Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Kgosi ya Sekgwa” ya Kwa Hemisefereng ya Bophirima

“Kgosi ya Sekgwa” ya Kwa Hemisefereng ya Bophirima

“Kgosi ya Sekgwa” ya Kwa Hemisefereng ya Bophirima

KE ENG? Ke Jaguar, e leng katse e kgolo go gaisa kwa Amerika. O ka e bona kae? Kwa dikgweng, kwa ditsobotleng, kwa dikakeng le mo mafelong a a tletseng ditlhatsana kwa Bogare le Borwa jwa Amerika. Go farologana le dikatse tse dintsi, katse eno yone ga e nne fela mo ditlhareng mme gape e kgona le go tsena mo metsing.

Akanya o eme fa thoko ga jaguar e tonanyana e e godileng sentle. E ka nna boleele jwa dimetara di le pedi, go sa akarediwe mogatla wa yone mme e boima jwa dikilogerama di le 120 kgotsa go feta. E re ka e le phologolo e e itshelelang e le nosi, jaguar e kopana le tse dingwe tsa mofuta wa yone fela ka nako ya go gwela. E tonanyana e simolola go gwela fa e le dingwaga di le tharo kgotsa di le nnè, fa e namagadi yone e ka nna ya simolola go nna le dikatsana fa e le dingwaga di le pedi. Dikatsana tsa yone gantsi di tsalwa di le pedi morago ga gore di gole mo popelong ka dikgwedi di le tharo kgotsa di le nnè. Go itsege di-jaguar dingwe di tshela go feta dingwaga di le 20 fa di le mo lefelong le di sireleditsweng mo go lone.

Moitsethutotshelo mongwe o ne a bolela jaana malebana le masaitsiweng le go sa tlhaloganngwe ga dikatse tse dikgolo tseno: “Go thata tota go bona di-jaguar! Nka nna ka bo ke eme fa thoko ga nngwe ya tsone, . . . mme go bo go direga gore ke se ka ka e bona gotlhelele.” Letlalo la katse eno le le nang le mmala wa bosetlha jo bo gauta mme e na le marontho a mantsho a e keteng dirousenyana, tse di dikologilweng ke maronthonyana a mangwe a mannye, le e thusa go iphitlha mme go tswa foo e bo e nyelela e sa bonwe.

Motsomi yo o Tsomang a le Nosi ka Tidimalo

Jaguar e e leng motsomi yo o setswerere, e ja mo e ka nnang mefuta e le 85 ya diphologolo, tse di akaretsang di-tapir, dikgama, le dikgabo. E re ka e kgona go tsena mo metsing, jaguar gape e tshwara ditlhapi le dikhudubane motlhofo. Batho bangwe ba kile ba bona jaguar e bolaya pitse e e godileng mme e bo e e goga sekgala sa dimetara di le 80, go tswa foo e bo e kgabaganya noka e ntse e e goga.

Gantsi katse eno e e botlhale e lalela phologolo e e batlang go e bolaya e ntse e e lebile ka tidimalo e le mo setlhareng. Fa serapa sa di-peccary—diphologolo tse di lobelo tse di tshwanang le dikolobe—se feta fa tlase ga setlhare, jaguar e a se tlolela. E bolaya e le nngwe ya tsone ka go e loma gangwe fela mme e bo e tlolela gape mo setlhareng ka bonako. E leta gore serapa seno se fete mme e bo e ya go tsaya e e e bolaileng.

Le fa go ntse jalo, jaguar ke nngwe ya dikatse tse dikgolo tse le ka motlha di ka se keng tsa tlhasela motho, e bile ga e ise e ko e umakwe gareng ga diphologolo tse di jang batho. Tota e bile, batho ke bone ba leng kotsi mo phologolong eno go na le kafa yone e leng kotsi ka teng mo go bone.

Lebaka La go Bo di Le Mmalwa Jaana

Di-jaguar di kile tsa bo di tletse go tswa kwa borwa jwa United States go ya go fitlha gaufi le karolo e e kwa godimo ya Amerika Borwa. Gompieno, di nna mo karolong e e kafa tlase ga halofo ya naga e di kileng tsa bo di nna mo go yone dingwaga di le lekgolo tse di fetileng. Go fitlha mo bogareng jwa bo1970, batsomi ba ne ba bolaya diketekete tsa di-jaguar ngwaga le ngwaga ka ntlha ya letlalo la tsone. Ka 1968 fela, matlalo a a fetang 13 500 a ne a romelwa kwa dinageng tse di kwa ntle ga Amerika. Ka 2002, go ne go fopholediwa gore go setse di-jaguar tse di kwa tlase ga di le 50 000. Gone jaanong go ka tswa go setse di le 15 000 kwantle ga tse di kwa dizuu.

Patlisiso nngwe ya Mokgatlho wa Tshireletso ya Diphologolo e bega gore mo e ka nnang diperesente di le 40 tsa legae le le tlwaelegileng la di-jaguar le sentswe ke go rengwa ga dikgwa. Kwa Mexico fela, go begiwa gore go rengwa lefelo la tsone le le lekanang le lebala la kgwele ya dinao motsotso mongwe le mongwe. Seno se patelela di-jaguar go tsoma diruiwa gore di tle di tshele.

Maiteko A go Di Sireletsa

Dinaga tse di ka nnang 200 di tshegetsa melao e e tlhomilweng ke Convention on International Trade in Endangered Species e e buelelang gore go se ka ga nna kafa molaong go tsoma di-jaguar ka ntlha ya mabaka a kgwebo. Go dirilwe dirapa tsa diphologolo go ralala lefatshe go sireletsa mafelo a tsone a tlholego. Ka 1986 Cockscomb Basin Wildlife Sanctuary ya kwa Belize e ne ya nna lefelo la ntlha le le sireletsang di-jaguar mo lefatsheng. Mo godimo ga moo, Mexico e ile ya beela kwa thoko diheketara tse di fetang 150 000 tsa sekgwa sa boboatsatsi kwa Calakmul Biosphere Reserve kwa Pheninsuleng ya Yucatán go sireletsa di-jaguar.

Go sa ntse go tla bonala gore maiteko a batho ba a dirang a go sireletsa “kgosi eno ya sekgwa” a tla felela kae. Le fa go ntse jalo, re ka gomodiwa ke go itse gore go ise go ye kae, Mmopi wa rona o tla “senya ba ba senyang lefatshe” mme mo nakong eo go tla nna le kagiso mo gare ga batho le diphologolo, fela jaaka Modimo a ne a ikaeletse.—Tshenolo 11:18; Isaia 11:6-9.

[Mmapa mo go tsebe 24, 25]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Setlhopha sa Di-jaguar

Setlhopha sa kwa tshimologong

Setlhopha sa gone jaanong

AMERIKA BOKONE

AMERIKA BOGARE

AMERIKA BORWA