Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bolwetse jo bo Boifiwang Thata Jwa Lekgolo La bo19 La Dingwaga

Bolwetse jo bo Boifiwang Thata Jwa Lekgolo La bo19 La Dingwaga

Bolwetse jo bo Boifiwang Thata Jwa Lekgolo La bo19 La Dingwaga

E ne e le ka ngwaga wa 1854, mme Lontone e ne e tlhasetswe ke leroborobo le lengwe la kholera—bolwetse jwa mala jo bo lemogiwang ka letshololo le le sa foleng le go felelwa ke metsi mo mmeleng. Bolwetse jono bo ne jwa anama ka lobelo lo logolo. Batho ba le bantsi ba ba neng ba na le botsogo jo bo siameng ba ne ba swa letsatsi le le latelang. Go ne go se na kalafi e e neng e itsege.

E NE E le bolwetse jo bo neng bo boifiwa thata mo lekgolong leo la dingwaga mme go ne go sa itsiwe gore bo bakiwa ke eng. Bangwe ba ne ba akanya gore motho o tshwaediwa ke kholera ka go hema menko e e bosula ya dilo tse di bodileng. Go ne go utlwala gore ba akanye jalo. Noka ya Thames, e e neng e ralala Lontone, e ne e na le monko o o bosula thata. A moya o o nkgang oo o ne o na le bolwetse jono?

Dingwaga di le tlhano pelenyana ga foo, ngaka nngwe e e bidiwang John Snow o ne a akantsha gore kholera e bakiwa ke metsi a a kgotletsweng e seng moya o o kgotletsweng. Ngaka e nngwe e bong William Budd, ene o ne a dumela gore setshedinyana sengwe se e keteng mothuthuntshwane e ne e le sone se nang le bolwetse jono.

Ka leroborobo la 1854, Snow o ne a tlhatlhoba kgopolo ya gagwe ka go batlisisa matshelo a batho ba ba neng ba na le kholera mo kgaolong ya Lontone ya Soho. O ne a ipotsa gore ‘Ba ne ba dira eng se se tshwanang?’ Patlisiso ya ga Snow e ne ya dira gore a lemoge sengwe se se gakgamatsang. Batho botlhe ba ba neng ba na le kholera mo kgaolong eo ba ne ba nwa metsi mo pompong e le nngwe ya metsi mme metsi ao a ne a kgotletswe ke thulaganyo e e tsamaisang leswe e e nang le kholera! *

Mo go one ngwaga oo go ne ga nna le phitlhelelo e nngwe e kgolo ya kalafi fa moitsesaense wa Montadiana e bong Filippo Pacini a ne a gatisa lokwalodikgang lo lo neng lo tlhalosa ka setshedinyana se se bakang kholera. Le fa go ntse jalo, gantsi patlisiso ya gagwe e ne e itlhokomolosiwa, mmogo le dipatlisiso tse di dirilweng ke Snow le Budd. Leroborobo leno la kholera le ne la tswelela—go fitlha ka 1858.

“Sebodu se Segolo”

Palamente e ne ya nna bonya go aga thulaganyo e ntšha ya go tsamaisa leswe e e neng e tla phepafatsa noka ya Thames mme mogote o o boitshegang o o neng wa nna teng ka paka ya selemo sa 1858 o ne wa ba pateletsa gore ba tseye kgato. Monko wa sebodu o o neng o tswa mo nokeng e e neng e feta mo House of Commons o ne o boitshega jaana mo e leng gore boradipolotiki ba ne ba patelesega gore ba pege digaretene tse di inetsweng mo teng ga sebolayamegare mo difensetereng tsa bone e le maiteko a go fedisa monko. Se se neng sa bidiwa Sebodu se Segolo se ne sa pateletsa Palamente go tsaya kgato. Mo malatsing a le 18, e ne ya laela gore go agiwe thulaganyo e ntšha ya go tsamaisa leswe.

Go ne ga agiwa mesele e megolo go faposa thulaganyo e e tsamaisang leswe pele e fitlha mo nokeng mme go tswa foo e bo e fetisediwa kwa botlhaba jwa Lontone, kwa kgabagare e tla elelang mo teng ga lewatle kwa le kgwelang gone. Matswela e ne ya nna a magolo. Fa Lontone yotlhe e sena go golaganngwa le thulaganyo e ntšha ya go tsamaisa leswe, leroborobo la kholera le ne la fela.

Ka nako eno, go ne go se na pelaelo epe ya gore: Kholera ga e bakiwe ke monko o o bosula mo moyeng mme e bakiwa ke metsi kgotsa dijo tse di kgotletsweng. Mme gape go ne go phepafetse sentle gore tsela ya konokono ya go e thibela e ne e le go tlosa leswe.

Molao o o Fitlhileng Pele ga Nako

Dingwaga di le diketekete pele ga leroborobo la kholera le tlhasela Lontone yotlhe, Moshe o ne a etelela setšhaba sa Iseraele pele go tswa kwa Egepeto. Le fa gone ba ne ba ralala naga ya Sinai ka dingwaga tse di ka nnang 40, Baiseraele ga ba a ka ba tlhaselwa ke malwetse a a jaaka kholera. Seo se ne sa kgonega jang?

Setšhaba se ne se laetswe gore se epele mantle mo lefelong le le kwa thoko kgakala le bothibelelo gore mo ba nnang teng le metswedi ya bone ya metsi e se ka ya kgotlelwa. Molao oo o kwadilwe mo Baebeleng mo go Duteronome 23:12, 13, e e reng:

“Tlhomang lefelo ka kwa ntle ga bothibelelo le le tla dirisediwang go nna ntlwana ya boithomelo. Mme tlhomamisa gore o nna le garawe e nnye gare ga didirisiwa tsa gago. Fa o ya kwa lefelong la ntlwana ya boithomelo, dirisa garawe eo go epa khuti. Go tswa foo, fa o sena go ithusa, khurumetsa mantle mo khuting.”—“Contemporary English Version.”

Taelo e e motlhofo eo e ne ya sireletsa Baiseraele mo malwetseng a a neng a tlhasela ditšhaba tse di ba dikologileng. Mekgwa ya go tlosa leswe e e tshwanang le eo e ile ya boloka matshelo mo metlheng ya bosheng jaana. * Akanya ka sekai seno.

“Ga re Ise Re ko Re Nne le Leroborobo”

Ka dingwaga tsa bo1970, pogiso e kgolo e ne ya dira gore Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba tswe kwa Malawi. Ba ne ba bona tshireletsego kwa nageng ya Mozambique e e gaufi le bone mme banna, basadi le bana ba ba fetang 30 000 ba ne ba nna mo dikampeng tsa batshabi di le lesome. Jaaka go itsege, gantsi dikampa tsa batshabi ke mafelo a malwetse a a bakiwang ke metsi, a anamang ka bonako mo go one. Ka gone, Basupi ba ne ba dira jang mo maemong ao?

Lemon Kabwazi, mmogo le ba bangwe ba le 17 000, ba ne ba nna mo kampeng e kgolo go gaisa kwa Mlangeni. O gakologelwa jaana: “Kampa e ne e bolokiwa e le phepa ka dinako tsotlhe. Go ne go epilwe dikhuti tsa mafelo a boithomelo kwa ntle ga kampa mme go ne go se na ope yo o neng a dumeletswe go ikepela ya gagwe kafa teng. Dikhuti tsa matlakala le tsone di ne di epilwe kwa ntle ga kampa. Baithaopi ba ne ba tlhokomela sengwe le sengwe se se amanang le go tlosiwa ga leswe, go akaretsa le bophepa jwa metsi a a neng a tswa kwa didibeng tse di epilweng mo lefelong le lengwe le le farologaneng ka kwa ntle ga kampa. Le fa gone re ne re pitlagane, re ne re latela melao ya Baebele e e malebana le bophepa, ka jalo, ga re ise re ko re nne le leroborobo la malwetse a a masisi mme go ne go ise go ke go nne le ope yo o neng a tshwarwa ke kholera.”

Ka maswabi, kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, magae a sa ntse a se na thulaganyo e e siameng ya go tlosa leswe. Malwetse a a bakiwang ke mantle a batho a baka dintsho tsa bana ba ba ka nnang 5 000 letsatsi le letsatsi.

Le fa kholera le malwetse a a tshwanang le yone a kgona go thibelwa e bile maiteko a batho ba a dirang a go tlosa leswe a nnile le matswela a magolo, Baebele e solofetsa gore go ise go ye kae, malwetse otlhe a tla fedisiwa. Tshenolo 21:4 ya re fa Bogosi jwa Modimo bo busa, “loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” Baebele e solofetsa gore, ka nako eo: “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.

Go ithuta mo go oketsegileng malebana le se Bogosi jwa Modimo bo tla se direlang batho, bona Dikgaolo 3 le 8 tsa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Le fa gone ka 1854 go ne go tsentswe matlwana a boithomelo a a dirisang metsi, thulaganyo ya go tsamaisa leswe ya bogologolo e ne e dira gore mantle a batho a elele mo meseleng e e tsamaisang leswe mme a bo a tsena ka tlhamalalo mo nokeng ya Thames—motswedi o mogolo wa metsi a a nowang.

^ ser. 15 E re ka kholera e bakiwa ke dijo kgotsa metsi a a kgotletsweng, tsela ya konokono ya go e thibela ke go nna kelotlhoko thata ka sengwe le sengwe se se tsenang mo leganong. Go dira gore metsi a nne phepa le go apaya dijo sentle ke ditsela tse di botlhokwa tsa go babalesega.

[Mafoko a a mo go tsebe 21]

Noka ya Thames e e neng e feta go ralala Lontone e e neng e kgotletswe ke thulaganyo ya go tsamaisa leswe e e nang le megare ya kholera, e bontshiwa mo ditshwantshong di le dintsi tsa motlha oo

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Banna, basadi le bana ba ba fetang 30 000 ba ne ba nna mo dikampeng tsa batshabi di le lesome kwa Mozambique, tse di neng di bolokiwa di le phepa ka dinako tsotlhe

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Death on Thames: © Mary Evans Picture Library; map: University of Texas Libraries