Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Ka Kgonega go Ikanya Mongwe?

A go Ka Kgonega go Ikanya Mongwe?

A go Ka Kgonega go Ikanya Mongwe?

Ngaka nngwe e ne e tsewa e le yone e di gogang kwa pele mo go boneng seokobatsi se se dirang gore motho a swe bogatsu. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tse di fetang di le lesome go simolola ka 1996, ngaka eno e e itsegeng e ne ya kwala dipego tse di seng boammaaruri tsa dipatlisiso tse a di dirileng mo dipegong tse di itsegeng tsa dingaka.

DR. STEVEN L. SHAFER o ne a nopolwa a bolela jaana mo Anesthesiology News: “Ga ke tlhaloganye gore ke eng se se ka dirang gore motho a dire seno.”

Ke eng se se ka tlhotlheletsang motho yo o tlotlegang yo o ithutetseng tiro nngwe go tsietsa batho ba bangwe? Akanya ka dilo di le nnè tse di ka mo tlhotlheletsang go dira jalo.

Bopelotshetlha. Dr. Jerome Kassirer, yo e kileng ya bo e le morulaganyi wa The New England Journal of Medicine, o ne a bolela jaana mo pegong ya The New York Times: “Fa babatlisisi ba le kafa tlase ga kgatelelo ka gonne bontsi jwa lotseno le ba le amogelang le tswa mo dikhampaning tsa [dikhemisi], ba ikutlwa ba patelesega go tla ka dipego tse di batliwang ke dikhampani tseo.”

Go dira sengwe le sengwe gore o atlege. Kwa Jeremane, go dumelwa gore baithuti ba saense ba yunibesithi ba duetse barutisi ba bone pipamolomo ya diketekete tsa di-euro gore ba ba neye maemo a gore ke di Doktor, e leng leina le le bontshang gore o atlegile kwa nageng eo. Patlisiso eo e e tlhalositsweng mo The New York Times e fitlhetse gore bontsi jwa baithuti ba ba dirang dilo ka tsela e e sa tshwanelang ba re ba “ikemiseditse go latela melao e e kwa godimo ya boitsholo” fa ba sena go atlega.

Go tlhoka batho ba ba tlhomang sekao se se molemo. Porofesa nngwe e ne ya nopolwa e bolela jaana mo The New York Times ka baithuti ba sekolo se segolwane: “Tota re ka re ga ba tlhole ba itse molao wa boitsholo . . . Gongwe go botoka fa re ka re go tloga fela kwa tshimologong barutabana le bakatisi tota le setšhaba ka kakaretso ga se a ka sa ba ruta go dira melao ya boitsholo le go e dirisa.”

Ditiro tse di sa tsamaisaneng le mekgwa e mentle. Mo patlisisong e e dirilweng mo baithuting ba ba ka nnang 30 000, diperesente di le 98 tsa bone di ile tsa re di dumela gore boikanyegi bo botlhokwa fa re dirisana le batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, baithuti ba le robedi mo go ba le lesome ba ne ba dumela gore ba kile ba aketsa batsadi ba bone, mme diperesente di le 64 di ne tsa dumela gore di ile tsa tsietsa ka nako ya ditlhatlhobo mo ngwageng o o fetileng.

Melaometheo ya Maemo a a Kwa Godimo ya Boitsholo

Jaaka go bontshitswe mo lebokosong le le mo tsebeng eno, go bonala batho ba bopilwe ba na le nonofo ya go ikanya. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa sentle gore “tshekamelo ya pelo ya motho e bosula go tloga bosheng jwa gagwe go ya pele.” (Genesise 8:21) O ka lwantsha jang tshekamelo eo mme o gane mokgwa wa go sa ikanyege o o anameng mo lefatsheng gompieno? Melaometheo e e latelang ya Baebele e ka thusa:

“O se ka wa logela mongwe ka wena leano lepe le le bosula, fa a nna le wena mme a ikutlwa a bolokesegile.”—Diane 3:29.

Tsela e re ratang baagelani ba rona ka yone e re tlhotlheletsa gore re amege ka bone, e seng gore re ba tsietse ka gonne ba re ikanya. Molaomotheo ono o ka fedisa mefuta yotlhe ya go tsietsa batho e e tlhotlhelediwang ke bopelotshetlha, e e jaaka melemo e mentsi e e seng ya boammaaruri e go tlhalositsweng ka yone kwa tshimologong ya setlhogo seno.

“Boammaaruri bo nna ka bosakhutleng; maaka one go ise go ye kae a a lemogiwa.”—Diane 12:19, “Contemporary English Version.”

Batho ba le bantsi gompieno ba dumela gore batho ba ba ikanyegang ba ka se atlege. Mme gone ipotse jaana, ‘Ke eng se se leng botlhokwa thata—melemo e o nnang le yone ka bonako kgotsa melemo e e nnelang ruri, go akaretsa le go itlotla?’ Moithuti a ka fora ba bangwe ka kitso e a nang le yone kgotsa ka bokgoni jwa gagwe ka go tsietsa mo ditlhatlhobong, mme gone o tla dira jang fa a setse a bereka?

“Mosiami o tsamaya mo bothokgaming jwa gagwe. Go itumela bomorwawe morago ga gagwe.”—Diane 20:7.

Fa e le gore o motsadi, tlhomela bana ba gago sekao se se molemo ka go “tsamaya mo bothokgaming.” Ba tlhalosetse kafa o solegetsweng molemo ka gone go bo o ile wa tshela botshelo jo bo siameng. Fa bana ba bona motsadi a tsamaya mo tseleng ya bothokgami, go nna motlhofo gore le bone ba tshele botshelo jwa go ikanyega.—Diane 22:6.

A ruri melaometheo e e fa godimo ya Baebele e mosola? A go sa ntse go na le batho ba o ka ba ikanyang gompieno?

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

Go ya ka lokwalodikgang lo lo bidiwang Le Figaro, batho ba ba oketsegileng ba kwa Fora “ba akanya gore batho ba ba eteletseng pele mo setšhabeng—mo dipolotiking, mo ikonoming, mo pusong le mo ditsong—ga ba tshele ka tsela e e siameng mme ga ba bone mosola wa go bo bone ba tshwanetse go dira jalo.”

[Lebokoso mo go tsebe 5]

A RE BOPILWE RE NA LE NONOFO YA GO IKANYA?

Ditekeletso tse di dirilweng ke Michael Kosfeld, yo e leng porofesa ya tsamaiso ya dikgwebo kwa Yunibesithing ya Frankfurt kwa Jeremane, di ne tsa dira gore a swetse ka gore go ikanya ke “ke selo se motho a tsholwang a na le sone.” Kosfeld o lemogile gore fa batho ba babedi ba fetsa nako e ntsi ba le mmogo, boboko jwa motho bo ntsha horomone e e bidiwang oxytocin, e leng horomone e e dirang gore re ikanye batho ba bangwe. Kosfeld a re: “Tota e bile ke sone se se dirang gore batho ba farologane le dibopiwa tse dingwe. Fa re se na nonofo eno ya go ikanya, ka tsela nngwe re latlhegetswe ke karolo e e botlhokwa e re bopilweng re na le yone.”