Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Babatlisisi ba kwa Canada ba ne ba batla go sekaseka ditlamorago tse ditshwantsho tse di hepisang di nnang le tsone mo banneng. Leloko lengwe la setlhopha seo le tlhalosa jaana: “Re ne ra simolola patlisiso ya rona ka go batla banna ba ba mo dingwageng tsa bo20 ba ba iseng ba ke ba lebelele ditshwantsho tse di hepisang mme ga re a ka ra bona ope.”—UNIVERSITY OF MONTREAL, CANADA.

Kago e telele go gaisa tsotlhe mo lefatsheng, ya Burj Khalifa, e ne ya neelwa semmuso kwa Dubai ka January ngwaga o o fetileng. Tora eo e e boleele jwa dimetara di le 828, e na le matlhatlaganyane a a fetang 160 e bile e ka kgona go bonala sekgala sa dikilometara di le 95.—GULF NEWS, UNITED ARAB EMIRATES.

“Bojuda jo bo tsosolositsweng bo tla bo bo se na mosola fa bo sa dumalane le metlha ya diphetogo. Bosheng jaana meetlo ya jone ya bodumedi e ne ya akaretsa thapelo e e kgethegileng, go rapelelwa batho ba ba neng ba dira karo ya go fetola bong jwa bone.”—THE NEW YORK TIMES MAGAZINE, U.S.A.

Bana Ba ba Sa Kgoneng go Bua Sentle

Batsadi ba gompieno ba dirisa nako e nnye thata ba buisana le bana ba bone kgotsa ba ba balela ka nako ya go robala go na le kafa batsadi ba nako e e fetileng ba neng ba dira ka teng. Lokwalodikgang lwa kwa Lontone lwa The Times lo bega jaana: “Bana ba simolola sekolo se sebotlana ba sa ntse ba bua fela jaaka bana ba dikgwedi tse 18 mme palo ya ba ba sa kgoneng le go simolola diele tse di motlhofo e a gola.” Kwa Boritane, “diperesente di le 18 tsa bana ba dingwaga tse tlhano (ba ba fetang 100 000) ga ba kgone go fitlhelela bokgoni jwa go bua jo bo tshwanetseng dingwaga tsa bone.” Ka jalo, bana ba le bantsi ba ba sa kgoneng go tlhaloganya ditaelo tsa motheo kgotsa go tlhalosa se ba se tlhokang, ba “tshwana le batswakwa mo tlelaseng,” ba sa kgone go tlhaloganya se go buiwang ka sone.

A Dikereke Tsa Kwa Ireland Ga di Na Baruti?

Lokwalodikgang lwa The Irish Times lwa re: “Re bona go fokotsega ga baruti mo Kerekeng ya Katoliki.” Mo dingwageng di le 50 tse di fetileng, Ireland e ne e na le baruti ba bantsi go gaisa naga epe fela. Jaanong go oketsega ga baruti ba ba ntseng ba gola go kaya gore go ise go ye kae, fa baruti bano ba tshwara dingwaga tse 75 tsa go tlogela tiro ka ntlha ya bogodi, dikereke dingwe di tla bo di se na baruti. Bangwe ba bolela gore bothata jwa go tlhaela ga baruti bo simologile fa go ne go dirwa tshwetso e e masisi ya go thibela go dirisiwa ga mekgwa ya go thibela pelegi, e e neng ya gatisiwa mo lokwalong lwa semolao lwa bomopapa lo lo neng lwa kwalwa ka 1968 lwa Humanae Vitae. Lokwalodikgang lwa Times lo tswelela jaana: Sa ntlha, lokwalo loo lo ne lwa dira gore “batho ba simolole go belaela dithuto tsa Kereke,” mme gape lo ne lwa dira gore “tsela e batho ba tshepang baeteledipele ba kereke ka yone e fokotsege.”

Go Tsamaya ga Maatla a Makenete a a Supang Ntlha ya Bokone

Lokwalodikgang lwa kwa Fora lwa Le Figaro lo tlhalosa gore fa maatla a makenete a a supang Ntlha e e kwa Bokone a ne a bonwa ka 1831, a ne a le kwa bokone jwa Canada, “mo e ka nnang dikilometara di le 2 750 go tswa kwa Ntlheng e e kwa Bokone ya lefatshe.” Go tla go fitlha ka 1989, maatla ano a makenete a ne a ntse a atamela ntlha ya lefatshe e e kwa bokone ka dikilometara di le 5 go ya go di le 15 ka ngwaga. Go ya ka Paris Institute of Global Physics, maatla ano a makenete a ntse a tsamaya “mo e ka nnang dikilometara di le 55 ka ngwaga” mme ka 2007 a ne a bonwa dikilometara di le 550 fela go tswa kwa ntlheng ya bokone ya lefatshe. Lokwalodikgang loo lwa re, fa go lebeletswe lobelo lwa one mmogo le ntlha e a lebileng kwa go yone gone jaanong, ka 2020, aurora borealis kgotsa dipone tsa kwa bokone, tse di tsamayang le maatla ano a makenete a a supang bokone, “di tla bo di bonala thata kwa Siberia go na le kwa Canada.”