Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Gongwe e ka Nna Pina Fela”

“Gongwe e ka Nna Pina Fela”

“Gongwe e ka Nna Pina Fela”

Juliana e ne e le Mokeresete yo o godileng yo o rategang wa kwa Philippines yo o neng a na le bolwetse jwa Alzheimer. O ne a sa tlhole a itse le bana ba gagwe tota. Le fa go ntse jalo, ke ne ke a tle ke ye go bona Juliana fa ke le mo lefelong le a nnang mo go lone.

Juliana o ne a lwala thata a sa kgone go tswa mo bolaong mme o ne a lebelela fela kwa ntle ka fensetere. Go ne go le thata fa ke na le ene, ka gonne o ne a sa tlhole a nkgopola. O ne a tle a nkgotolele matlho mme go ne go sa bonale fa a lemoga gore ke mang. Ke ne ka mmotsa jaana: “A o sa ntse o a tle o akanye ka Jehofa?” Ke ne ka mmolelela sengwe se se diragetseng mo bodireding, go tswa foo ke bo ke mmotsa dipotso tse dingwe mme go ne go sa bonale a tlhaloganya se ke se buang. Ke ne ka simolola go opela pina. Se se neng sa direga se ne sa nkama maikutlo tota!

Juliana o ne a retolosa tlhogo, a nteba mme a simolola go opela le nna! Go ise go ye kae, ke ne ka didimala ka gonne ke ne ke sa itse mafoko otlhe ka tlhogo ka puo ya Se-Tagalog. Mme Juliana o ne a tswelela a opela. O ne a gakologelwa ditemana tsotlhe tse tharo tsa pina eo. Ka bonako, ke ne ka kopa motho yo ke neng ke tsamaya le ene gore a ye go adima buka ya dipina kwa Mosuping mongwe yo o neng a nna gautshwane. O ne a tla ka yone. Ke ne ke sa itse nomoro ya pina mme go ne ga direga gore ke bule mo tsebeng ya pina eo. Mo lekgetlong leno re ne ra opela pina yotlhe mmogo! Fa ke ne ke botsa Juliana gore a go na le dipina tse dingwe gape tse a di gakologelwang, o ne a simolola go opela pina ya lorato ya bogologolo ya Se-Filipino.

Ke ne ka re: “Nnyaa Juliana, e seng pina ya mo radiong ke raya pina ya kwa Holong ya Bogosi.” * Ke ne ka opela pina e nngwe go tswa mo bukeng ya rona ya dipina mme o ne a simolola go opela le nna. Matlho a gagwe a ne a phatsima ke boitumelo. Sefatlhego sa gagwe se ne se sa tlhole se tlhontse mme o ne a itumetse e bile a nyenya.

Ka nako eno baagelani ba ne ba tswa mo matlong go tla go bona gore go opelwa kae. Ba ne ba ema mo fensetereng ba re leba le go re reetsa. Go ne go itumedisa go bona kafa mmino o neng wa ama pelo ya ga Juliana ka teng! O ne wa dira gore a gakologelwe mafoko a pina.

Ke ne ka ithuta go tswa mo maitemogelong ano gore ga o ka ke wa itse gore ke eng se se tla amang dipelo tsa batho ba gantsi ba sa kgoneng go tlhaloganya kgotsa go buisana le ba bangwe. Gongwe e ka nna pina fela.

Nakonyana morago ga tiragalo eno, Juliana o ne a tlhokafala. Ke ne ka gakologelwa maitemogelo ano fa ke ne ke reeditse mmino o o rekotilweng o mosha o o amang maikutlo o o golotsweng ke Basupi ba ga Jehofa ka 2009. O ka nna wa rata go botsa Basupi ba mo lefelong le o nnang mo go lone gore o ka bona jang dipina tse di rekotilweng tseno tse di monate tse di amang maikutlo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Leina la mafelo a Basupi ba ga Jehofa ba kopanelang mo go one.