Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Molekhule wa Hemoglobin o o Gakgamatsang—O o Dirilweng ka Botswerere

Molekhule wa Hemoglobin o o Gakgamatsang—O o Dirilweng ka Botswerere

Molekhule wa Hemoglobin o o Gakgamatsang—O o Dirilweng ka Botswerere

“Go hema go bonala e le selo se se motlhofo, le fa go ntse jalo, go bonala karolo eno ya botshelo e ikaegile ka go dirisana mmogo ga diatomo tse dintsi mo teng ga molekhule o mogolo o o raraaneng thata.” —Max F. Perutz, mogapi mmogo wa Sekgele sa Nobel sa 1962 ka ntlha ya dipatlisiso tsa gagwe malebana le molekhule wa hemoglobin.

GO HEMA ke selo se se diregang motlhofo fela. Bontsi jwa rona ga re ke re akanya ka gone. Mme gone, go hema go ne go se kitla go dira gore re kgone go tshela fa e ne e se ka molekhule wa hemoglobin o o mo bathong, o o raraaneng o o dirilweng ka botswerere jo bogolo ke Mmopi wa rona. Hemoglobin e e mo teng ga nngwe le nngwe ya disele tsa rona tse dikhibidu di le ditrilione tse 30, e tsaya okosejene go tswa mo makgwafong e bo e e isa kwa dithishung tse dingwe go ralala mmele. Kwantle ga hemoglobin, re ne re ka swa ka ponyo ya leitlho.

Dimolekhule tsa hemoglobin di kgona jang go tsaya dimolekhule tse dinnyennye tsa okosejene ka nako e e tshwanetseng, di bo di di boloka ka pabalesego go fitlha nako e e tshwanetseng mme di bo di di ntsha ka nako e e tshwanetseng? Go tlhokega tiro e e seng kana ka sepe e e gakgamatsang e e dirwang ke dimolekhule.

“Dithekisi” Tse Dinnyennye Tsa Dimolekhule

O ka akanya ka molekhule mongwe le mongwe wa hemoglobin o o mo seleng, e le thekisi e nnye e e nang le mabati a le manè, e e lekanang “bapalami” ba le banè fela. Thekisi eno ya molekhule ga e tlhoke mokgweetsi, ka gonne e tsamaya mo teng ga sele e khibidu ya madi, e e ka tlhalosiwang e le selo se se tsamayang se rwele dimolekhule tseno tsa hemoglobin.

Mosepele wa molekhule wa hemoglobin o simolola fa disele tse dikhibidu tsa madi di goroga mo di-aveol tsa makgwafo—“boemafofane.” Fa re hemela mowa mo teng ga makgwafo a rona, boidiidi jwa dimolekhule tse dinnye tsa okosejene tse di sa tswang go goroga di simolola go batla manno mo thekising. Ka bonako fela dimolekhule tseno di tsena mo teng ga disele tse dikhibidu tsa madi, tse di rwalang dimolekhule. Mo lekgetlong leno, mabati a dithekisi tsa hemoglobin tse di mo seleng nngwe le nngwe a a tswalwa. Le fa go ntse jalo, ga go tseye nako e telele pele ga molekhule o o ikemiseditseng wa okosejene o o tswang mo gare ga boidiidi jo bo tlhanaselang o itshukunyetsa mo teng mme o bo o nna mo setulong sa thekisi ya hemoglobin.

Jaanong go diragala sengwe se se kgatlhang thata. Mo teng ga sele e khibidu, molekhule wa hemoglobin o simolola go fetola popego ya one. “Mabati” otlhe a le manè a thekisi ya hemoglobin a bulega ka boone fa bapalami ba ntlha ba tsena, mme seo se dira gore bapalami ba bangwe ba ba setseng ba kgone go palama motlhofo. Thulaganyo eno, e go tweng ke tirisanommogo, e bereka sentle jaana mo e leng gore ka nako ya fa o gopa mowa gangwe, diperesente di le 95 tsa “manno” a a mo dithekising tse di mo seleng e khibidu ya madi a a tsewa. Dimolekhule tsa hemoglobin tse di fetang 250 000 000 tse di mo teng ga sele e le nngwe e khibidu ya madi di dira mmogo go rwala dimolekhule tsa okosejene tse di ka nnang bilione! Go ise go ye kae, sele e khibidu ya madi e e nang le dithekisi tseno tsotlhe e isa okosejene e e botlhokwa e e e rweleng kwa dithishung tsa mmele tse di e tlhokang. Mme o ka nna wa ipotsa gore, ‘Ke eng se se dirang gore diatomo tsa okosejene tse di mo teng ga sele di se ka tsa tswa e ise e nne nako?’

Karabo ke gore mo teng ga molekhule mongwe le mongwe wa hemoglobin, dimolekhule tsa okosejene di ngaparela mo diatomong tsa aene tse di ntseng di letile. O ka tswa o kile wa bona gore go direga eng fa okosejene le aene di kopana mo go nang le metsi gone. Gantsi go nna le iron oxide, e leng ruse. Fa aene e rusa, okosejene e tswalelwa go ya go ile mo teng ga kirisetale. Jaanong go tla jang gore molekhule wa hemoglobin o kopanye le go kgaoganya aene le okosejene mo tikologong e e metsi ya sele e khibidu ya madi, kwantle ga go dira gore go nne le ruse?

Go o Sekaseka Sentle

Go bona karabo ya potso eo, mma re sekaseke molekhule wa hemoglobin sentle. O dirilwe ka diatomo tse di ka nnang 10 000 tsa haeterojene, khabone, naeterojene, sulfur le okosejene tse di kgobokantsweng ka matsetseleko go dikologa diatomo di le nnè fela tsa aene. Ke eng fa diatomo di le nnè tsa aene di tlhoka tshegetso e kana kana?

Sa ntlha, diatomo tse nnè tseno tsa aene di na le motlakase mme di tshwanetse go laolwa ka kelotlhoko. Diatomo tse di nang le motlakase tse di bidiwang di-ion, di kgona go baka tshenyo e kgolo mo teng ga disele fa di ka tswa mo go tse di kgobokantsweng le tsone. Ka jalo, nngwe le nngwe ya di-ion tse nnè tseno tsa aene e bolokiwa mo gare ga poleiti e e thata e e sireletsang. * Go tswa foo, dipoleiti tse nnè tseno di tsenngwa ka kelotlhoko mo teng ga molekhule wa hemoglobin ka tsela ya gore dimolekhule tsa okosejene di kgone go fitlhelela di-ion tsa aene mme dimolekhule tsa metsi tsone di se ka tsa kgona go fitlha kwa go tsone. Fa go se na metsi ga go kgonege gore go nne le dikirisitale tsa ruse.

Fa aene e le nosi mo teng ga molekhule wa hemoglobin ga e kgone go kopanya okosejene le go e kgaoganya. Ka jalo, fa go se na diatomo tse nnè tsa aene tse di nang le motlakase, molekhule otlhe wa hemoglobin ga o ka ke wa nna le mosola. Fa di-ion tsa aene di tsentswe sentle mo teng ga molekhule wa hemoglobin, ke gone fela okosejene e ka fetisediwang mo mading.

Go Ntsha Okosejene

Fa sele e khibidu ya madi e tswa mo ditshikeng mme e tsena mo teng ga ditshikana tse ditshesane tsa madi kwa tengteng ga dithishu tsa mmele, tikologo e e gaufi le sele e khibidu ya madi e a fetoga. Jaanong tikologo e thuthafetse go feta e e mo makgwafong, ka jalo ga go na okosejene e e kalo koo mme go na le asiti e e oketsegileng e e tswang mo khabonetaeokosaeteng e e dikologileng sele. Matshwao ano a bolelela dimolekhule tsa hemoglobin kgotsa dithekisi, tse di mo teng ga sele gore ke nako ya gore di ntshe bapalami ba tsone ba ba botlhokwa e leng okosejene.

Fa dimolekhule tsa okosejene di tswa mo molekhuleng wa hemoglobin, di fetola popego ya tsone gape. Phetogo eno e lekane fela gore “mabati a tswalwe” mme okosejene e tlogelwe kwa ntle, mo e tlhokegang thata gone. Go tswala mabati gape go thibela hemoglobin gore e se ka ya busetsa okosejene epe e e sa batlegeng kwa makgwafong. Go na le moo, e tsaya khabonetaeokosaete ka bonako go boa ka yone.

Ka bonako fela disele tsa madi tse dikhibidu tse di se nang okosejene di boela kwa makgwafong, kwa dimolekhule tsa hemoglobin di ntshang khabonetaeokosaete gone mme di bo di tsaya okosejene e e oketsegileng e e nayang botshelo—thulaganyo e e boelediwang ka makgetlo a le diketekete mo lobakeng lwa malatsi a le 120 a disele tse dikhibidu tsa madi di tshelang ka one.

Ga go pelaelo gore hemoglobin ga se molekhule o o tlwaelegileng. O ntse fela jaaka o tlhalositswe kwa tshimologong ya setlhogo seno, ke “molekhule o mogolo o o raraaneng thata.” Re sala re gakgametse tota e bile re leboga Mmopi wa rona yo o botlhale e bile e le moenjenere yo o matsetseleko yo o dirang gore botshelo bo nne teng!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Poleiti eno ke molekhule o o farologaneng o o bidiwang heme. Ga e a dirwa ka poroteine mme e tsentswe mo teng ga poroteine ya hemoglobin.

[Lebokoso/Tšhate mo go tsebe 28]

TLHOKOMELA HEMOGLOBIN YA GAGO!

“Madi a a tlhaelang aene,” e leng polelwana e e tlwaelegileng mo mafelong mangwe, tota ke madi a a tlhaelang hemoglobin. Fa molekhule wa hemoglobin o se na diatomo tse nnè tse di botlhokwa tsa aene, diatomo tse dingwe di le 10 000 mo molekhuleng ono di tla bo di se na mosola ope. Ka jalo, go botlhokwa gore motho a nne le aene e e lekaneng ka go ja dijo tse di nang le dikotla. Mefuta e e farologaneng ya dijo tse di ka re nayang aene di mo lenaaneng le le mo tšhateng e e mo tsebeng eno.

Mo godimo ga gore re je dijo tse di nang le aene e ntsi, re tshwanetse go ela tlhoko kgakololo eno: 1. Ikatise ka metlha e bile e le ikatiso e e tshwanetseng. 2. O se ka wa goga motsoko. 3. Tila go bapa le batho ba ba gogang. Ke ka ntlha yang fa disekerete le mefuta e mengwe ya metsoko e le kotsi jaana?

Ke ka gonne motsoko o tletse ka carbon monoxide, yone gase e e kotsi e e ntshiwang ke dikoloi. Gase ya carbon monoxide e baka dintsho tse e seng tsa ka boomo gape ke yone e batho bangwe ba e dirisang go ipolaya. Carbon monoxide e tshwaragana le diatomo tsa aene tse di mo hemoglobin ka bonako ka makgetlo a a fetang 200 go feta kafa okosejene e dirang ka gone. Ka jalo, mosi wa sekerete o ama motho ka bonako ka go mo kgoreletsa gore a se ka a hema okosejene.

[Tšhate]

DIJO SELEKANYO SA DIJO AENE(mg)

Sirapa ya molasses leswana le le lengwe 5,0

Dinawa tse di omisitsweng digerama di le 7,2 4,0

Letlhodi halofo ya kopi 3,3

Nama ya kgomo digerama di le 85 3,2

Diperekisi tse di omisitsweng dihalofo tse 5 2,6

Sebete sa koko digerama di le 6,5 2,6

Korong kwatara ya kopi 2,6

Di-chickpea halofo ya kopi 2,4

Broccoli kalana e le nngwe 2,1

Nama ya kalakune digerama di le 85 2,0

Sepinatšhe kopi e le nngwe se sa apewa 0,8

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Popego ya poroteine

Okosejene

Atomo ya aene

“Heme”

Mo tikologong ya makgwafo e e tletseng okosejene, molekhule wa okosejene o tla kopana le “hemoglobin”

Fa molekhule wa ntlha wa okosejene o sena go kopanngwa, phetogo e nnye mo popegong ya “hemoglobin” e dira gore dimolekhule tse dingwe tse tharo tsa okosejene di kgone go kopana ka bonako

“Hemoglobin” e tlosa dimolekhule tsa okosejene mo makgwafong mme e bo e di isa kwa di tlhokegang gone mo mmeleng