Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Bothata jo bo Anameng Jwa go sa Ikanye Ope”

“Bothata jo bo Anameng Jwa go sa Ikanye Ope”

“Bothata jo bo Anameng Jwa go sa Ikanye Ope”

Kwa Afrika Bophirima, mosimane mongwe wa dingwaga tse 12 o robetse mo bolaong kwa bookelong—mme seno se bakilwe ke seokobatsi se se thibelang malaria se e seng sone se mmaagwe a se rekileng kwa lebenkeleng le le letleletsweng semolao go rekisa melemo. Ngaka nngwe ya bookelo ya re: “Mo e ka nnang dingwaga di le 15 re ntse re fitlhela melemo e e seng yone mo marekisetsong.” *

Kwa Asia, batsadi ba lesea la mosimane le le sa tswang go tsholwa ba ne ba garogile pelo morago ga go utlwa gore maši a go tweng a na le dikotla a ba ntseng ba mo fepa ka one a kgotletswe ke botlhole jo bo kotsi. Ka maswabi, lesea leno le ne la tlhokafala.

Rakgwebo yo o ikanngwang wa kwa Amerika o tsieditse bareki ba gagwe ka dibilione tsa didolara! Batho ba le bantsi ba lemogile gore ba latlhegetswe ke madi a bone a phenshene mo go se go tweng ke “tsietso e e di gaisang tsotlhe mo lekgolong la dingwaga.”

MO MOTLHENG wa gompieno, mo e batlang e nna mongwe le mongwe o ile a swabisiwa ke motho yo a mo ikanyang, e ka nna gangwe kgotsa go feta. Tota le maemo a a sa siamang a ikonomi a a aparetseng lefatshe a bakilwe ke se lokwalodikgang lwa kwa Fora e leng Le Monde lo se bitsang “bothata jo bo anameng jwa go sa ikanye ope.”

Ke dilo dife tse di dirileng gore go nne le “bothata jwa go sa ikanye ope”? A go na le mongwe yo o ka mo ikanyang?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Kgang eno e begilwe mo lokwalodikgannyeng lwa Le Figaro, lo lo gatisiwang kwa Paris, Fora.