Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikakgelo Tsa Babadi

Dikakgelo Tsa Babadi

Dikakgelo Tsa Babadi

Masego a a Gaisang Dikhumo (March 2009) Setlhogo seno se ne sa nopola Kostas, yo o neng a re: “Modimo ga a batle gore re kgaratlhele go nna le dikhumo tse dintsi thata.” Ke ne ke akanya gore Jehofa ga a baya selekanyo sa gore motho a ka nna le dilo tse di bonalang di le dintsi kgotsa di le dinnye go le kana kang fa fela a mmaya kwa pele. A go phoso go tshelela mo letlepung, o ntse o direla Jehofa?

J. D., United States

“Tsogang!” e a araba: Baebele ga e kgale dikhumo. Tota e bile, batlhanka ba bantsi ba Modimo ba nako e e fetileng ba ne ba humile. (Genesise 25:5; 26:12-16; Jobe 1:1-3) Le fa go ntse jalo, batho ba ba humileng ba tshwanetse go ela tlhoko gore ‘go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong ga go tswe mo go Rara, mme go tswa mo lefatsheng.’ (1 Johane 2:16) Mo godimo ga moo, moaposetoloi Paulo o ne a re: “Lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.” O ne a tlhalosa gore ka ntlha ya go gagamalela dikhumo go na le dilo tsa semoya, “bangwe ba fapositswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.” (1 Timotheo 6:10) Gone mme, Lefoko la Modimo ga le bolele gore batho ba ba humileng ba tshwanetse go ikutlwa molato ka gonne ba na le dilo tse dintsi go feta ba bangwe. Bakeresete ba kgothalediwa “go aba ka bopelontle, go iketleeletsa go abelana,” go sa kgathalesege gore ba na le go le gontsi kgotsa go le gonnye go le kana kang.—1 Timotheo 6:18.

Lentswe le le Didimetseng Le le Ka Kgonang go Utlwiwa (October 2008) Ruri ke ne ka kgothadiwa ke setlhogo seno se se buang ka Hillary, yo o nang le Rett syndrome. Setlogolwana sa me sa dingwaga di le tlhano ga se kgone go bona, go utlwa, go tsamaya, go bua kgotsa go dula. Jaanong ke na le tsholofelo ya gore fa ke opela, ke bala, ke bua le go mo solasola kgotsa ke mo sidila, go na le sengwe se se diregang mo bobokong jwa gagwe. Ke ne ka lela fa ke bala mafoko ano a ga mmaagwe Hillary: “Le fa gone ke sa kgone go utlwa gore a reng, Jehofa ene o kgona go mo utlwa.” Seno se ne sa nthusa go lemoga gore le fa gone setlogolwana sa me se sa kgone go bua mafoko, Jehofa o kgona go utlwa mafoko a a mo pelong ya gagwe.

M. A., Japane

Morwadiake o na le dingwaga di le 43, le fa go ntse jalo, seno ke setlhogo sa ntlha se ke se badileng se se nthusitseng go tlhaloganya bothata jwa gagwe le mabaka a go bo a golafetse. Ke utlwela Hillary, mmaagwe le mogolowe botlhoko. Le fa gone ke nna kgakala thata le bone, le nna ke itse bothata jo ba lebaneng le jone e bile ke anaanela thata sekao sa bone sa tumelo, lorato le boitshoko.

T. Y., Ghana

Go Senya Mpa—Ga se Tharabololo E e Se Nang Mathata (June 2009) Ke lebogela motseletsele wa ditlhogo tse di neng di bua ka go senya mpa. Fa ke ne ke le mo dingwageng tsa bo20, ke ne ka tlhopha go senya mpa, e leng selo se ke sa ntseng ke se ikwatlhaela thata. Fa nka bo ke sa itse boammaaruri gone jaanong, nka bo ke ikutlwa ke se na tsholofelo epe. Ke lebogela go bo ke na le tsholofelo e bile ke itse gore Jehofa o a itshwarela.

Ga re a newa leina, United States

Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Lepalepana Jang le go Tlhokafala ga Motsadi? (August 2009) Ke na le dingwaga di le 22 fela, mme loso wa ga rre lo tlile ka bonako e bile ke sa lebelela mo e leng gore lo ne lwa ntlogela ke hutsafetse tota. Jaaka setlhogo seno se bontshitse, nka se kgone go nna le ene mo ditiragalong tse di botlhokwa mo botshelong jwa me. Morago ga dingwaga di le tharo, ke sa ntse ke sa kgone go tswelela pele ka botshelo jwa me. Le fa go ntse jalo, setlhogo seno se nkgomoditse thata. Dikakantsho tse di neetsweng go thusa go lepalepana le seemo seno le fa go ne go se motlhofo go di dirisa, di itshupile di le mosola. Ke lo lebogela tiro e lo e dirang.

N. P., Fora