Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bona O bo O Utlwe “Kgosi ya Ditshupanako”

Bona O bo O Utlwe “Kgosi ya Ditshupanako”

Bona O bo O Utlwe “Kgosi ya Ditshupanako”

FA NTLO ya Segosi ya Westminster e ne e jewa ke molelo ka 1834, boradipolotiki ba Boritane ba ne ba dira kgaisano. Ke mang yo o neng a tla dira polane e e gaisang ya Palamente e ntšha? Polane e e ileng ya fenya mo kgaisanong eno ya ga Motlotlegi Charles Barry, e ne e le ya ntlo ya segosi e ntle ya mofuta wa Se-Gothic e e neng e na le tora e e nang le tshupanako mo matlhakoreng a manè. Ofisi ya Ditirelo e ne ya laela gore “Kgosi ya Ditshupanako e nne e kgolo go gaisa e lefatshe le kileng la e bona.”

Tshupanako eno ke nngwe ya dilo tse di itsegeng thata kwa Lontone mme modumo wa yone o o sa tlwaelegang o itsiwe lefatshe lotlhe. E bidiwa Big Ben—le fa kwa tshimologong leina leno le ne le neilwe tleloko ya yone e kgolo. Tshupanako eno e e itsiweng ke batho ba le bantsi ke tiro e e kgatlhang tota ya boenjenere.

Tiro e e Boima

Tiro ya go aga tora ya tshupanako e e boleele jwa dimetara di le 96 e ne ya simolola ka 1843. Dingwaga di le tharo moragonyana, go ne ga simololwa ga batliwa motho yo o dirang tiro ya diatla, yo o neng a tla kgona go dira tshupanako e e neng e tla nepa nako mo e ka se kang ya fosa nako go feta motsotswana ura nngwe le nngwe. Tiro eno e ne e le boima. E re ka tora eno e le kwa godimo, manaka a tshupanako eno a ne a tla lebana le diphefo, kapoko le aese—mmogo le maeba a a fofang! Dilo tseno di ne di tla kgoreletsa tshipi e e akgegang e e mo tshupanakong eno (pendulum), e go itaya ga yone go leng botlhokwa gore tshupanako e nne e le mo nakong. Fa baitse ba ntse ba ganetsana ka gore mathata ano a ka rarabololwa jang, modiri wa ditshupanako e bong Edmund Beckett Denison, o ne a tlisa polane ya tshupanako e e ileng ya itumelelwa, mme modiri yono yo o di gogang kwa pele wa ditshupanako o ne a newa tiro ya go dira tshupanako.

Morago ga dingwaga tse pedi, tshupanako eno e ne e setse e feditswe mme e ne ya bewa dingwaga tse dingwe di le tlhano mo lefelong la bodirelo la modiri wa ditshupanako, fa go ntse go letilwe gore tiro ya go aga tora eno e wediwe. Ka nako eo, Denison o ne a dira sedirisiwa sa go sireletsa tshipi e e akgegang mo tshupanakong gore e se ka ya kgorelediwa ke sepe le go tlhomamisa gore tshupanako eno e nna e le mo nakong.

Go Dirwa ga Big Ben

E re ka tshupanako e ne e setse e fedile, go ne go setse fela gore go dirwe ditleloko tsa yone. Lefelo le le dirang ditshipi kwa Engelane le ne la dira tleloko e e lelang ka ura nngwe le nngwe. E ne e le kgolo go feta kafa go neng go lebeletswe ka gone, e le boima jo bo fetang ditone di le 16! Tleloko eno e ne e le boima thata jaana mo e leng gore e ne ya senya boalo jwa sekepe se e neng e pegilwe mo go sone fa e isiwa Lontone. Kgabagare, sekepe se ne sa tsamaya. Fa se setse se gorogile, tleloko eno e ne ya tsamaisiwa ka kolotsana e e diretsweng go e rwala mme e ne e gogwa ke dipitse tse ditshweu di le 16. Go tswa foo, e ne ya pegwa mo foreiming e e neng e le fa pele ga Palamente, kwa e neng e tla lekelediwa gone.

Bontsi jwa ditleloko tse dikgolo di na le maina, mme tleloko eno e e boitshegang e ne ya bidiwa Big Ben. Ka ntlha yang? Ga go na ope yo o itseng sentle. Bangwe ba re tleloko eno e ka tswa e teeletswe ka Motlotlegi Benjamin Hall, monna yo mokima yo o neng a bereka kwa Palamenteng. Ba bangwe ba akanya gore tleloko e ne e teeletswe ka Benjamin Caunt, e leng ramabole wa boimakete yo o neng a itsege ka nako eo. Le fa leina leno le ka tswa le simologile jang, Big Ben—e gone jaanong e sa tlholeng e le leina la tleloko fela e e lelang ka ura nngwe le nngwe—jaanong ke leina le le dirisiwang go kaya tshupanako le tora eno.

Kotsi e Direga Gabedi

Go ne go bonala tshipi e e mo gare ga tleloko ya Big Ben e le motlhofo thata, ka jalo, mo boemong jwa yone go ne ga dirwa e nngwe e e boima jwa dikilogerama di le 660. Mme morago ga gore e lekelediwe ka dikgwedi di le mmalwa, go ne ga tlhaga kotsi. Tleloko e ne ya phatloga mme e ne e ka se kgone go baakanngwa. Big Ben e ne ya tshwanelwa ke gore e tlhatlhamololwe. Tshipi e e mo teng ga tleloko e ne ya gakolosiwa mme ga dirwa tleloko e nngwe e e boima jwa ditone di le 13,7. Le mo lekgetlong leno, boidiidi jwa batho bo ne jwa tlala mo mebileng go lebelela fa kolotsana e e neng e rwele tleloko e ntšha e ne e e isa kwa Ntlong ya Palamente.

Dikgwedi di le mmalwa moragonyana, tora e ne e fedile. Ditlhopha di le mmalwa tsa banna di ne di bereka di sa kgaotse go pega Big Ben mo kagong eno ya tshupanako. Kgabagare, tleloko e kgolo e ne ya bewa le ditleloko tse dingwe tse nnè tse dinnye tse di neng di lela ka kwatara nngwe le nngwe ya ura. Go ne ga latela tshupanako e e boima. Mme kgabagare go ne go bonala “Kgosi ya Ditshupanako” e tlile go bereka sentle ntle le bothata bope.

Ka July 1859, Big Ben e ne ya simolola go lela ka ura nngwe le nngwe. Mme katlego eno e ne ya nna ka lobaka lo lokhutshwane fela. Mo masimologong a October tleloko e kgolo e ne ya phatloga gape! Go ne go sa kgonege go tlosa tleloko eno mo kagong. Go na le moo, badiri ba ne ba retolosa tleloko eno go se kae gore tshipi e e mo gare ga tleloko e se ka ya itaya fa e phatlogileng gone. Mme gore e se ka ya senyega gape mo nakong e e tlang, go ne ga tsenngwa tshipi e e motlhofo mo teng ga tleloko. Morago ga dingwaga tse tharo Big Ben e ne ya simolola go bereka gape! E sa ntse e phatlogile, mme ke sone se se dirang gore e nne le modumo o o sa tlwaelegang.

Ditiragalo Tse di Tlhomologileng mo Hisitoring

Ka 1924, BBC e leng British Broadcasting Corporation, e ne ya tsenya maekerofouno mo kagong ya tshupanako mme ya simolola go gasa modumo wa Big Ben gore e nne one o itsiseng setšhaba nako. Dingwaga di le robedi moragonyana, bareetsi ba ba mo Dinageng Tse di Golaganeng le Boritane le bone ba ne ba golaganngwa le yone mme le gompieno modumo wa Big Ben o utlwiwa go ralala lefatshe ka Tirelo ya Lefatshe ya BBC.

Le fa tshupanako le ditleloko di ile tsa se ka tsa senngwa ke dibomo tsa ntwa ya bobedi ya lefatshe, ka 1976, go onala ga ditshipi tse di dirang modumo, go ne ga dira gore e se ka ya bereka sentle. Le fa go ntse jalo, tleloko e kgolo e ne ya se ka ya senyega, mme mo dibekeng di le mmalwa e ne ya simolola gape go lela ka ura nngwe le nngwe. Go ne ga tsaya dikgwedi di le robongwe go baakanya tshupanako gore e boe e bereke sentle jaaka gale.

Big Ben ga e bolo go nna tshupanako e kgolo go gaisa mo lefatsheng mme e sa ntse e le tshupanako e e nepang nako e e dirisiwang ke batho botlhe. E re ka modumo wa yone o ne wa kopisiwa gangwe le gape mme modumo o o tshwanang le one o sa ntse o utlwiwa o lela le mo ditshupanakong tse dinnye le tse dikgolo mo dinageng di le dintsi. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo Big Ben e nnile letshwao la Engelane le motsemošate wa yone. Eleruri ke “Kgosi ya Ditshupanako”!

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 18]

GO NNA E LE MO NAKONG

Gararo ka beke, makheneke o palama ditepisi tse di itsoketsang di le 300 go ya go busetsa kwa morago mogala o o tshwereng motšhini o o dirang gore tshupanako e nne e le mo nakong. Gape makheneke o lebelela gore a tshupanako e mo nakong. Pendulum e e dimetara di le nnè e ya kwa pele le kwa morago metsotswana mengwe le mengwe e mebedi. E na le lephago le lennye kwa godimo le le nang le madi a tshipi a bogologolo. Fa tshupanako e latlha nako, makheneke o oketsa ka ledi la tshipi. Fa e nna kwa pele, o tlosa le le lengwe.

[Setshwantsho]

Madi a tshipi a bogologolo a thusa go laola tshupanako

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Winding clock: AP Photo/Lefteris Pitarakis; coins on ledge: Parliamentary copyright images are reproduced with the permission of Parliament

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Tleloko e kgolo (Big Ben) e e boima jwa ditone di le 13,7 e lela ka ura nngwe le nngwe

[Motswedi wa Setshwantsho]

Popperfoto/Getty Images