Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bokgoni Jwa go Epa Jwa Razor Clam

Bokgoni Jwa go Epa Jwa Razor Clam

A bo Ne bo Tlhamilwe?

Bokgoni Jwa go Epa Jwa Razor Clam

● Le fa gone e lebega e se na nonofo e e kalo ya go ka epa mo mmung, razor clam e kgona go ikepela mo mmung o o omileng ka bonako mo e leng gore e ne ya bidiwa “koloi ya lobelo ya batho ba ba epang metsi kafa tlase ga lefatshe.” Babatlisisi ba ne ba kgatlhegile tota. Anette Hosoi, porofesa mongwe kwa Massachusetts Institute of Technology, o bolela jaana: “Re ne re itse gore di dira sengwe sa botswerere.” Sephiri sa razor clam ke eng?

Ela tlhoko: Razor clam e epa ka maoto a yone mo mmung ka bonako jo bo gakgamatsang, e dira gore go nne le khutinyana e e tlalang metsi le mmu. Go tswa foo, clam e isa mmele wa yone kwa godimo le kwa tlase fa e ntse e bula le go tswala kgapetla ya yone. Seno se dira gore go nne le motswako o o metsinyana o o dirang gore clam e kgone go epa motlhofo. Razor clam e kgona go epa boteng jo bo ka nnang disentimetara di le 70 ka lobelo lwa sentimetara e le nngwe ka motsotswana. Fa e setse e ikepetse, go thata go e ntsha. Tota e bile, fa o ela tlhoko maatla le nonofo e e tlhokegang gore clam e itshetlele, e gaisa ditshetledi tsa maemo a a kwa godimo tse di dirilweng ke batho go menagane ga lesome.

Babatlisisi ba tlhotlheleditswe ke razor clam go dira se ba se bitsang tshetledi ya maemo a a kwa godimo. Hosoi o bolela jaana: “E a bulega le go tswalega e bile e ya kwa godimo le kwa tlase fela jaaka clam ya mmatota.” Tshetledi e e ntseng jalo e e nonofileng, e e dirisang maatla a mannye, e ka kgona go dirisiwa mo didirisiweng tse di dirang dipatlisiso mo metsing, tse di kokobalang mo metsing di bo di ntsha oli le didirisiwa tse di epang le go senya dibomo tse di ka fa tlase ga mmu.

O akanya eng? A bokgoni jwa go epa jwa razor clam bo itiragaletse fela? Kgotsa a bo ne bo tlhamilwe?

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Mofuta ono o mosha wa tshetledi ya maemo a a kwa godimo, o etsa bokgoni jwa go epa jwa “razor clam”

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Razor clams: © Philippe Clement/​naturepl.com; “smart” anchor: Courtesy of Donna Coveney, Massachusetts Institute of Technology