Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bodutu mo Lefatsheng la Mafaratlhatlha a Tlhaeletsano

Bodutu mo Lefatsheng la Mafaratlhatlha a Tlhaeletsano

Bodutu mo Lefatsheng la Mafaratlhatlha a Tlhaeletsano

GO LELEDIWA mogala mo founong ya selula, go romelelana melaetsa ka founo, di-e-mail, mafelo mangwe a go dira ditsala mo Internet le a go buisana le ba bangwe mo Internet—ga go ise go ke go nne le nako e ka yone ditsela tsa puisano di kileng tsa nna dintsi jaana e bile go le motlhofo go di dirisa. Le fa go ntse jalo, mo lefatsheng leno la mafaratlhatlha a tlhaeletsano, batho ba le bantsi—basha le bagolo—ba ikutlwa ba jewa ke bodutu thata. Ka ntlha yang?

Mo bukeng ya bone ya Loneliness—Human Nature and the Need for Social Connection, mmatlisisi John T. Cacioppo le William Patrick, ba bua thata ka kgang ya go jewa ke bodutu. Ba umaka patlisiso nngwe e e bolelang gore “go dirisiwa thata ga Internet go ka oketsa gore batho ba ikgogone mo go ba bangwe mmogo le go tshwenyega thata mo maikutlong fa e le gore go tla tsaya boemo jwa go kopana le batho ba bangwe ka namana.”

Botshelo jwa lepotlapotla jo bo rotloediwang ke setšhaba sa segompieno bo dira gore go nne thata gore batho ba bontshe ba bangwe gore ba amega ka bone. Monyenyo le lorato lo lo ka bonwang mo sefatlhegong sa motho gantsi ga di kgone go bontshiwa mo founong kgotsa mo molaetseng o o kwadilweng mo khomputareng.

Seno se ka nna boammaaruri kwa tirong mme segolobogolo le mo malokong a lelapa. Mo malapeng a le mantsi maloko a lelapa a tla gae, a bo a tsamaya gape kwantle ga gore ba je mmogo kgotsa ba tlotle. Bana ba dingwaga tsa bolesome ba na le dikhomputara tsa bone mme seno se dira gore ba itlhaole mo malokong a mangwe a lelapa. Se se gakgamatsang ke gore, le fa basha ba na le didirisiwa tsa tlhaeletsano tsa ileketeroniki, ba le bantsi ba bone ba jewa ke bodutu.

Mo metlheng eno, tota le batho ba ba nyalaneng ba ka nna mo kotsing ya go jewa ke bodutu. Go sa buisane ga balekane ba lenyalo go ka dira gore go nne le boemo jo mo go jone batho ba babedi ba tshelang mmogo mme ba tshela botshelo jo bo sa tshwaneng. Go ikutlwa o le nosi o ntse o na le molekane wa lenyalo ke nngwe ya dilo tse di ngomolang pelo thata tse di bakang bodutu.

Batsadi ba ba se nang balekane ke bone ba segolobogolo ba ka nnang ba tshwanelwa ke go itshokela boikutlo jwa go jewa ke bodutu. Gareng ga dilo tse dingwe, go dirisa mafaratlhatlha a tlhaeletsano go ka dira gore batsadi le bana ba se ka ba nna le kamano mme seo se ka oketsa maikutlo a go jewa ke bodutu. Gape, batho ba le bantsi ba ba seng mo lenyalong ba eletsa go nna le molekane wa lenyalo mme ga ba bone thuso ya dilo tse ba di tlhokang mo maikutlong.

Bodutu e setse e le bothata jo bo masisi mo bathong jo bo ka dirang gore go nne le mathata a a jaaka go nna lekgoba la bojalwa, go ja bobe, go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, boitsholo jo bo repileng jwa tlhakanelodikobo le e leng go ipolaya. Ka jalo, go botlhokwa go lemoga dilo tse di bakang go jewa ke bodutu. Go tsaya kgato eno ya ntlha go ka dira gore o atlege go fenya bothata jono.