Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Go ya ka patlisiso nngwe, diperesente di le 10,3 tsa banna ba ba tlhakanelang dikobo ba kwa Brazil ba dingwaga tse 15 go ya go 64 ba ile ba tlhakanela dikobo le motho a le mongwe yo ba kopaneng le ene mo Internet mo dikgweding tse 12 tse di fetileng.—BRAZILIAN MINISTRY OF HEALTH.

Lewatle la Arctic ga le bolo go apesiwa ke aese e kima e e fitlhang go dimetara di le 80. Gone jaanong “aese eo e e tsereng dingwagangwaga gore e nne teng . . . e gaufi le go nyelela, e leng selo se se gakgamatsang se se tla dirang gore go nne motlhofo gore go bulwe ditsela tsa dikepe mo mafelong ano a a tsididitsididi.”—REUTERS NEWS SERVICE, CANADA.

Mebuso ya Moscow le Vatican e itsisitse gore e tla dirisana mmogo ka botlalo mo dikgolaganong tsa bodipolomata.—RIA NOVOSTI, RUSSIA.

Thaba e e kwa godimo thata mo Afrika ya Kilimanjaro, “e fokotsegile diperesente di le 26 tsa aese e e neng e e apesitse mo magareng ga 2000 le 2007.”—DAILY NATION, KENYA.

Ba Itlhaotse Mme ba Tshwenyegile Thata mo Maikutlong

Lokwalodikgang lwa kwa Lontone lwa Daily Telegraph lo bega gore: Go ya ka babatlisisi, Boritane e na le “batho ba bantsi ba ba itlhaolang go gaisa batho bape fela mo lefatsheng mme ba tsaya go nna o le nosi go le botoka go na le go nna le batho ba bangwe.” Patlisiso nngwe e fitlhetse gore Baboritane ba na le selekanyo se se kwa godimo sa go tshwenyega thata mo maikutlong le go tlhobaela. Bomankge bangwe ba dumela gore go tshwenyega thata mo maikutlong gono go amana le go itlhaola. Mo dipatlisisong tseno ditšhaba tse di kwa mafatsheng a Bophirima di ne tsa bapisiwa le tse di kwa China le Taiwan. Mo ditšhabeng tsa kwa China le Taiwan, go fitlhetswe gore go dirisana mmogo ga batho e le setšhaba go na le gore motho a itlhaole go ne go lebega go sireletsa batho mo malwetseng a a amanang le tlhaloganyo. Lokwalodikgang lwa Telegraph lo bolela gore kwa Bophirima, “setšhaba se se ikakanyetsang se le nosi . . . se dira gore re tshwenyege thata mo maikutlong.”

Manyalo a Batho ba Bong jo bo Tshwanang mo Kerekeng ya Sweden

Ka October 2009, Kereke ya Lutere ya kwa Sweden e ne ya letlelela manyalo a batho ba bong jo bo tshwanang. Tshwetso eno e ne ya latela dikgwedi di le mmalwa morago ga gore palamente ya kwa Sweden e beye molao o o letlelelang manyalo a batho ba bong jo bo tshwanang. Lokwalodikgang lwa Dagens Nyheter lwa re: “Seno se raya gore Kereke ya Sweden ke kereke ya ntlha mo go tse dikgolo mo lefatsheng go tlogela kgopolo e e tlwaelegileng ya go leba lenyalo e le kamano fa gare ga monna le mosadi.”

Masea a Lela ka Puo Efe?

Go ya ka babatlisisi kwa Yunibesithing ya Würzburg kwa Jeremane, go simolola fela mo letsatsing la bobedi la go tsholwa ga one, masea a lela go ya ka molodi wa puo ya bommaabone. Babatlisisi ba ne ba gatisa dilelo tsa masea a le 30 a Bafora le a le 30 a Bajeremane e le gore ba tle ba sekaseke lobelo lo modumo o tsamayang ka lone, tsela e molodi o tlhagang ka yone le segalo. Selelo sa masea a Bafora gantsi se simolola ka segalo se se kwa tlase se bo se ya kwa godimo, fa masea a Bajeremane one a simolola ka segalo se se kwa godimo se bo se ya kwa tlase. Mo maemong ano otlhe, masea a ne a etsa tsela e dipuo tsa batsadi ba one di leng ka yone. Ka jalo, go dumelwa gore masea a ithuta puo a sa ntse a le mo popelong le gore puo ya ngwana e simologa fa a simolola go lela.