Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Tlogela Jang go Nna ke Hutsafetse Thata Jaana?

Nka Tlogela Jang go Nna ke Hutsafetse Thata Jaana?

Basha ba Botsa Jaana

Nka Tlogela Jang go Nna ke Hutsafetse Thata Jaana?

“Fa ditsala tsa me di sa kgone go itshokela mathata a ba nang le one, ke ba thusa go a rarabolola le go dira gore ba ikutlwe botoka. Mme gone, batho ba le bantsi ga ba lemoge gore fa ke fitlha kwa gae ke tsena mo kamoreng ya me ke bo ke lela.”—Kellie. *

“Fa ke hutsafetse, ke itlhaola mo bathong. Fa ke lalediwa golo gongwe, ke dira diipato tsa gore ke se ka ka ya. Ke leka ka bojotlhe gore ba lelapa la gaetsho ba se ka ba lemoga khutsafalo ya me. Ba akanya gore ke siame.”—Rick.

ALE wena o a tle o akanye jaaka Kellie kgotsa Rick? Fa e le gore go ntse jalo, o se ka wa itlhaganelela go swetsa ka gore go na le sengwe se se phoso ka wena. Boammaaruri ke gore, ka dinako dingwe mongwe le mongwe wa rona o a hutsafala. Tota le banna le basadi ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ne ba tle ba hutsafale.

Mo maemong mangwe, o ka tswa o itse gore ke eng se se go hutsafatsang; mme mo go a mangwe o ka tswa o sa itse. Anna wa dingwaga tse 19 o bolela jaana: “Ga go tlhokege gore o bo o le mo seemong se se maswe gore o hutsafale. Go ka itlela fela nako nngwe le nngwe, tota le fa o se na mathata mo botshelong. Go ka tswa go sa utlwale mme gone go a direga!”

Go sa kgathalesege gore e bakiwa ke eng—kgotsa tota le fa go ka tswa go lebega go se na se se e bakileng—o ka dira eng fa khutsafalo e go fekeetsa?

Ntlha e o ka e dirisang #1: Bua ka gone. Baebele ya re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.”—Diane 17:17.

Kellie: “Tsela e ke ikutlwang ke imologile ka yone fa ke sena go bua le mongwe e a gakgamatsa. Kgabagare, mongwe o itse ka seemo se ke leng mo go sone. Ba ka kgona go latlhela mogala mo mosimeng o ke leng mo go one ba bo ba nthusa go tswa—kwa bofelong ke ile ka thusiwa!”

Kakantsho: Fa tlase fano, kwala leina la ‘molekane wa gago wa boammaaruri’ yo o ka mmulelang mafatlha fa khutsafalo e go fekeetsa.

․․․․․

Ntlha e o ka e dirisang #2: Kwala ka gone. Fa khutsafalo e ama tsela e o lebang botshelo ka yone, o ka nna wa leka go kwala maikutlo a gago. Ka dinako tse dingwe, Dafide o ne a tlhalosa khutsafalo ya gagwe e e boteng mo dipesalemeng tsa gagwe tse di tlhotlheleditsweng. (Pesalema 6:6) Go kwala ka maikutlo a a tshwanang le ao go ka go thusa go “dibela botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya.”—Diane 3:21.

Heather: “Go kwala go nthusa go laola dikakanyo tse dintsi tse ke nnang le tsone ka ntlha ya khutsafalo. Fa o kgona go tlhalosa maikutlo a gago le go lemoga gore ke ka ntlha yang fa o ikutlwa jalo, khutsafalo e ka se go fekeetse go le kalo.”

Kakantsho: Bangwe ba tlhopha go nna le diary. Fa e le gore le wena o dira jalo, ke eng se o ka se kwalang mo go yone? Fa o hutsafetse, tlhalosa ka fa o ikutlwang ka teng le gore o akanya gore ke eng se se ka tswang se bakile khutsafalo ya gago. Morago ga kgwedi, bala se o se kwadileng. A tsela e o ikutlwang ka yone ka kgang eno e fetogile? Fa e le gore go ntse jalo, kwala gore ke eng se se neng sa go thusa.

Ntlha e o ka e dirisang #3: Rapela ka gone. Baebele e bolela gore fa o rapela ka dilo tse di go tshwenyang, ‘kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa pelo ya gago le maatla a gago a mogopolo.’—Bafilipi 4:7.

Esther: “Ke ne ke leka go bona gore tota ke eng se se dirang gore ke hutsafale thata jaana, mme ke ne ke sa kgone. Ke ne ka kopa Jehofa gore a nthuse gore ke itumele. Ke ne ke lapisiwa ke go nna ke hutsafetse mme go se na sepe se se dirang gore ke hutsafale. Kgabagare ke ne ka tlogela go hutsafala. Le ka motlha o se ka wa nyatsa maatla a thapelo!”

Kakantsho: Dirisa Pesalema 139:23, 24 e le sekao sa kafa o ka rapelang Jehofa ka teng. Mmolelele maikutlo a gago a a boteng mme o mo kope gore a go thuse go lemoga se se bakang khutsafalo ya gago.

Mo godimo ga dikakantsho tse go tlotlilweng ka tsone fa godimo, o na le letlotlo le le botlhokwa mo Lefokong la Modimo. (Pesalema 119:105) Go tlatsa mogopolo wa gago ka dikakanyo tse di agang tse di mo dipegong tsa Baebele, go ka ama tsela e o akanyang ka yone, maikutlo a gago le ditiro tsa gago. (Pesalema 1:1-3) Go na le dipego tse di amang maikutlo le tse di kgatlhang mo bukeng ya Baebele ya Ditiro. O ka bona dikakantsho tse di oketsegileng tsa mmalo wa Baebele o o agang ka go sekaseka ditsebe tse robongwe tsa “Sekao se se Molemo,” mo bukeng ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Dingwe tsa dipego tsa Baebele tse go buiwang ka tsone mo ditsebeng tseno ke sekao sa ga Josefa, Hesekia, Lidia le Dafide. E bile mo tsebeng ya 227, o tla bona kafa moaposetoloi Paulo a neng a lebana ka katlego ka teng le maikutlo a a sa siamang, a a neng a tle a nne le one ka dinako tse dingwe ka ntlha ya bosaitekanelang jwa gagwe.

Mme go tweng fa e le gore le fa o dira maiteko, maikutlo a gago a go hutsafala ga a fele?

Fa Khutsafalo e sa Fele

Ryan o bolela jaana: “Mo mesong mengwe ke bona go le botoka gore ke nne fela mo bolaong ke sa tsoge e le go tila go lebana le letsatsi le lengwe le le se nang mosola.” Ryan o na le bolwetse jwa go tshwenyega mo maikutlong jo bo bidiwang clinical depression mme go na le batho le bantsi ba ba nang le bolwetse jono. Dipatlisiso di bontsha gore mo e ka nnang mosha a le mongwe mo go ba le banè, ba nna le mofuta mongwe wa bolwetse jwa go tshwenyega mo maikutlong pele ga ba nna bagolo.

O ka lemoga jang gore o na le bolwetse jwa go tshwenyega mo maikutlong? Dikai dingwe di akaretsa go fetofetoga thata ga maikutlo le tsela e o itshwarang ka yone, go itlhaola mo bathong ba bangwe, go sa kgatlhegele go dira dilo tse dintsi, go fetoga ga tsela e o jang ka yone le tsela e o robalang ka yone le go nna le maikutlo a a tseneletseng a go ikutlwa o se na mosola le go ipona molato go sa tlhokege.

Gone ke boammaaruri gore ka dinako dingwe, mo e batlileng e nna mongwe le mongwe o nna le lengwe la matshwao ano kgotsa a a oketsegileng. Mme fa matshwao ano a tswelela a le teng ka lobaka lo lo fetang dibeke di le mmalwa, ke eng fa o sa bue le batsadi ba gago ka go ya go bona ngaka? Ngaka e ka nna ya kgona go go thusa go lemoga gore a khutsafalo ya gago e bakiwa ke sengwe se se batlang kalafi. *

Fa e le gore o na le bolwetse jwa go tshwenyega mo maikutlong jo bo bidiwang clinical depression, ga o tlhoke go tlhabiwa ke ditlhong. Ka ntlha ya go bona kalafi, batho ba le bantsi ba ba nang le bolwetse jono ba ne ba simolola go ikutlwa botoka—gongwe e le tsela e e molemo e ba kileng ba ikutlwa ka yone morago ga lobaka lo loleele! Ka gone, e ka ne khutsafalo ya gago e bakiwa ke go tshwenyega mo maikutlong kgotsa nnyaa, gakologelwa mafoko ano a a gomotsang a a mo go Pesalema 34:18: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 23 Fa khutsafalo e tswelela lobaka lo loleele, basha ba le bantsi ba akanya ka go ipolaya. Fa e le gore o kile wa akanya ka gone, bua le motho yo o godileng yo o mo ikanyang ka bonako.—Bona Tsogang! ya May 2008, tsebe 26-28.

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

TSE O KA AKANYANG KA TSONE

A go lela go na le mosola mongwe?

“Ga ke motho yo o lelang motlhofo mme ke bone gore go a tlhokega, fa ke hutsafetse. Go lela go thusa gore maikutlo a khutsafalo a ritibale. Ke simolola go akanya ka tsela e e tekatekano ke sa tseege maikutlo mme ke kgona go bona isagwe e e itumedisang.”—Leanne.

Ba bangwe ba ka go thusa jang go lepalepana le khutsafalo?

“Fa ke hutsafetse, ke tlhoka go tila go itlhaola mo bathong. Ee, nka nna ka tlhoka go nna ke le nosi gore ke tlhaloganye maikutlo a me le gore ke kgone go lela ke bo ke kgotsofale. Mme morago ga moo, ke a itse gore ke tlhoka go nna le batho ba bangwe e le gore ke se ka ka akanya ka sepe fela se se neng se dirile gore ke hutsafale.”—Christine.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 21]

SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG

“Gantsi ke hutsafala thata fa ke nna ke akantse ka nna. Ka jalo, nako le nako fa ke thusa ba bangwe, seo se dira gore ke se ka ka tlhoma mogopolo mo go nna ke le nosi fela mme ke kgona go itumela gape.”

“Fa ke nna ke latela thulaganyo e e siameng ya go ikatisa mmele, maikutlo a me a a sa siamang a a fokotsega ka gonne ke simolola go akanya botoka ka motho yo ke leng ene. Fa ke ikatisa mmele ke dirisa maatla a mantsi mo e leng gore morago ga moo, ke a bo ke lapile mo ke se nang maatla a go hutsafala!”

[Ditshwantsho]

Drenelle

Rebekah

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Fa o kopa thuso e bile o dira maiteko, o ka kgona go tswa mo mosimeng o o boteng wa khutsafalo