Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bodutu—Go Lemoga Se se Bo Bakang

Bodutu—Go Lemoga Se se Bo Bakang

Bodutu—Go Lemoga Se se Bo Bakang

GO JEWA ke bodutu ga go tshwane le go nna o le nosi. Go na le moo, go ya ka dikishinare nngwe, bodutu “gantsi bo dira gore motho a itlhaole mme gone a eletsa go nna le mongwe.” Yone dikishinare eo e tlhalosa gore go nna o le nosi go ka kaya boemo jo mo go jone “motho a itlhophelang . . . go se itsalanye le batho ba bangwe.”

Ka jalo, mo maemong mangwe go nna o le nosi e ka nna selo se se molemo. Gantsi batho ba le bantsi ba batla go nna ba le nosi gore ba rapele kgotsa ba tlhatlhanye, jaaka Jesu Keresete a ile a dira. (Mathaio 14:13; Luke 4:42; 5:16; 6:12) Kafa letlhakoreng le lengwe, bodutu ke boikutlo jo bo utlwisang botlhoko. Ke eng se se ka bakang maikutlo a go jewa ke bodutu?

Go Ikutlwa o le Nosi mo Ditoropong Tse di Tletseng Batho

Mo ditoropong tse dikgolo batho ba le diketekete—tota le e leng ba le dimilione—ba agile gaufi thata le ba bangwe. Mme le fa go ntse jalo, go kgotlhagana gono ga batho go dira gore go jewa ke bodutu go aname. Botshelo jo bo tlhanaselang jwa kwa ditoropong bo ka thibela batho ba le bantsi gore ba itsane sentle le baagelani ba bone. Ka jalo, batho ba ba nnang mo ditoropong ba felela ba nna mo gare ga batho ba ba sa ba itseng. Boikutlo jo bo tlwaelegileng jwa go sa tshepe batho ba o sa ba itseng le go batla go itshireletsa, bo ka tswa bo na le seabe se segolo mo lebakeng la go bo batho ba jewa ke bodutu mo ditoropong tse dikgolo.

Go Tshwarwa Makgwakgwa ga Babereki

Tsela e bontsi jwa dikgwebo tse dikgolo le madirelo di tsamaisiwang ka yone e dirile gore babereki ba maemo a a farologaneng ba ikutlwe ba jewa ke bodutu e bile ba sa tshwanelege. Gantsi babereki ba nna le kgatelelo le go ngomoga pelo go go sa feleng.

Mo godimo ga moo, mo dikhampaning tse dikgolo, lebaka la go bo babereki ba nna ba fudusediwa go sele le dira gore ba ikutlwe ba sa babalesega, ba le nosi e bile ba jewa ke bodutu. Fa lokwalodikgang lwa International Herald Tribune lo akgela ka go ipolaya ga babereki ba le bantsi ba dikhampani tsa kwa Fora, lo ne lwa bolela gore babereki ba le bantsi ba Bafora ba ikutlwa ba “patelediwa go dira se se fetang se ba ka se kgonang ka ntlha ya go fetoga ga ikonomi.”

Puisano E go Se Nang Maikutlo

Kwa Japane, Porofesa Tetsuro Saito o ne a re: “Batho ga ba tlhole ba kgona go buisana ka namana le ka tsela e ba ka kgonang go bona kafa ba bangwe ba ikutlwang ka teng ka gonne go setse go dirisiwa difouno tsa selula le didirisiwa tse dingwe go buisana.” Kwa Australia, lokwalodikgang lwa The Sunday Telegraph lo ile lwa bega jaana: “Thekenoloji e . . . dira gore batho ba ikgogone mo go ba bangwe le go feta. Batho ba . . . romelelana di-e-mail kgotsa melaetsa ka founo go na le gore ba buisane.”

Fa Rachel wa dingwaga di le 21, yo o nnang kwa Fora a ne a tlhalosa lebaka la go bo a ikutlwa a jewa ke bodutu, o ne a re: “Ke lemogile gore batho ga ba tlhole ba dira maiteko a go go bona, ka gonne ba dumela gore go romela molaetsa ka founo, go romela di-e-mail le go buisana ka Internet go lekane. Mme seo se dira gore ke ikutlwe ke jewa ke bodutu le go feta.”

Go Fuduga

Mathata a ikonomi a pateleditse batho gore ba fuduge e le gore ba tswelele ba bereka kgotsa gore ba batle tiro. Go fuduga go dira gore batho ba kgaogane le baagelani ba bone, ditsala tsa bone, sekolo sa bone mme ka dinako tse dingwe le ba malapa a bone. Batho ba ba fudugang ka tsela e e ntseng jalo ba ikutlwa jaaka semela se se ileng sa jalwa mo lefelong le sele mme medi ya sone e tlogetswe kwa morago.

Francis o gakologelwa letsatsi le a gorogileng kwa Fora ka lone a tswa Ghana. O tlhalosa jaana: “Bothata jwa puo, go tlhoka ditsala le maemo a bosa a a tsididi, dilo tseno tsotlhe di ne tsa dira gore ke ikutlwe ke jewa ke bodutu.”

Fa Behjat a gakologelwa nako ya fa a goroga kwa Engelane e le motswakwa o tlhalosa jaana: “Go ne go le thata gore ke tlwaele setso sa lefelo leo. Go ne go na le batho ba ke ba tlwaetseng mme ke ne ke se na ditsala tsa mmatota kgotsa ba lelapa ba nka tlotlang dilo le bone le go tlhalosa kafa tota ke ikutlwang ka teng.”

Go Latlhegelwa ke Motho Yo o Mo Ratang

Loso lwa molekane wa lenyalo lo dira gore go nne le phatlha e kgolo mo botshelong jwa molekane yo o sa ntseng a tshela. Go ka nna jalo segolobogolo ka motho yo o ileng a oka molekane wa gagwe ka nako e telele. Gantsi o ikutlwa a sa itumela.

Fernande, motlholagadi yo o nnang kwa Paris o tlhalosa gore, “Selo se se thata le go feta mo go nna ke go sa tlhole ke kgona go bulela monna wa me yo e neng e le tsala ya me e kgolo mafatlha.” Anny o bolela gore o tlhologelelwa monna wa gagwe “segolobogolo fa a tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse di botlhokwa malebana le mathata a botsogo kgotsa dilo tse dingwe.”

Tlhalo, go Kgaogana, go Tlhoka Molekane o sa Rate

Tlhalo kgotsa go kgaogana gantsi go dira gore motho a ikutlwe a jewa ke bodutu kgotsa a paletswe. Gantsi bana ba amega thata, go feta ka tsela e pele go neng go akanngwa ka yone. Baitse bangwe ba dumela gore go ka direga thata gore bana ba batsadi ba ba tlhalaneng ba jewe ke bodutu fa e setse e le bagolo.

Batho ba ba seng mo lenyalong ka gonne ba sa kgone go bona molekane wa lenyalo yo o tshwanelang gantsi ba nna le dinako tse ba ikutlwang ba jewa ke bodutu ka tsone. Boikutlo jo bo ntseng jalo bo ka nna jwa oketsega fa ba bangwe ba bua mafoko a a supang go sa ba akanyetse a a jaaka: “A o ne o se kitla o itumela thata fa o ka bo o le mo lenyalong?”

Batsadi ba ba se nang balekane le bone ba jewa ke bodutu. Go nna motsadi ga go lere boitumelo fela mme gape go ka lere mathata mme batsadi ba ba se nang balekane bone ba tshwanetse go lebana le dilo tseno kwantle ga molekane.

Botsofe le go Tlhoka Maitemogelo ga Basha

Gantsi batho ba ba tsofetseng ba ikutlwa ba jewa ke bodutu, tota le fa e le gore ba malapa a bone ba ba tlhokometse. Ba losika kgotsa ditsala ba ka tswa ba kgona go ba etela gangwe le gape mme go tweng ka dinako tse dingwe—gongwe malatsi kgotsa dibeke tse dingwe fa go se na ope yo o ba etelang?

Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba basha le bone gantsi ba jewa ke bodutu. Ba le bantsi ba senya nako e ntsi ba itlosa bodutu ba le nosi—ba lebeletse thelebishene, ba tshameka metshameko ya bidio le go fetsa diura di le dintsi ba le nosi fa pele ga khomputara.

A go ka kgonega go bona tharabololo ya mokgwa ono o o ntseng o anama? Motho a ka lepalepana jang le boikutlo jwa go jewa ke bodutu?

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

“Bothata jwa puo, go tlhoka ditsala le maemo a bosa a a tsididi, dilo tseno tsotlhe di ne tsa dira gore ke ikutlwe ke jewa ke bodutu”