Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ne Ka Tsenela Kgaisano e e Molemolemo ya Botshelo

Ke ne Ka Tsenela Kgaisano e e Molemolemo ya Botshelo

Ke ne Ka Tsenela Kgaisano e e Molemolemo ya Botshelo

Jaaka go boletse Karl-Erik Bergman

Go taboga go ne go dira gore ke itumele thata. Ke ne ke na le bokgoni jwa tlholego, ka jalo, go taboga e ne ya nna selo se se botlhokwa thata mo botshelong jwa me.

KA 1972, fa ke ne ke le dingwaga di le 17, ke ne ka tsenela setlhopha sa metshameko. Go ise go ye kae, ke ne ka lemoga gore ke na le tiro e ntsi e ke tshwanetseng go e dira gore ke nne moatlelete wa maemo a a kwa godimo. Go nna le bokgoni jwa tlholego ga go a lekana gore motho e nne motabogi wa mmampodi. Mme ke ne ke iketleeditse go dira ka natla.

Fa ke ne ke le dingwaga di le 22, ke ne ka tsena mo setlhopheng sa naga sa kwa Finland. Ngwaga o o latelang ke ne ka fitlhelela nako e e gaisang ya baatlelete bape fela kwa Finland ba ba tabogang lobelo lwa dimetara di le 100. Le fa go ntse jalo, ke ne ka se ka ka fitlhelela bokgoni jwa me ka gonne ke ile ka gobala mo mosifeng o o mo godimo ga serethe le mesifa e e kafa morago ga dirope. E re ka ke ne ke rata go taboga, ke ne ka simolola go katisa baatlelete ba ba nang le bokgoni. Ka 1982, ke ne ka dira dithulaganyo tsa go fudugela kwa California kwa United States gore ke ye go ithuta kwa yunibesithing mme mo maemong ao a mantle a bosa ke ne ke tla kgona go tswelela pele ka tiro ya me ya metshameko. Ke ile ka bo ka reka thekete ya sefofane.

Se se Ileng sa Fetola Botshelo Jwa Me

Maitseboa mangwe pele ke tsaya loeto lo ke neng ke lo rulagantse lwa go ya California, mongwe o ne a kokota mo lebating la me. Fa ke bula, e ne e le basadi ba babedi ba e neng e le Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba ritibetse e bile ba na le seriti, e leng dinonofo tse motho a batlang go di bona mo moatleleteng. Ke ne ka ba laletsa gore ba tsene mme ra dula fa fatshe ra tlotla. Morago ga go nna le motlotlo o ke ileng ka ithuta dilo di le dintsi mo go one, ba ne ba ntlogelela buka e e nang le setlhogo se se reng O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. * Ke ne ka simolola go e bala. Fa ke setse ke le mo gare ga yone, ke ne ka lemoga gore se e se bolelang se boammaaruri. Basadi bao ba ne ba boa gape mme ka ba botsa gore nka dira jang gore ke nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba araba ka go re ke tlhoka go ithuta Baebele.

Ga ke a ka ka dumela fela go ithuta Baebele mme gape ke ne ka simolola go ya kwa dipokanong tsa Basupi kwa Holong ya Bogosi kwa Vantaa, kwa ke neng ke nna gone. Ke ne ka lemoga gore se se neng se rutiwa se ne se theilwe mo Baebeleng. Tota e bile, boammaaruri jwa Baebele jo ke neng ke bo ithuta, ka iketlo bo ne jwa simolola go fetola dilo tse ke neng ke di tsaya di le botlhokwa mo botshelong. Ka jalo, ke ne ka ya kwa baemeding ba tsa maeto mme ka kopa go busediwa madi a thekete ya sefofane e ke neng ke e rekile. Ke ne ka dirisa bontlhanngwe jwa madi ao go reka sutu e ke tla e aparang fa ke ya dipokanong le kgetsana ya dibuka gore ke tsenye Baebele ya me le dikgatiso tsa Baebele. Ke ne ka kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa kopanong ya kgaolo ya kwa Helsinki ka 1983.

Baatlelete ba Bangwe le Bone ba Ithuta Baebele

Fa ke ntse ke ithuta boammaaruri jwa Baebele, ke ne ka tlhoafalela go bo bolelela ditsala tsa me. Kwa tshimologong ba ne ba sa dumele gore ke kgatlhegela Baebele. Tota e bile, go ne ga nna le magatwe a gore ke latlhegetswe ke tlhaloganyo. Ditsala tsa me di ne tsa simolola go ntila. Fa ke sena go kolobediwa, ke ne ke a tle ke kopane le baatlelete ka nna mo lebaleng la metshameko le re neng re taboga mo go lone, e re ka ke ne ke ikatisa ka metlha gore ke nne le botsogo jo bo siameng. Metlotlo ya rona e ne ya ba thusa go lemoga gore le fa gone ke fetogile, ke ne ke sa latlhegelwa ke tlhaloganyo.

Fa nako e ntse e tsamaya, ba le mmalwa ba baatlelete bano ba ne ba simolola go tlhaloganya gore se ke neng ke se bolela se ne se utlwala mme ke sengwe se go leng botlhokwa go se akanyetsa. Ba ne ba lemoga gore ga ke tlhole ke dirisa puo ya matlhapa e bile ga ke tlhole ke le dikgoka. Ba le mmalwa ba bone ba ne ba iketleeditse go ithuta mo go oketsegileng ka Baebele. Ke ne ke itumelela go bontsha ba bangwe gore Baebele e tshwantsha botshelo jwa Mokeresete le kgaisano ya lobelo. Re mo kgaisanong ya go bona maduo a botshelo jo bo sa khutleng.2 Timotheo 2:5; 4:7, 8.

Boammaaruri ke gore bokao le boitumelo jwa mmatota mo botshelong, ga di a ikaega ka go fenya kgaisano ya mabelo mme di ikaegile ka go dira se se itumedisang Mmopi wa rona. Metlotlo e ke nnileng le yone le baatlelete bangwe e ne ya dira gore ba boe ba sekaseke mekgele ya bone mme ba le mmalwa ba ne ba amogela boammaaaruri jwa Baebele jo bo ileng jwa fetola botshelo jwa me. Ke itumelela go bona gore ba le bantsi ba bone ba ile ba direla Modimo ka tlhoafalo fela jaaka ba ne ba dira mo diatleletiking.

Mongwe wa bone e ne e le Yvonne, motabogi yo o nang le bokgoni yo o neng a taboga mo kgaisanong ya sekgala sa dimetara di le 800. E ne e le motabogi wa mosadi yo o lobelo go gaisa botlhe kwa Scandinavia ba ba neng ba taboga sekgala seo e bile a na le rekoto ya naga ya Finland. O ne a emela Finland ka katlego mo metshamekong ya boatleletiki ya kwa Yuropa. Mme go nna ke tlotla le Yvonne go ne ga dira gore a lemoge gore go gagamalela botumo mo lefatsheng la gompieno ga go na mosola. Fela jaaka Baebele e ruta, o ne a ithuta gore lefatshe leno le a feta mme le tla tseelwa sebaka ke lefatshe le lesha le le tla tlisiwang ke Modimo.—1 Johane 2:17.

Go ise go ye kae, Yvonne o ne a dumela go ithuta Baebele. Ka nako eo, o ne a intsha le Jouko, yo e neng e le leloko le le nang le bokgoni la setlhopha sa naga se se tabogang sa kwa Finland. Tota e bile, o ne a kile a emela Finland kwa Yuropa le mo metshamekong ya lefatshe ya bommampodi ya boatleletiki. Fa nako e ntse e tsamaya Yvonne le Jouko ba ne ba fudugela kwa United States go ya go tswelela ka tiro ya bone ya boatleletiki.

Fa ba le koo, Yvonne o ne a tswelela ka go ithuta Baebele mme Jouko le ene o ne a simolola go ithuta. O ne a dira jalo gore a bone sengwe se se phoso mo go se Yvonne a neng a se ithuta gore a tle a dire gore a itharabologelwe. Mme ka iketlo, boammaaruri jwa Baebele bo ne jwa nwelelela le mo pelong ya ga Jouko. Yvonne le Jouko ba ne ba nyalana mme moragonyana ba ineela mo Modimong, ba bontsha seno ka go kolobediwa mo metsing. Gompieno bobedi jwa bone ke babulatsela, badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa.

Gape ke ne ka kgona go simolola go ithuta Baebele le Barbro, yo e neng e le mmampodi wa kwa Finland mo kgaisanong ya basadi ba ba neng ba taboga sekgala sa dimetara di le 400. Bosheng jaana o ne a emela Finland mo metshamekong ya boatleletiki kwa Yuropa. Barbro le monna wa gagwe e bong Jarmo, yo o neng a dira motshameko wa go tlola a dirisa pale (pole-vaulter), ba ne ba fudugela kwa Sweden. Fa ba le koo, Barbro o ne a tswelela ka go ithuta Baebele mme Jarmo le ene o ne a simolola go ithuta. Ba ne ba ntse ba batla go tshela botshelo jo bo nang le bokao mme morago ga go ithuta boammaaruri jwa Baebele, bobedi jwa bone ba ne ba kolobediwa kwa Sweden. Fa nako e ntse e tsamaya Jarmo o ne a nna ngaka e e sidilang mme bobedi jwa bone ba ntse ba tlhoafetse mo bodireding. Jarmo ke mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete.

Mme gape go ne go na le Heidi, yo le ene e neng e le motabogi yo o nang le bokgoni, yo o neng a sa tswa go tsena mo dingwageng tsa gagwe tsa bolesome. E re ka ke ne ke le mokatisi wa gagwe, ke ne ka lemoga gore o kgatlhegela dilo tsa semoya. Ka jalo, letsatsi lengwe ke ne ka bua le ene ka dithuto tsa Baebele tse di malebana le Bogosi jwa Modimo le masego a bo tla a tlisang mo lefatsheng. Ke ne ka mmotsa jaana: “A o dumela gore masego ano a a solofeditsweng a tla direga?”—Pesalema 37:11, 29; Mathaio 6:9, 10.

O ne a re: “Ee.” O ne a batla go ithuta Baebele. Ka jalo, ke ne ka rulaganya le kgaitsadi wa Mokeresete gore a ithute le ene. Morago ga dingwaga di le mmalwa, Heidi le ene o ne a bontsha boineelo jwa gagwe mo Modimong ka go kolobediwa mo metsing. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a gola go nna mosadi yo montle yo o ratang dilo tsa semoya mme ke ne ka mo nyala. O ile a nna molekane yo o molemo tota, yo o ileng a nna a ikemiseditse go direla Modimo—boikemisetso jo fa a ka bo a ile a bo dirisa mo metshamekong bo ka bo bo ile jwa mo thusa go nna moatlelete wa maemo a a kwa godimo.

Nnake e bong Peter, yo le ene a neng a na le seabe mo metshamekong, kwa tshimologong o ne a sa dumalane le nna fa ke ne ke simolola go ithuta Baebele. Mme ke ne ka mo naya khopi ya buka ya O Ka Tshelela Ruri. Moragonyana o ne a tla mo go nna mme a nthaya a re: “Ke simolotse go bala buka eno mme ga ke tlhaloganye sepe. A o ka kgona go nthusa?” Ke ne ka rulaganya gore Mosupi yo mongwe a ithute le ene mme morago ga go ithuta dikgwedi di le nnè, o ne a kolobediwa. Moragonyana o ne a nyala mme mosadi wa gagwe ke mmulatsela.

Kgaisano ya Lobelo e a Tswelela

Tota le e leng pele ga ke kolobediwa, ke ne ke ikemiseditse go nna morongwa. Ka bonako morago ga go kolobediwa, ke ne ka simolola go nna mmulatsela. Ke ne ke tlhaloganya gore fa o le mo kgaisanong ya lobelo lwa botshelo, o tshwanetse go dira maiteko a magolo. Nna le mosadi wa me e bong Heidi, re ne ra tsenya kopo ya go ya Gileade, sekolo sa barongwa sa Basupi ba ga Jehofa se se kwa New York mme ka 1994, kopo ya rona e ne ya amogelwa. Fa re sena go aloga, re ne ra abelwa go ya go direla kwa Latvia, kwa bontsi jwa batho ba teng ba buang Se-Russia.

Go wa ga puso ya Soviet Union go ne ga dira gore batho ba swabisiwe ke dipolotiki. Baebele e ne e nyaditswe e bile e thibetswe mme re ne ra fitlhela gore batho ba le bantsi ba ne ba kgatlhegela go utlwa se e se bolelang. Go ithuta Se-Russia e ne e le nngwe ya dikgwetlho tse di boima tse nkileng ka lebana le tsone. Mme morago ga dingwaga di le thataro ke le mo tirelong ya borongwa kwa Latvia, ke ne ka tlhomiwa go etela le go kgothatsa diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa ke le molebedi yo o etang. Ke tiro e ke sa ntseng ke e dira, ke patilwe ke mosadi wa me yo o ikanyegang.

Go ralala dingwaga, ke ile ka kgona go thapisa ba le bantsi gore ba gatele pele mo kgaisanong ya lobelo lwa botshelo, “botshelo jwa mmatota” mo lefatsheng le lesha la Modimo. (1 Timotheo 6:19) Go katisa baatlelete gore ba fitlhelele bokgoni jwa bone jwa maemo a a kwa godimo go tlhoka gore o ba tlhaloganye sentle. Mokatisi o tshwanetse gore a ba thuse gore ba godise bokgoni jo ba nang le jone mme ba fokotse makoa a bone. O tshwanetse go ba tlhotlheletsa go tswelela ba itshokile le gore ba fitlhelele bokgoni jwa bone ka mo go feletseng.

Ke ne ka gakgamadiwa ke go bona kafa Mokeresete a tshwanang thata ka teng le moatlelete, jaaka fa moaposetoloi Paulo a ile a gatelela mo lekwalong la gagwe la ntlha le a neng a le kwalela Bakorintha. Moatlelete yo o atlegileng o nna a tlhomile mogopolo mo go ikatiseng mmele mme ga a nnele go lora fela a fenya sekgele. O ipeela mekgele e a ka e fitlhelelang mme o leka gore a e fitlhelele kgato ka kgato. Fa a ka lebala mokgele wa gagwe mme a tlogela go dira ka natla go o fitlhelela, seo se dira gore tiro yotlhe ya bonatla e a e dirileng e nne matsapa a bophiri fela. Mokeresete wa boammaaruri le ene o tshwanetse go nna a tlhomile mogopolo fela jalo.

Mme gape moatlelete yo o atlegileng o latela thulaganyo, o nna a tlhokometse dijo tse a di jang. Go ntse fela jalo le ka Mokeresete wa boammaaruri. Ga a iphepe ka dithuto tsa boitsholo jo bo sa siamang, a ja mo “tafoleng ya madimona,” jaaka moaposetoloi Paulo a tlhalosa. Go na le moo, o ja dijo tse di nonneng tsa semoya tse re di fiwang ke Modimo mo Lefokong la gagwe e leng Baebele. (1 Bakorintha 10:21) Mo godimo ga moo, fa go nna le mathata, moatlelete yo o atlegileng o nna a na le boikutlo jo bo siameng. O amogela diphoso tsa gagwe mme a bo a di baakanya. Paulo o ne a re: “Tsela e ke sianang ka yone ga se ka go sa tlhomamisege . . . mme ke itaya mmele wa me,” gore ke se ka ka nna yo o sa amogelweng.—1 Bakorintha 9:24-27.

Nna le mosadi wa me re sa ntse re itumelela go tlhokomela botsogo jwa rona ka go nna re ikatisa ka metlha kwa lefelong la go ikatisa mmele. Le fa go ntse jalo, ga re letle gore seno se re kgoreletse go direla Jehofa, yo o bopileng batho ka tsela e e gakgamatsang. (Pesalema 139:14) Mmogo re tlhomile mogopolo mo go fitlheleleng mokgele wa “botshelo jwa mmatota”—jo “bo tlang” mo lefatsheng le lesha la Modimo.—1 Timotheo 4:8.

Morago ga go tlhalosa ‘leru le legolo la basupi’ la pele ga metlha ya Bokeresete, moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa jaana: “[A] re apoleng bokete bongwe le bongwe le boleo jo bo re rareetsang motlhofo, mme a re tabogeng ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele.” (Bahebera 12:1) Ga go na sepe se se botlhokwa go gaisa go taboga mo lobelong loo. Seno ke ka gonne go lo wetsa ka katlego go tla tlisetsa batabogi botlhe ba lone masego a a nnelang ruri.—2 Timotheo 4:7, 8.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme ga e tlhole e gatisiwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Mo magareng a bo1980, Nna le Heidi re na le Yvonne fa godimo le Jouko le morwadiabone fa tlase

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke na le Heidi mo bodireding gompieno

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Kwa kopanong ya kgaolo ya 2009 ya Basupi ba ga Jehofa kwa Helsinki. Yvonne le Jouko ka fa letsogong la rona la molema le Jarmo le Barbro ka fa mojeng

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 12]

Published in Aamulehti 8/21/1979