Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho Ba o Ka ba Ikanyang

Batho Ba o Ka ba Ikanyang

Batho Ba o Ka ba Ikanyang

Santiago, yo e leng mokgweetsi wa dithekisi kwa Argentina, ga a ka a okaoka a sa itse gore a dire eng. Fa kgetsana e ne e setse mo thekising ya gagwe, o ne a e busetsa kwa go mong wa yone. Go ka nna ga lebega tsela e Santiago a ileng a dira ka yone e tlwaelegile, kwantle ga gore kgetsana eo e ne e na le madi a a fetang ($32,000) R237 000!

O AKANYA gore lefatshe le ka bo le ntse jang fa go ne go tletse batho ba ba ikanyegang? Ruri botshelo bo ka bo bo le botoka! O ne o ka tlogela ngwana wa gago le motho yo a mo tlhokomelang o sa boife sepe. O ka bo o sa tlhoke dilotlolo mo ntlong ya gago le e leng tsone diloko. A o bona seno e le go ijesa dijo tsa ditoro fela?

Matswela a go Tshela ka Melao ya Boitsholo

Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a bolela jaana ka ene le Bakeresete ka ene: “Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.” (Bahebera 13:18) Seno ke sone se Basupi ba ga Jehofa ba lwelang go se dira. Boikaelelo jwa bone ke go tshela go ya ka dinonofo tse di tlhalosiwang mo Baebeleng mo go Isaia 33:15: “Go na le motho yo o tsamayang ka tshiamo e e tswelelang pele e bile a bua se se thokgameng, yo o ganang papadi ya tshiamololo go tswa mo ditirong tsa boferefere, yo o tlhotlhorang diatla tsa gagwe gore a se ka a tshwara pipamolomo.” Bangwe ba ile ba bontsha jang gore ba tshela ka tsela eno ya go ikanyega?

‘Bua se se thokgameng.’ Domingo, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o bereka kwa masimong a copra kwa Philippines. A re: “Batho ba le bantsi ga ba ikanyege mo bathaping ba bone. Ka sekai, fa ba kokoantse copra, ga ba bolelele bathapi ba bone gore ba na le dikgetsana di le kae. Mme ka go dira jalo, ba ka rekisa dikgetsana tse dingwe kwa thoko ka bokukuntshwane.”

Domingo le ba lelapa la gagwe ba batlile ba lelekwa kwa masimong ka gonne ba ne ba sa batle go bua maaka ka palo ya kungo. Le fa go ntse jalo, Domingo a re: “Re ne ra bolelela mothapi wa rona gore le fa re ka kobiwa, re ka se ka ra bua maaka. Kgabagare, mothapi wa rona o ne a re Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba molemo ba ba ka ikanngwang, mme o ne a re abela tshimo e nngwe gape gore re leme mo go yone.”

‘Gana papadi ya tshiamololo.’ Pierre, modiredi yo mogolo wa tsa makgetho kwa kgaolong ya Cameroon, o ile a bulegelwa ke ditshono tse dintsi tsa go dira madi motlhofo. Lekgetlo la ntlha fa a ne a abetswe go dira dituelo tsa badiri ba nakwana, o ne a lemoga sengwe se se sa tlwaelegang. Pierre o tlhalosa jaana: “Go ne go duelwa batho ba dikonteraka tsa bone di fedileng kgotsa batho ba ba neng ba tlhokafetse. Go na le gore ke akanye gore nka dirisa madi ano, ke ne ka a boloka mmogo le rekoto ya one mo lefelong la bobolokelo.”

Go ile ga felela jang? Pierre a re: “Morago ga dingwaga tse pedi, go ne ga dirwa tlhatlhobo go batlisisa kgang eno. Ke ne ka nna motlotlo go ntsha direkoto tse di nepileng mmogo le madi a a lekaneng, a ka nako eo a neng a setse a na le morokotso o montsi. Batho ba ba tlhatlhobang ba ne ba nkakgolela boikanyegi jwa me ka lorato.”

Tila go ‘tsaya pipamolomo.’ Mo nakong yotlhe e Ricardo wa kwa Rio de Janeiro, Brazil, a e feditseng a dira tiro ya go nna motlhankedi wa puso yo o neelang ditlankana tsa tshupo, batho ba ne ba ntse ba batla go mo neela pipamolomo. O gakologelwa jaana: “Nako nngwe agente e ne ya leka go nnaya pipamolomo. O ne a nthomelela motšhini o o tshamekang di-CD kwa ntlong ya me ke sa itse. Mo dinakong tseo, metšhini e e tshamekang di-CD e ne e le mesha e bile e ne e ka se kgone go rekwa ke mongwe le mongwe.”

Ricardo o ne a dira eng? A re: “Nna le mosadi wa me re ne ra swetsa ka gore re se ka ra phutholola sephuthelwana seo. Ke ne ka ya kwa ofising ya agente eno, mme a gakgamala tota fa ke ne ke baya sephuthelwana seo mo desekeng ya gagwe. E ne e le tshono e e molemo gore ke mo tlhalosetse gore ke eng fa ke ne ke se busa. Mokwaledi wa gagwe ke ene yo segolobogolo a neng a kgatlhilwe ke se ke se dirileng.”

Le fa Basupi ba ga Jehofa e se bone fela ba ba lekang go ikanyega, ba itiretse leina le le molemo ka go nna batho ba ba ikanyegang. Seno ke sone se se dirileng gore go hiriwe Basupi ba ga Jehofa fela mo mabenkeleng a le mantsi a diaparo kwa Poland. Manejara wa tsa thekiso o ne a re: “Go na le batho ba ba ikanyegang gongwe le gongwe, ke fela gore Basupi ba ga Jehofa ba na le melaometheo e bile ba tshela ka yone.”

Go Ikanyega Le fa O Humanegile

Batho ba le bantsi ba akanya gore fa motho a humanegile go siame fela fa a sa ikanyege. Ka sekai, pego ya CNN e ne ya bua ka mosimane mongwe wa dingwaga di le 14 wa kwa Nigeria yo o fetsang nako ya gagwe a tsietsa batho mo Internet. O bolela jaana a buelela se a se dirang: “O batla gore ke dire eng? Ke tlhokomela lelapa la gaetsho—kgaitsadiake mmè le [rre]. Motho o tshwanetse go itshedisa.”

Gone ke boammaaruri gore Baebele ga e solofetse batho ba ba ikanyegang gore ba tla huma, mme gone e ba tlhomamisetsa gore ba tla nna le dilo tse ba di tlhokang mo botshelong. Isaia 33:16 ya re: “O tla newa senkgwe sa gagwe; metsi a gagwe a tla nna a ntse a le teng.”

Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba ka nna ba botsa jaana: ‘Go ikanyega go ka thusa jang batho ba ba mo maemong a a sa itumediseng? Go tweng ka batho ba ba kgaratlhang letsatsi le letsatsi e le fela gore ba bone dijo?’

Akanya ka motlholagadi yo o nnang kwa Cameroon e bong Berthe, yo o rekisang matlhokwa a manioc a a nang le ditswaiso mo lefelong le lennye le a rekisetsang mo go lone le le bidiwang miando. A re: “Totatota go tshwanetse ga nna le matlhokwa a le 20 a miando mo sephuthelwaneng sengwe le sengwe. Mme go tlwaelegile gore barekisi ba bangwe ba tsenye a le 17 kgotsa a le 18 fela mo sephuthelwaneng, mme nna ke sweditse gore ke se ka ka itirela madi ka go tsietsa batho ba bangwe.”

A kgwebo ya ga Berthe e a atlega? E seng ka dinako tsotlhe. A re: “Gantsi ke fetsa letsatsi lotlhe ke sa rekisa sepe. Mme fa ke kopa batho ba ba rekisang dijo gore ba ntsholele mme ke bo ke ba tlhalosetsa gore ga ke ise ke rekise sepe, ba a ntsholela ka gonne ba itse gore ke tla ba duela fa ke sena go nna le madi. Ba a ntshepa ka gonne ba itse gore ke a ikanyega.”

Modimo yo re Tshwanetseng go mo Ikanya

Re ikanya motho le go feta fa re bona gore o dira se a se buang. Joshua, yo e neng e le moeteledipele wa Iseraele wa bogologolo, o ne a bolela jaana ka Modimo: “Ga go na tsholofetso epe e e neng ya se ka ya diragadiwa mo tsholofetsong yotlhe e e molemo e Jehofa a neng a e solofeditse . . . E ne ya diragadiwa yotlhe fela.” (Joshua 21:45) A le rona re na le mabaka a a utlwalang a go ikanya Modimo?

Ditsholofetso tsa Modimo di boammaaruri thata jaana mo a tshwantshang lefoko la gagwe le pula. (Isaia 55:10, 11) Tota ke eng se se ka thibelang pula gore e se ka ya na, ya kolobetsa lefatshe ya ba ya dira gore dijalo di gole? Ga go na sepe! Ka tsela e e tshwanang, ga go na sepe se se ka thibelang ditsholofetso tsa Modimo gore di diragadiwe.

Nngwe ya ditsholofetso tseo e begilwe mo go 2 Petere 3:13, e e reng: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” Modimo o ikaeletse go tlosa ope fela mo lefatsheng yo o tsietsang batho ba bangwe. A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng malebana le kafa Modimo a tla dirang seno ka gone? Ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa mo lefelong la lona, kgotsa o kwalele kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo tsebe 5 mo makasineng ono.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]

BA NE BA DUELWA KA NTLHA YA BOIKANYEGI

Lucio yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa Philippines, o ka bo a ile a se ka a ikanyega. O ne a fitlhela madi a a kana ka $27 500 (R204 000) mo khabineteng ya bogologolo e e tsenyang difaele mo ofising e a neng a kopilwe go e phepafatsa. Ofisi eo le madi ao e ne e le a mothapi wa gagwe, yo o neng a tsere loeto lwa kgwebo. Lucio o bolela jaana: “E ne e le lekgetlo la ntlha ke bona dolara!”

Fa mothapi wa gagwe a boa, Lucio o ne a mo naya madi ao. Go ne ga felela ka eng? Lucio a re: “Ke ne ka newa maikarabelo a a oketsegileng. Tota e bile, mong wa me o ne a nnaya kamore e lelapa la me lotlhe le ka nnang mo go yone. Le fa gone botshelo bo le thata go ralala Philippines yotlhe, ruri ke akanya gore ka go bo re ile ra ikobela melao ya ga Jehofa Modimo, o ile a re tlhokomela.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]

DIKALE TSE DI IKANYEGANG

Lefelo le Moïse a rekisetsang tlhapi mo go lone le itsege thata mo mmarakeng wa Douala, kwa Cameroon. A re: “Ke ne ka bitsa borekisetso jwa me ke re Dikale, ka gonne dikale tsa me ke dingwe tsa di le mmalwa fela mo mmarakeng otlhe tse di sa fetolwang ka tsela nngwe. Ke a itse gore ka dinako tsotlhe batho ba a nteka. Fa ba nkopa gore ke ba neye kilogerama ya tlhapi, ke a ba e naya. Ka metlha ba bona tsela ya go dira gore kgetsi ya bone e kalwe go sele. Fa ba dira jalo, ba fitlhela gore ba filwe se se bonalang se feta kilogerama! Fa ba sena go bona seno, ba tla bo ba itse gore ga ke a leka go ba tsietsa! Batho ba le bantsi ba nthaya ba re, ‘Re tla mo go wena ka gonne o a ikanyega.’”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

“Re ne ra bolelela mothapi wa rona gore le fa re ka kobiwa, re ka se ka ra bua maaka.”—Domingo, Philippines.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

“Batho ba ba tlhatlhobang ba ne ba nkakgolela boikanyegi jwa me ka lorato.”—Pierre, Cameroon.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

“Agente e ne ya leka go nnaya pipamolomo. . . . Nna le mosadi wa me re ne ra swetsa ka gore re se ka ra phutholola sephuthelwana seo.”—Ricardo, Brazil.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Gantsi Berthe o fetsa letsatsi lotlhe a sa rekisa sepe. Mme batho ba bangwe ba ba rekisang dijo ba a mo thusa ka gonne ba a itse gore o tla ba duela fa a sena go nna le madi.