Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Bonang Tharabololo ka Gone

Kafa o ka Bonang Tharabololo ka Gone

Kafa o ka Bonang Tharabololo ka Gone

FA E le gore o jewa ke bodutu, go ka nna ga thusa gore o ipotse jaana: ‘A go na le dilo tse nka di dirang go tokafatsa seemo? A e ka tswa e le gore ke tlhoka go dira diphetogo dingwe mo botshelong jwa me? Fa e le gore go ntse jalo, ke dife?’ Dipotso tse di latelang di ka nna tsa go thusa gore o itshekatsheke le go bona tharabololo e e kgotsofatsang.

A ke Tlhoka go Fetola Tsela e ke Lebang Dilo ka Yone?

Go jewa ke bodutu ke selo se se ka diragalelang mongwe le mongwe. Mme boikutlo jono jo bo sa siamang e nna bothata jo bo bogolo fa fela bo tswelela. Fa bo tswelela, e ka tswa e le lotshwao lo lo go tlhagisang gore go na le sengwe se se sa siamang malebana le kafa o lebang botshelo ka gone. Bothata e ka nna tsela e o itshwarang ka yone fa o le fa gare ga batho ba bangwe. Batho bangwe, ba ka nna ba kgoreletsa ba bangwe go nna ditsala tsa bone ba sa lemoge. Ka dinako tse dingwe se se tlhokegang fela ke go fetola tsela e o lebang dilo ka yone.

Akanya ka se se ileng sa diragalela Sabine fa a ne a fudugela kwa Engelane. O ne a re: “Go tsaya nako gore ditsala tse disha di tshepane, gore di tle di phuthologe le go ikutlwa di gololesegile fa di le mmogo. Ke eng o sa botse ba bangwe gore ba godisitswe jang? Ke ne ke boleletswe jaana: ‘Ga go na setso sepe se se siameng. Batla se se molemo mo go tsone tsotlhe.’” Ebu, jaaka Sabine a ne a kgothalediwa go dira, o ka nna wa batla go bona dilo tse di molemo mo ditsong tsa batho ba bangwe tse di ka go solegelang molemo fa o di etsa.

A ke Ikgogona Mo go Ba Bangwe?

O ka nna wa ipotsa jaana: ‘A ke na le mokgwa wa go ikgogona mo go ba bangwe? A ba ka bo ba le botsalano fa nna nka bo ke ile ka nna botsalano mo go bone?’ Fa o akanya gore go ka tswa go ntse jalo, dira maiteko a go nna botsalano. Roselise wa dingwaga di le 30 yo o neng a fuduga go tswa kwa Guadeloupe a ya kwa Engelane, o ne a re: “Batho ba ba jewang ke bodutu ba rata go ikgogona mo bathong ba bangwe.” Ka jalo, o ne a gakolola jaana: “Batla batho ba go bonalang le bone ba jewa ke bodutu. A e nne wena o tsayang kgato pele go bua le bone. Ka dinako tse dingwe o tlhoka fela go botsa potso go simolola botsala jo bo tla nnelang ruri.”

Le fa go ntse jalo, go tlhokega nako le maiteko go nna le botsala jo bo gaufi. Go ithuta go reetsa ke tsela e e molemo ya go simolola seno. Fa o reetsa ka kelotlhoko, o tla kgona go bua ka dilo tse motho yo mongwe a di kgatlhegelang. Gakologelwa, go amega ka ba bangwe go dira gore go nne le botsala!

A ke Na le Bothata Jwa go Akanya ka Tsela E e Sa Siamang?

Go itseela kwa tlase go ka go kgoreletsa go simolola botsala. Ipotse jaana: ‘A ke na le boikutlo jo bo feteletseng jwa go inyatsa?’ Abigaïl yo o nang le dingwaga di le 15 wa kwa Ghana, o dumela jaana: “Ka dinako tse dingwe ke ne ke nna le dikakanyo tse di sa siamang mme seo se ne se dira gore ke jewe ke bodutu. Ke ne ke ikutlwa ke sa ratiwe e bile ke se na mosola.” O ka tlhomamisega gore fa o tsaya kgato pele go bua le ba bangwe le go ba thusa ka tsela nngwe, ba ka se ka ba go tsaya o se na mosola. Ba ka nna ba tsiboga ka go nna ditsala tsa gago. Ka jalo, ke eng fa o sa tseye kgato pele?

Gape go akanya ka tsela e e siameng go tla go thusa gore o dire ditsala le batho ba e seng ba dingwaga tsa gago. Go tsalana le mongwe yo o ka tswang a le mogolwane mo go wena kgotsa a le mmotlana mo go wena go ka go solegela molemo. Selo se se thusitseng Abigaïl thata gore a fenye boikutlo jwa go jewa ke bodutu ke gore o ne a leka go dira ditsala le batho ba bagolwane mo go ene. O tlhalosa jaana: “Ke ne ka solegelwa molemo ke maitemogelo a ba nnileng le one mo botshelong.”

A ke Itlhaola Mo go Ba Bangwe?

Batho ba le bantsi ba ba jewang ke bodutu ba ikutlwa botokanyana fa ba lebelela thelebishene kgotsa fa ba tshameka metshameko ya dibidio ka nako e telele kgotsa ba senya nako e ntsi mo dikhomputareng tsa bone. Mme fa ba tima dilo tseno, ba jewa ke bodutu fela jaaka pele. Elsa yo o nang le dingwaga di le 21 wa kwa Paris, o dumela jaana: “Thelebishene le metshameko ya bidio e ka tshwana le seokobatsi se se amang motho go ya bokgakaleng jwa gore a se ka a tlhola a batla go dira ditsala.”

Selo se se sa itumediseng ka thelebishene ke gore motho ga a ka ke a kgona go buisana le yone kgotsa a bona ditshono tsa go dira ditsala. Metshameko ya bidio le yone e ntse jalo—e isa batho kwa lefatsheng la ditoro le le nyelelang fa ba tlogela go e tshameka. Go fenyonkolola Internet o sa itse gore o batla eng go ka dira gore o se ka wa leba dilo ka tsela e di leng ka yone mme gape go ka dira gore o lebelele dilo tsa boitsholo jo bo sa siamang kgotsa o itsalanye le batho ba ba fitlhang se tota ba leng sone. Internet ga se lefelo le le molemo la go batla kgotsa go dira botsala jwa mmatota.

A ke Batla Molekane wa Lenyalo?

Batho bangwe ba ka batla go tsena mo lenyalong e le fela gore ba fedise go jewa ke bodutu. Gone ke boammaaruri gore molekane yo o pelonomi le yo o lorato a ka go tlisetsa boipelo jo bogolo mo botshelong jwa gago mme gone o tshwanetse go nna kelotlhoko gore o se ka wa itlhaganelela go dira tshwetso e e masisi e e jaaka lenyalo.

Lenyalo le ka nna la se ka la rarabolola bothata jwa go jewa ke bodutu. Go tlhalosiwa gore banyalani ba ba nang le mathata a go buisana ke “bangwe ba batho ba ba jewang ke bodutu thata mo lefatsheng.” Ka maswabi, go na le batho ba bantsi ba ba leng mo seemong seno go na le kafa re akanyang ka teng. Ka jalo, fa e le gore o batla go tsena mo lenyalong ka letsatsi lengwe, ke eng fa o sa rarabolole bothata jwa gago jwa go jewa ke bodutu pele ga o ratana le mongwe? O ka nna wa thaya motheo o o nonofileng wa lenyalo le le itumetseng ka go baakanya tsela e o lebang dilo ka yone, mekgwa ya gago le ka go tsaya kgato pele go dira ditsala fa o ise o tsene mo lenyalong.

O ka Kgona go Lepalepana le Bodutu

O ka nna wa se bone tharabololo ka bonako go fedisa go jewa ke bodutu. Mme o ka kgona go itshokela go jewa ke bodutu ka katlego ka go latela Molao wa Sekagouta, o Jesu a ileng a o tlhalosa. O ne a re: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Ka jalo, fa o batla gore batho ba bangwe ba nne botsalano mo go wena, nna botsalano mo go bone. Fa o batla gore ba bangwe ba go bulele mafatlha, ba bulele mafatlha. Batho ba bangwe ba ka nna ba se ka ba tsiboga ka bonako mme fa nako e ntse e tsamaya bangwe ba tla dira jalo. Le fa gone ba ka se dire jalo, o tla itumelela go bo o lekile.

Jesu o ne a bua ka boammaaruri jo bongwe jo bo botlhokwa jo bo ka go thusang gore o lepalepane le bodutu fa a ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Fa o dirisa nako ya gago go thusa batho ba bangwe—ngwana ka tiro ya gagwe ya sekolo e e direlwang kwa gae kgotsa motho yo o godileng ka go ya go mo rekela dilo kwa mabenkeleng kgotsa ka go phepafatsa ntlo kgotsa tshingwana ya gagwe—o tla ikutlwa o itumetse mo go oketsegileng mme gongwe o tla simolola botsala jwa mmatota.

Go Bona Ditsala Tse di Molemo

Go na le ditsela tse dingwe tse di mosola tse di ka go thusang go lepalepana le go jewa ke bodutu. O se ka wa itlhaola ka go nna mo ntlong. Fa go kgonega iphokise phefo kwa parakeng kgotsa ka go tsamayatsamaya mo lefelong le o nnang mo go lone. Fa o le nosi kwa gae, dirisa nako ya gago ka go dira dilo dingwe, tse di jaaka go roka, go dira ditiro dingwe tsa ntlo, go baakanya dilo kgotsa go bala. Motho mongwe o ne a kwala jaana: “Ga go na go ngomoga pelo gope go go ileng ga se fedisiwe ke go ipha nako ya go bala.” Batho ba le bantsi ba ile ba gomotsega segolobogolo fa ba bala dipesalema tsa Baebele.

Baitse ba ile ba ela tlhoko gore go ikopanya le batho ba bodumedi jo bo tshwanang le jwa gago go ka thusa motho go fenya boikutlo jwa go jewa ke bodutu e bile go ka thusa le mo botsogong. O ka bona kae batho ba ba lekang go tshela ka Molao wa Sekagouta? Mo bukeng nngwe e e buang ka mekgatlho ya bodumedi, motho mongwe yo o elang dilo tlhoko mme a sa tseye letlhakore o ne a kwala jaana: “Mo diphuthegong tsa bone, Basupi [ba ga Jehofa] ba a tshepana e bile ba amogela batho ba bangwe.”

Jesu o ne a bua ka lotshwao lo lo neng lo tla tlhaola Bokeresete jwa boammaaruri fa a ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Lorato lono—go rata Modimo pele mme go tswa foo go rata badumedi mmogo le rona—ke lone lo segolobogolo lo tlhaolang batho ba ba mo bodumeding jwa boammaaruri.—Mathaio 22:37-39.

Go dira botsala le Modimo ke tsela e e molemolemo ya go lepalepana le bodutu. Fa e le tsala ya gago, le ka motlha o ka se ikutlwe o le nosi!—Baroma 8:38, 39; Bahebera 13:5, 6.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]

KAFA KE FENYANG BODUTU KA TENG

Anny, motlholagadi: “Ke leka go laola tsela e ke akanyang ka yone le go leba dilo ka tsela e e siameng mo seemong se ke leng mo go sone.”

Carmen, yo o seng mo lenyalong: “Ke ithutile gore ke se ka ka ‘nna lekgoba’ la dilo tsa nako e e fetileng mme ke tswelele pele ka botshelo le go simolola botsala jo bosha.”

Fernande, motlholagadi: “Fa o dira maiteko a go thusa ba bangwe, o lebala ka mathata a gago.”

Jean-Pierre, yo o seng mo lenyalong: “Ka metlha ke iphokisa phefo ka go tsamaya sekgala se seleele, e leng nako e ka yone ke bulelang Modimo mafatlha ka thapelo.”

Bernard, moswagadi: “Ke nna ke ikgolaganya le ditsala tsa me ka go ba leletsa mogala, e se gore ke a bo ke ikgopotsa mahutsana mme e le fela go itumelela go ikgolaganya le bone.”

David, yo o seng mo lenyalong: “Le fa ka tlhago ke rata go nna ke le nosi, ke dirile maiteko a magolo go itlwaelanya le ba bangwe.”

Lorenna, yo o seng mo lenyalong: “Ke tsaya kgato pele go atamela batho le go tsalana le bone.”

Abigaïl, yo o dingwaga di le 15: “Ke ipha nako le ditsala tsa me tse di godileng mme ke solegelwa molemo ke maitemogelo a bone.”

Cherry, yo o seng mo lenyalong: “Ke lemogile gore fa o bolelela batho gore o jewa ke bodutu, ba dira maiteko a magolo go nna botsalano mo go wena.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

DITSELA TSA GO FENYA BODUTU

Nna le boikutlo jwa go leba dilo ka tsela e e siameng

Lekanyetsa boitlosobodutu jo bo dirang gore o itlhaole, jo bo jaaka go lebelela thelebishene

Batla ditsala tse di nang le mekgwa e e tshwanang le ya gago, go akaretsa le batho ba e seng ba dingwaga tsa gago

Mo godimo ga tsotlhe, dira gore o nne tsala ya Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Dira ditsala le batho ba e seng ba dingwaga tsa gago