Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Di-yurt—Matlo a a Fudusiwang a Kwa Asia Bogare

Di-yurt—Matlo a a Fudusiwang a Kwa Asia Bogare

Di-yurt—Matlo a a Fudusiwang a Kwa Asia Bogare

KE ENG se se boleta e bile se le kgolokwe, se se go thuthafatsang fa go le mariga mme se le tsiditsana fa go le selemo? Batho ba ba nnang kwa dikarolong tsa Asia Bogare, ba ba fudugang go tswa mo lefelong le lengwe go ya go le lengwe, ba ka araba ba re yurt! Go tswa mo mekgokoloseng ya Mongolia le Kazakhstan go ya kwa dithabeng le mekgatšha ya kwa Kyrgyzstan, matlo ano a setso a kile a bo a tlwaelegile.

Yurt ke moago o o kgolokwe, o o tshwanang le tente o o nang le mabota a a manegilweng ka dimmetshe tsa lotlhaka tse di kgabisitsweng. Dikarolo tsa one tse di ka fa ntle di dirilwe ka matsela a a dirilweng ka boboa jwa dinku. Di-yurt ga di bokete e bile di motlhofo go tlhongwa, le fa go ntse jalo, di nonofile e bile di siametse dipaka tse di mogote thata tsa selemo le tse di tsididi tsa mariga. Ba-Kirghiz ba bitsa yurt ba re ke ntlo e kwebu; Ba-Kazakhs ba e bitsa ntlo ya matsela; mme Ba-Mongolia ba e bitsa ger, mo go rayang “legae.”

Di-yurt di ka nna tsa nna bokwebu jo bo borokwa kgotsa tsa nna bosweu jo bo galolang go ikaegile ka mmala wa boboa jo bo dirisitsweng. Gantsi di-yurt tsa Ba-Kirghiz le Ba-Kazakh di kgabisiwa ka mekgabisa e e tlwaelegileng mo mafelong ao, e e dirilweng ka boboa jo bo fetoletsweng mo mebaleng e e galolang, e e nang le setshwantsho sa lonaka lwa phelehu. Mo nakong e e fetileng, dikobo tse dintle le matsela a a alwang mo bodilong, a ne a supa gore lelapa le humile e bile ke la maemo a a kwa godimo.

Karolo ya botlhokwa thata ya yurt ke mosako o o fa gare, kgotsa leotwana le ditlhomeso tsotlhe di kopanngwang mo go lone. Leotwana leno le le nonofileng e bile le le bokete, le dira gore moago o itshetlele. Letsela le le phaphaselang le le khurumetsang leotwana le kgona go busediwa kwa morago go dira gore phefo e kgone go tsena, kgotsa le kgona go tswalwa fa go na le maemo a bosa a a sa iketlang. Fa go le bosigo loapi lo apogile, maloko a malapa a kgona go bula matsela ano mme a bo a lebelela loapi lo lo tletseng dinaledi ka phatlha e e mo borulelong.

E Tshwanela Botshelo Jwa go Fuduga Thata

Go sa ntse go latelwa mokgwa wa go fuduga go tswa lefelong le lengwe go ya go le lengwe, mo dikarolong dingwe tsa metseselegae, kwa dinageng tse di jaaka Kazakhstan, Kyrgyzstan le Mongolia. Mo bukeng ya gagwe ya Yurts—Living in the Round, Becky Kemery o tlhalosa kafa go sa ntseng go dirisiwa dikamela ka gone go fudusa di-yurt kwa Mongolia ka go bolela jaana: “Foreime e pegiwa mo kameleng e le nngwe le merwalo e e lekanang mo matlhakoreng a yone a mabedi. La bofelo go pegiwa leotwana la borulelo; le le lekanang sentle mo seroteng sa kamela. Matsela one a pegiwa mo kameleng e nngwe. Fa go se na dikamela, barui ba dirisa dipholo kgotsa dipitse go goga di-yurt ka dikara, kgotsa ba ka fudusetsa di-yurt kwa lefelong le lesha ka lori ya modiro wa Se-Russia.”

Go farologana le di-yurt tse dingwe, tsa kwa Mongolia tsone di na le dipale tse di tlhamaletseng le borulelo jo bo sephaphathi. Di thusa moago go emelana le matsubutsubu a diphefo le dikgadima tse di itayang mo mafelong a a lebala. Di-yurt tsa kwa Kyrgyzstan le Kazakhstan tsone di tsholetsegile go se kae mme di na le popego e e sediko thata. Gantsi go dirwa gore kgoro ya yurt e lebagane le letsatsi, go dira gore mogote wa letsatsi o tsene mo teng. Mo teng, dimmetshe tse dinnye tse di kgabisitsweng bontle le dikobo, di a menwa di bo di pakiwa sentle mo mabokoseng a dikgong a a lebaganeng le kgoro. Ke tlwaelo gore moeng yo o tlotlegang kgotsa ngwana wa ntlha wa mosimane a nne fa pele ga mekgabisa eno ya dilwana tse di pakilweng.

Karolo ya yurt e e kafa mojeng wa kgoro, e diretswe basadi. Didirisiwa tsotlhe tse di apayang, tse di phepafatsang, tse di rokang le tse di dirang matsela a boboa di bewa moo. Karolo e nngwe ke ya banna. Disale, dime le didirisiwa tse dingwe tsa go tsoma le tsa go tlhokomela diruiwa, di fitlhelwa foo.

Di-yurt di Emelana le Diphetogo Tsa Dipolotiki

Tsela ya botshelo ya go fuduga e ne ya fetoga fela thata morago ga Phetogo e Kgolo ya Bokomonise ka 1917. Go ralala Asia Bogare, Ba-Russia ba ne ba aga dikolo, dikokelo le ditsela mme ba simolola mokgwa wa botshelo wa go aga mo lefelong le le lengwe.

Fa nako e ntse e tsamaya, baagi ba le bantsi ba ba tlholegang koo, ba ne ba tlogela mokgwa wa bone wa botshelo wa go fuduga go tswa mo lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe mme ba nna mo metseng le mo ditoropong. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe di-yurt di dirisiwa ka dikgwedi tsa paka ya selemo. Di dirisiwa ke badisa fa ba tlhokometse dinku, dikgomo le dipitse mo dipolasing tse di kopanetsweng ke batho ba le bantsi.

Monna mongwe wa Mo-Kirghiz e bong Maksat, yo gone jaanong a leng mo dingwageng tsa bo30 o gakologelwa jaana: “Fa ke ne ke sa ntse ke le mosha, ke ne ke thusa rre go tlhokomela leruo le a neng a le tlhokomela. Ka July, fa kapoko e ne e gakologile mme ditsela tse di mo dithabeng di bulegile, re ne re isa diruiwa tsa rona kwa mafulong a a kwa godimo ga dithaba.

“Fa re le koo, re ne re tlhoma yurt ya rona go bapa le molatswana o o fa thabeng, fa re neng re tla bona metsi a mantsi a go apaya le go tlhatswa gone. Re ne re nna koo go fitlha maemo a bosa a simolola go nna tsididi mo masimologong a October.” Ka jalo, yurt, e sa ntse e dirisiwa le mo botshelong jwa segompieno.

Yurt ya Segompieno

Mo mafelong a a tshwanang le Kyrgyzstan, go tlwaelegile go bona di-yurt mo thoko ga tsela. Di dirisiwa e le marekisetso kgotsa dikhefi, mo baeti ba ka itumelelang dijo tsa mo lefelong leo gone. Gape baeng ba ka itumelela go utlwa botshelo jwa Ba-Kirghiz ka go robala mo teng ga yurt bosigo mo dithabeng tsa Kyrgyzstan kgotsa go bapa le Letsha la Issyk Kul.

Di-yurt di dirisiwa gape le mo dingwaong tsa phitlho mo ditsong dingwe tsa kwa Asia Bogare. Maksat o tlhalosa jaana: “Mo Kyrgyzstan, moswi o bewa mo teng ga yurt, mo ba losika le ditsala ba tlang gone go hutsafalela go latlhegelwa ke mongwe yo ba mo ratang.”

Mo dinakong tsa bosheng jaana, yurt e ne ya simolola go bonwa kwa dinageng tsa Bophirima. Bangwe ba ile ba buelela yurt ka gore e mosola e bile ga e senye sepe mo tikologong. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa di-yurt tsa segompieno di farologane thata le tse di neng di agiwa mo dinakong tse di fetileng. Go dirisiwa didirisiwa tsa kago tsa maemo a a kwa godimo, e bile gantsi di agiwa e le meago e e nnelang ruri.

Le fa gone go sa tlhomamisiwe gore yurt e simologile kae, ga go pelaelo gore moago ono ke wa boleng jo bo kwa godimo. Yurt e ne e diretswe botshelo jwa go fuduga go tswa mo lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe jwa batho ba Asia Bogare mme ke bosupi jo bo bonalang sentle jwa botswerere jwa batho bano, ba ba ileng ba kgona go itshokela diphetogo mme gape ba kgonne go tlwaelana le maemo a masha.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Di-yurt tse di tlhomilweng mo thoko ga Letsha le le itsegeng thata la Issyk Kul kwa Kyrgyzstan