Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mo Leungong le Lennye go Tswa Setlhare se Segolo sa Moakere

Mo Leungong le Lennye go Tswa Setlhare se Segolo sa Moakere

Mo Leungong le Lennye go Tswa Setlhare se Segolo sa Moakere

Leungo le lennye, le le tshwanang le lee le lennye le le tsentsweng mo koping e e tshwarang mae, le wela fa fatshe go tswa mo setlhareng. Fa le katelwa ke kotokwe fa a ntse a epa, morago ga nako e e rileng peo eo e a gola. Fa nako e ntse e tsamaya, e nna setlhare se segolo le se se nonofileng sa moakere, mme se nna segolo go gaisa ditlhare tse dingwe tse di leng gone mo dikgweng tsa Boritane.

Gantsi hisitori le mainane a tlhalosa gore setlhare sa moakere se kgona go tshela go feta dingwaga di le sekete. Tse dingwe di gola go fitlha boleele jwa dimetara tse 40! Ditlhare tsa moakere tsa bogologolo di lemotshega ka dithito tsa tsone tse dikgolo le dikala tsa tsone tse di tsharologileng. Le fa go na le mefuta e mebedi ya ditlhare tsa moakere kwa Boritane, go na le mefuta e mengwe e e ka nnang 450 mo lefatsheng ka bophara. Selo se se di tlhaolang tsotlhe ke peo ya tsone, leungo le lennye.

Setlhare sa moakere ke legae la diphologolo tse dintsi tse di farologaneng go gaisa setlhare sepe fela se sengwe kwa Boritane. Diphologolo tseno di akaretsa mefuta e mentsi ya ditshenekegi. Diboko tse dintsi di rata go ja matlhare a moakere a a boleta ka paka ya selemo. Mme setlhare seno se kgona go itshireletsa. Matlhare a a setseng a godile a na le khemikale e e bidiwang tannin e e dirang gore a se ka a nna monate.

Diphologolo di kgona go nna mo karolong nngwe le nngwe ya setlhare seno. Ditshenekegi tse dintsintsi tse di nnang moo di ngoka dinonyane le digokgo tse dintsi. Dikhukhwane le tsone di nna kafa tlase ga makwati a sone a makima a a phatlogileng. Merubisi le ditlhopha tsa bommamathwane di nna mo dikhuting tse di mo dithitong. Diphologolo tse dinnye tse di jaaka dipeba, bommutla, bomatshwane le bophokoje di bona bonno mo meding ya sone.

Moakere o na le ditsela tsa go ntsha matlhare le maungo a a sa tlhokegeng. Ngwaga mongwe le mongwe, go tlhotlhorega matlhare a mantsi mo setlhareng se se setseng se godile thata. Mouta le dibaketeria di bodisa matlhare ano mme e bo e nna menontsha e e boelang mo mmung. Setlhare seno se tla ntsha maungo a le 50 000 mo dingwageng di le mmalwa. Bontsi jwa one a a kokoanngwa kgotsa a jewa ke dinonyane le diphologolo. Ditampana le dikhukhwane di ntsha logong lo lo suleng mme makwati a sone a jewa ke mouta.

Logong lwa moakere lo thata e bile lo kgona go nna nako e telele lo sa robege. Ga lo bolo go nna lo dirisiwa mo go ageng matlo le mo go direng fanitšhara ya maemo a a kwa godimo. Lo siametse go dira difaki tse di tsenyang bojalwa le beine. Dikepe tse di nonofileng tse di dirilweng ka logong lwa moakere, di ile tsa thusa Masole a mo Lewatleng a Boritane go nna le taolo mo mawatleng ka dingwaga di le dintsi.

Logong lwa moakere lo sa ntse lo le botlhokwa. Mme setlhare seno, se e leng karolo ya naga ya Boritane, se a ratiwa ka gonne se nonofile, se ka ikanngwa e bile se kgona go tshela lobaka lo loleele. Go tswa mo leungong le lennye, go gola setlhare se segolo sa moakere—e leng kgakgamatso e nngwe ya popo!

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Moakere o kgona go tshela lobaka lo lo fetang dingwaga di le sekete mme o gola go nna boleele jwa dimetara tse 40 mme o bophara jo bo fetang dimetara di le 12

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Tree: © John Martin/Alamy; acorn: © David Chapman/Alamy