Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Naya Motho Lerama le Lengwe go Kaya Eng?

Go Naya Motho Lerama le Lengwe go Kaya Eng?

Baebele ya Reng

Go Naya Motho Lerama le Lengwe go Kaya Eng?

MO THERONG ya gagwe e e itsegeng thata ya kwa Thabeng, Jesu Keresete o ne a re: “O se ka wa emelelana le yo o boikepo; mme le fa e le mang yo o go fapholang mo lerameng la gago la moja, lebisa le lengwe gape kwa go ene.”—Mathaio 5:39.

O ne a raya jang? A o ne a rotloetsa Bakeresete gore ba ineele fela fa ba tlhaselwa? A go lebeletswe gore Bakeresete ba itshoke fela fa ba bogisiwa, ba sa bue sepe go iphemela le gore ba gane go batla tshireletso ya semolao?

Se Jesu a Neng a se Kaya

Gore re tlhaloganye gore Jesu o ne a kaya eng, re tshwanetse go sekaseka mafoko a a dikologileng se a neng a se bua mmogo le batho ba a neng a bua le bone. Jesu o ne a simolola kgakololo ya gagwe e e nopotsweng fa godimo ka se bareetsi ba gagwe ba neng ba setse ba se itse go tswa mo Dikwalong tse di Boitshepo. O ne a re: “Lo ne lwa utlwa gore go ne ga twe, ‘Leitlho le tswele leitlho le leino le tswele leino.’”—Mathaio 5:38.

Ditemana tse Jesu a neng a bua ka tsone di fitlhelwa mo go Ekesodo 21:24 le Lefitiko 24:20. Go botlhokwa go ela tlhoko gore go ya ka Molao wa Modimo, kotlhao ya gore “leitlho le tswele leitlho” e e umakilweng mo ditemaneng tseo e ne e neelwa ka tsela e e siameng, morago ga gore modiraphoso a sekisiwe fa pele ga baperesiti le baatlhodi ba ba ileng ba sekaseka maemo le gore a boleo bo dirilwe ka boomo.—Duteronome 19:15-21.

Fa nako e ntse e tsamaya Bajuda ba ne ba sokamisa tsela e molao ono o dirang ka yone. Kakgelo nngwe ya Baebele ya lekgolo la bo19 la dingwaga e e neng ya dirwa ke Adam Clarke ya re: “Go bonala Bajuda ba ile ba dira molao ono wa [leitlho le tswele leitlho le leino le tswele leino] seipato sa go bontsha letlhoo le ditiro tse dingwe tse di dirilweng ka boikutlo jwa go ipusolosetsa. Gantsi go ipusolosetsa go ne go dirwa ka tsela e e feteletseng mme motho yo o neng a ipusolosetsa o ne a dira bosula jo bo fetang jo a bo diretsweng.” Le fa go ntse jalo, Dikwalo di ne di sa buelele gore batho ba ipusolosetse.

Thuto ya ga Jesu mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng e e ka ga go ‘lebisa lerama le lengwe kwa mothong’ e bontsha se tota Molao wa Modimo o neng o se kaya mo Baiseraeleng. Jesu o ne a sa reye gore fa balatedi ba gagwe ba fapholwa mo lerameng le lengwe, ba tshwanetse go letla motho gore a ba faphole mo go le lengwe. Fela jaaka go tlwaelegile gompieno, mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, go faphola motho go ne go sa dirwe ka maikaelelo a go mo utlwisa botlhoko mme e ne e le tshotlo ka boikaelelo jwa go gakatsa motho gore a lwe.

Mme go bonala sentle gore Jesu o ne a kaya gore fa motho mongwe a leka go rumola yo mongwe gore a lwe ka go mo faphola ka tsela ya mmatota—kgotsa ka go mo sotla ka mafoko a a utlwisang botlhoko—motho yo o faphotsweng o tshwanetse go tila go ipusolosetsa. Ka go dira jalo, a leka go tila se se ka felelang ka gore go nne le modikologo wa go ipusolosetsa.—Baroma 12:17.

Mafoko a ga Jesu a ne a tshwana thata le a ga Kgosi Solomone yo o neng a re: “O se ka wa re: ‘Fela jaaka a ntirile, ke tlile go mo dira jalo. Ke tla duela mongwe le mongwe go ya ka tiro ya gagwe.’” (Diane 24:29) Molatedi wa ga Jesu o tshwanetse go lebisa lerama le lengwe mo mothong ka tsela ya gore a se ka a letla batho ba bangwe go mo patelela go lwa.—Bagalatia 5:26.

Go Tweng ka go Iphemela?

Go lebisa lerama le lengwe mo mothong ga go reye gore Mokeresete ga a tshwanela go iphemela mo batlhaseding ba ba dikgoka. Jesu o ne a sa reye gore le ka motlha ga re a tshwanela go iphemela, go na le moo, re tshwanetse go tsiboga ka tsela e e tshwanetseng, go go rayang gore ga re a tshwanela go itetla gore re tlhotlheletsege go ipusolosetsa. Le fa gone go le botlhale go kata ka morago fa go kgonega gore re tile ntwa, go siame gore re tseye kgato ya go itshireletsa le go batla thuso ya mapodisi fa re direlwa bokebekwa.

Balatedi ba ga Jesu ba bogologolo ba ne ba dirisa molaomotheo ono sentle fa ba ne ba femela ditshwanelo tsa bone tsa semolao. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a dirisa thulaganyo ya molao ya motlha wa gagwe go sireletsa tshwanelo ya gagwe ya go diragatsa tiro ya go rera e Jesu a e fileng balatedi ba gagwe. (Mathaio 28:19, 20) Fa Paulo le morongwa ka ene e bong Silase ba le mo loetong lwa go rera kwa motseng wa Filipi, ba ne ba tshwarwa ke balaodi ba lefelo leo mme ba ba latofatsa ka gore ba tlotse molao.

Morago ga foo, banna bano ba babedi ba ne ba kgwathisiwa mme ba latlhelwa mo kgolegelong kwantle ga gore ba sekisiwe. Fa Paulo a ne a bona tshono, o ne a dirisa ditshwanelo tsa gagwe tsa go nna moagi wa kwa Roma. Fa balaodi ba utlwa gore Paulo ke Moroma, ba ne ba boifa ditlamorago tsa gone mme ba kopa Paulo le Silase gore ba tsamaye le gore ba se ka ba baka mathata. Ka jalo, Paulo o ne a re tlhomela sekao sa go ‘sireletsa le go tlhomamisa dikgang tse di molemo semolao.’—Ditiro 16:19-24, 35-40; Bafilipi 1:7.

Fela jaaka Paulo, Basupi ba ga Jehofa gangwe le gape ba ile ba patelesega go nna le seabe mo dintweng tsa semolao kwa dikgotlatshekelong tsa molao e le gore ba sireletse tiro ya bone ya Bokeresete. Go nnile jalo tota le kwa dinageng tse gantsi di reng di batla gore baagi ba tsone ba nne le kgololesego ya bodumedi. Le mo dikgannyeng tse di amanang le bokebekwa le tshireletsego ya botho, Basupi ba ga Jehofa ga ba a lebelelwa go naya batho lerama le lengwe—ba itetla go sotliwa kwantle ga go itshireletsa. Ba tsaya dikgato tsa semolao go itshireletsa.

Ka jalo, e re ka e le Bakeresete, Basupi ba dira se se tshwanetseng go tlhomamisa ditshwanelo tsa bone tsa semolao, le fa gone ba itse gore go tsaya dikgato tse di ntseng jalo gantsi ga go tlise kgotsofalo e e feletseng. Ka jalo, jaaka Jesu, ba tlogelela dilo tseno mo diatleng tsa Modimo, ba tlhomamisegile gore o tla tsaya kgato e re ka a itse mabaka otlhe le gore kotlhao epe fela e e tswang kwa go ene e tla bontsha tshiamiso ya gagwe e e itekanetseng. (Mathaio 26:51-53; Jude 9) Bakeresete ba boammaaruri ba gakologelwa gore pusoloso ke ya ga Jehofa.—Baroma 12:17-19.

A O KILE WA IPOTSA GORE. . .

● akeresete ba tshwanetse go tila ditiro dife?—Baroma 12:17.

● A Baebele e iletsa gore motho a itshireletse semolao?—Bafilipi 1:7.

● Jesu o ne a tshepa gore Rraagwe o tla dira eng?—Mathaio 26:51-53.