhe jwa yone kwa lewatleng—tota le e leng go robala mo metsing

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Top: © David Wall/Alamy; bottom: © Kim Westerskov/Alamy

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Background: © davidwallphoto.com; page 24, top: Tui De Roy/Roving Tortoise Photos; page 24, bottom: Courtesy Diarmuid Toman; page 25, albatross in flight: © Naturfoto-Online/Wolfgang Bittmann