Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sengwe se se Molemo se Barutabana ba se Lemogileng

Sengwe se se Molemo se Barutabana ba se Lemogileng

Sengwe se se Molemo se Barutabana ba se Lemogileng

● Irena yo e leng moithuti wa grade 8, o nna kwa Kurtovo Konare e leng motse mongwe wa kwa Bulgaria. Mmaagwe o ne a naya morutabana wa gagwe buka ya Dipotso Tse Basha ba di BotsangDikarabo Tse di Nang le Tharabololo kwa pokanong e barutabana ba e tshwarang le batsadi.

Nako nngwe morago ga foo, morutabana a tshotse buka eno, o ne a bitsa Irena go tla fa pele ga tlelase. O ne a raya Irena a re: “Gompieno ke wena o tla rutang tlelase. Ke tlhophile kgaolo e o tla e balang mme ke batla gore o tlhalose gore lelapa la gaeno le dirisa jang dikakantsho tse di mo go yone.” Kgaolo e a e tlhophileng e ne e na le setlhogo se se reng “Ke ka Ntlhayang Fa Ke Tshwanetse go ‘Tlotla Rre le Mmè’?”

Fa Irena a ya kwa pele, bana bangwe ba ba tsenang le ene mo tlelaseng ba ne ba re batsadi ba gagwe ga ba tshwane le batsadi ba bangwe. Morutabana o ne a ba tsena ganong mme a ba botsa jaana: “A lo itse gore ke ka ntlha yang fa lelapa la gaabo le farologane jaana? Ke ka gonne ba ithuta Baebele. Ke rutile bomogoloe, mme fa e sa le ke le morutabana ga ke ise ke bone bana ba ba nang le tlotlo jaana le ba ba godisitsweng ka tsela e e molemo jaana.”

Morago ga foo morutabana o ne a kopa Irena gore a bale. Morago ga gore a bale serapa se se tlhalosang gore Modimo o neile batsadi tshwanelo ya go tlhoma melao, morutabana o ne a mmotsa jaana: “Irena lo dirisa seno jang mo lelapeng la gaeno? A o tsaya sengwe le sengwe se batsadi ba gago ba se go bolelelang e le molao?”

Irena o ne a tlhalosa jaana: “Mongwe le mongwe wa rona a ka tswa a na le maikutlo a gagwe mme gone Baebele e bolela gore bana ba tshwanetse go tlotla batsadi ba bone, ba ba ikobele mme ke se re se dirang. Le fa go ntse jalo, re letlelelwa go tlotla ka dikgang tse di rileng rotlhe, mme mongwe le mongwe wa rona o nna le tshono ya go tlhalosa maikutlo a gagwe.” Fa tlelase e tswa mongwe le mongwe o ne a kgotsofetse.

O ka nna wa kopa go romelelwa khopi ya buka eno ka go tlatsa setlankana se se fa tlase fano mme o bo o se romela kwa atereseng e e mo setlankaneng seno kgotsa mo atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya buka e e bontshitsweng fano.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.