Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo ke Motho wa Mmatota?

A Modimo ke Motho wa Mmatota?

Baebele ya Reng

A Modimo ke Motho wa Mmatota?

E RE ka batho ba gakgamadiwa ke tlholego, ba le bantsi ba ikutlwa ba patelesega go dumela mo maatleng a a fetang a tlholego, modimo mongwe. A o kgatlhiwa ke go raraana ga lobopo? A o gakgamadiwa ke dilo tse di gakgamatsang mo polaneteng ya rona le tsela e e raraaneng e mmele wa motho o bopilweng ka yone?

Fa e le gore go ntse jalo, gongwe dilo tseno di ile tsa dira gore le wena o dumele mo Modimong yo o maatla. Madumedi mangwe a ruta gore sebopiwa seo se nna kwa dithabeng, mo ditlhareng, kwa loaping le mo dilong dingwe tse re di bonang tsa tlholego. Ba bangwe ba dumela gore meya ya bagologolwane, e mengwe ya yone e leng molemo mme e mengwe e le bosula, e a kopana go nna meya mengwe ya masaitseweng, e yotlhe e nnang Mogodimodimo—Modimo!

Le fa e ka tswa e le eng, tumelo e e tlwaelegileng ke gore maatla ano a e seng a tlholego ga a na dinonofo. Batho bangwe ba go fitlhela go le thata go dumela gore Modimo o na le mogopolo, maikutlo, maikaelelo le dikeletso. A Modimo ke motho wa mmatota? Baebele, nngwe ya dibuka tsa bogologolo thata tse di boitshepo e e anamisitsweng thata gompieno, e neela karabo e e phepafetseng.

Tsela e Motho a Leng ka Yone e Bontsha Gore Modimo o Ntse Jang

Baebele e ruta gore motho o bopilwe a na le dinonofo tse di tshwanang le tsa Modimo. Genesise 1:27 ya re: “Modimo o bopile batho, a ba dira gore ba tshwane le ene.”—Today’s English Version.

Go bonala sentle gore mafoko ao ga a reye gore batho ba ntlha ba ne ba tshwana tshe le Modimo. Baebele ya re Modimo ke moya o o sa bonaleng fa batho bone ba dirilwe ka dilo tse di bonalang tsa lefatshe. (Genesise 2:7; Johane 4:24) Kwantle ga pharologano eo e e fa gare ga Modimo le batho, go sekaseka ka kelotlhoko dinonofo tse batho ba nang le tsone go tshwanetse ga dira gore re bone gore tota Modimo o ntse jang.

Batho ba kgona go dirisa maatla le go dira dilo tse di akanyeditsweng sentle. Dilo tse ba di dirang di ka nna tsa tlhotlhelediwa ke dinonofo tse di jaaka bopelonomi, bokgoni jwa go akanya, botlhale le go nna le tshiamiso. Batho ba na le maikutlo a a farologaneng a a jaaka lorato lo logolo, letlhoo le bogale. Go nna le dinonofo tseno ka ditsela tse di sa tshwaneng go dira gore re farologane mongwe mo go yo mongwe. Ee, mongwe le mongwe wa rona o na le botho jo bo farologaneng.

A go tla bo go utlwala gore Modimo a re bope re le batho ba ba raraaneng fa ene ka boene e ne le maatla a e seng motho a a kgarakgatshegang fela mo lefelong la semoya? Fa e le gore batho ba dirilwe mo setshwanong sa Modimo, he, tsela e Modimo a leng ka yone e tla bo e tshwana le e batho ba leng ka yone ka ditsela di le dintsi. Akanya ka dintlha tse di latelang.

Modimo o na le leina. Baebele e bolela jaana mo go Isaia 42:8: “Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me.” Modimo o batla gore leina la gagwe le itsiwe. Gape Baebele e bolela jaana: “A leina la ga Jehofa le bakwe go tloga jaanong go ya bosakhutleng. Go tswa kwa tlhabong ya letsatsi go ya kwa phirimong ya lone leina la ga Jehofa le tshwanetse go bakwa.” (Pesalema 113:2, 3) Ka ntlha ya seo, ka go dirisa leina la Modimo gangwe le gape, baobamedi ba gagwe ba mo tsaya e le motho.

Modimo o Tlhomologile. Baebele e ruta gore Modimo o tlhomologile. (1 Bakorintha 8:5, 6) Baebele ya re: ‘O mogolo ruri, wena Morena Molaodimogolo Jehofa; gonne ga go na ope o sele yo o tshwanang le wena.’ (2 Samuele 7:22) Dikwalo gape di tlhalosa Jehofa e le “Modimo wa boammaaruri kwa magodimong kwa godimo le mo lefatsheng fa tlase. Ga go na yo mongwe.”—Duteronome 4:39.

Jehofa Modimo o tlhoile bosula. Motho ke ene fela a ka kgonang go nna le maikutlo a letlhoo. Baebele e re bolelela gore Mmopi o tlhoile dilo tse di jaaka “matlho a a ikgodisang, loleme lo lo maaka, le diatla tse di tshololang madi a a se nang molato, pelo e e logang maano a a utlwisang botlhoko, dinao tse di itlhaganeletseng go sianela kwa bosuleng, mosupi wa maaka yo o bilolang maaka, le ope yo o bakang manganga mo gare ga bomorwa motho.” (Diane 6:16-19) Ela tlhoko gore Modimo o tlhoile boitshwaro jwa batho jo bo dirang gore ba utlwise ba bangwe botlhoko. Mo go seno, re ithuta gore Modimo o amega ka boitekanelo jwa rona le gore o tlhoile dilo tse di tla re utlwisang botlhoko.

Jehofa ke Modimo yo o lorato. Baebele e tlhalosa gore Modimo o rata “batho ba lefatshe leno” thata. (Johane 3:16, Contemporary English Version) E mo tlhalosa a na le botho jwa rre yo o lorato yo o batlelang bana ba gagwe ba batho se se molemo. (Isaia 64:8) Batho ba ka bona masego a mantsi fa ba tlotla boemo jwa Modimo jaaka Rraabone yo o lorato.

O ka Nna Tsala ya Modimo

Kwantle ga pelaelo, Baebele e ruta gore Mmopi ke motho, yo o nang le leina le botho. O na le bokgoni jwa go dirisa maatla le go dira dilo tse di akanyeditsweng sentle tse di tlhotlhelediwang ke dinonofo tsa maemo a a kwa godimo tse di jaaka bopelonomi, botlhale le tshiamiso. Ga a kgakala kgotsa gore re ka se ka ra mo atamela. Go na le moo, a re: “Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tshwere seatla sa gago sa moja, Nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.’”—Isaia 41:13.

Modimo o na le boikaelelo ka batho. Baebele ya re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Go itse gore Jehofa o tlhomologile le gore o na le botho jo bo farologaneng, go dira gore go nne motlhofo gore re batle go nna le kamano le ene le go bona masego a a a nayang batho ba ba nnang ditsala tsa gagwe.—Duteronome 6:4, 5; 1 Petere 5:6, 7.

A O KILE WA IPOTSA GORE. . .

● A Modimo o na le leina?—Isaia 42:8.

● A go na le medimo e le mentsi?—1 Bakorintha 8:5, 6.

● A batho ba ka kgona go nna le kamano le Modimo wa boammaaruri?—1 Petere 5:6, 7.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

A Modimo a ka re bopa re le batho ba ba raraaneng fa ene e le maatla fela a e seng motho?