Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tsamaisa Sekepe Kwa Bokoneng Jwa Lefatshe

Go Tsamaisa Sekepe Kwa Bokoneng Jwa Lefatshe

Go Tsamaisa Sekepe Kwa Bokoneng Jwa Lefatshe

BATSAMAISI ba dikepe ba nako e e fetileng ba ne ba eletsa go bona tsela kwa bokone e e tla kopanyang lewatle la Atlantic le la Pacific mme ba ne ba lebana le kgwetlho eno e e kgobang marapo: tsela ya lewatle la Arctic e ne e thibilwe ke aese.

Le fa go ntse jalo, go ne go na le sengwe se se ba tlhotlheletsang gore ba batle go bona tsela e khutshwane e e tla kgabaganyang kwa bokone jwa lefatshe. Mo lekgolong la bo16 la dingwaga, ditsela tsa kgwebo tsa dinaga tsa Botlhaba—go ralala mafelo a a kgakala a borwa jwa Afrika le Amerika Borwa—di ne di laolwa ke Portugal le Spain. Bagwebi ba batswakwa ba ne ba tla tshwanelwa ke go batla ditsela tse di yang kwa bokone fa e le gore ba ne ba batla go nna le seabe mo kgwebong ya kwa Botlhaba. Ba le bantsi ba ne ba leka, go akaretsa ba ba latelang.

Baesemane: Ka 1553, Motlotlegi Hugh Willoughby le Richard Chancellor ba ne ba etelela pele letsholo la ntlha la kwa Engelane. Fa dikepe tsa bone di sena go kgaoganngwa ke sefefo, Willoughby o ne a patelesega go nna paka yotlhe ya mariga kwa lobopong lo lo se nang sepe lwa Kola Peninsula kwa bokone jo bo kgakala jwa Russia. E re ka ba ne ba sa ipaakanyetsa maemo a bosa a a tsididi thata ano, ene le botlhe ba a neng a na le bone ba ne ba swa. Kafa letlhakoreng le lengwe, Chancellor ene o ne a goroga kwa boemakepeng jwa Arkhangel’sk. Go tswa foo o ne a ya kwa Moscow a laleditswe ke Mmusimogolo Ivan IV Vasilyevich, the Terrible. Chancellor o ne a palelwa ke go bona tsela e e yang kwa Asia mme o ne a dira gore Baesemane le Ba-Russia ba kgone go dira kgwebo mmogo.

Ba-Dutch: Ka 1594, Willem Barents o ne a tsamaya ka sekepe la ntlha go ya kwa Novaya Zemlya. Le fa go ntse jalo, ka 1596, fa a le mo loetong lwa gagwe lwa boraro a feta mo karolong e e kwa godimodimo ya setlhopha seno sa ditlhaketlhake tsa kwa Russia, sekepe se ne sa gaelelwa mo aeseng mme sa senyega mo se neng se sa kgone go baakanngwa gape. Morago ga go itshokela mariga a a tsididi thata mo kagong e e agilweng ka dikgong tse di gogotsweng ke metsi le go tshela ka nama ya polar-bear (mofuta wa dibera tsa kwa mafelong a a tsididitsididi), setlhopha sa ga Barents sa batsamaisi ba dikepe se ne sa boela morago ka mekorwana e mebedi. Barents ga a ka a wetsa loeto lono, o ne a tlhokafala.

Ba-Russia: Babatlisisi ba Ba-Russia ba ne ba dira dipatlisiso tse di tseneletseng kwa Siberia le Botlhaba jo bo Kgakala jwa Russia. Mo dingwageng di le 60 fela, go tloga ka 1581 go ya go 1641, ba ne ba tsamaya go tloga kwa Dithabeng tsa Ural go ya kwa lewatleng la Pacific. Mo e ka nnang ka nako eo, Ba-Cossack ba ne ba tsamaya ka dikepe go ya kwa Lewatleng la Arctic ba tsamaya mo dinokeng tsa kwa Siberia. Ba ne ba gapa Siberia mme ba simolola mosepele wa dikepe kwa lobopong lwa bokonebotlhaba jwa Siberia. Ka 1648, dikepe tsa Russia di ne tsa ralala se se neng sa felela se bidiwa Bering Strait, e e neng ya teelelwa ka motsamaisi wa dikepe wa Mo-Denmark e bong Vitus Bering.

Maeto a Mangwe

Go tloga ka 1733 go ya go 1743, mo e ka nnang banna ba le sekete ba ba neng ba le kafa tlase ga taolo ya ga Bering, ba ne ba tsamaya ka ditlhopha di le supa go ya go sekaseka lobopo lwa lewatle la Arctic le la Pacific kwa Russia. Dikepe tsa bone di ne tsa nna tsa gaelelwa gangwe le gape mo aeseng mme batsamaisi ba le bantsi ba dikepe tseno ba ne ba swa. Le fa go ntse jalo, maeto ano a ne a dira gore mo e ka nnang lobopo lotlhe lwa Arctic lo itsege. Tshedimosetso e e neng ya kgobokanngwa—go akaretsa ditšhate, selekanyo sa boteng jwa mawatle le tshedimosetso e e malebana le seemo sa aese—e ne e tla nna botlhokwa thata mo batsamaising ba dikepe kwa Arctic mo nakong e e tlang.

Mo maitekong ano otlhe, maeto ano a lewatle la Arctic a ne a tsewa ka dikepe tsa logong. Mme loeto lwa ga Bering lo ne lwa bontsha sentle gore dikepe tseno ga di a siamela go kgabaganya Northern Sea Route. * Ka 1778, mmatlisisi wa Mo-Boritane e bong James Cook o ne a fitlhelela tshwetso e e tshwanang fa a ne a tsamaya ka sekepe a ya bophirima go ralala Bering Strait mme a fitlhela aese e thibile tsela ya gagwe. Go ne ga feta dingwaga tse dingwe di le lekgolo pele ga Nils Adolf Erik Nordenskiöld yo o tswang kwa Finland a atlega go feta mo tseleng eno ka sekepe se se tsamayang ka magala.

Botswerere Jwa Ba-Russia

Morago ga Phetogo e Kgolo ya kwa Russia ka 1917, dikepe tsotlhe di ne di thibetswe go tsamaya mo lewatleng la Arctic la Russia mme ga letlelelwa tsa Russia fela. Go tloga ka bo1930 go ya pele, Soviet Union e ne ya tlhabolola Northern Sea Route mme ya aga maemakepe go thusa madirelo a masha. Ka go dira jalo, Ba-Russia ba ne ba kgona go nna le botswerere mo mekgweng yotlhe ya go tsamaisa dikepe mo lewatleng la Arctic.

Ka nako ya Ntwa ya Molomo, Northern Sea Route e ne ya nna e tswaletse dikepe tsa dinaga di sele. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya diphetogo tsa dipolotiki le go fetoga ga ikonomi, balaodi ba Russia jaanong ba ne ba kgothaletsa gore dikepe tsa lefatshe lotlhe di tsamaye mo tseleng eno. Sekai se se latelang se bontsha mesola ya gone.

Ka paka ya selemo sa 2009, dikepe di le pedi tse di rwalang merwalo tsa kwa Jeremane di ne tsa kgabaganya Bering Strait mme tsa ela ntlheng ya bophirima gaufi le lobopo lwa bokone lwa Asia le Yuropa lo lo neng lo se na aese e ntsi, di ya kwa Netherlands. E ne e le lekgetlo la ntlha dikepe tse e seng tsa kwa Russia di kgabaganya Northeast Passage yotlhe. Loeto lono lo ne lwa fokotsega ka dikilometara di le 5 560 mme gape lo ile lwa fokotsa nako ya go tsamaya ka sekepe ya malatsi a le lesome. Khampani e e ileng ya rulaganya loeto lono e fopholetsa gore e ile ya boloka di-euro di le 300 000 (e ka nako eo e neng e le R3 000 000) mo sekepeng sengwe le sengwe ka go tsaya tsela e e khutshwane ya Arctic.

Gompieno, aese ya lewatle la Arctic e fokotsega ka bonako. Ka ntlha ya seno, go na le mafelo a magolo a a se nang aese a dikepe di kgonang go tsamaya mo go one ka paka nngwe le nngwe ya selemo. * Le fa phetogo eno ya go gakologa ga aese go go tswelelang pele e ka ama tikologo, dikepe di tla tila metsi a a seng boteng a a gaufi le lobopo lwa Russia mme di tla kgona go tsamaya ka tlhamalalo mo lewatleng la Atlantic le la Pacific—di kgabaganya bokone jwa lefatshe.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 “Northern Sea Route” ke leina la Se-Russia le kwa mafelong a mangwe le itsegeng e le Northeast Passage (Tsela ya Bokonebotlhaba).

^ ser. 14 Ka ntlha ya seno le mabaka a mangwe, boleele jwa paka ya go tsamaya ka sekepe bo oketsegile ka makgetlo a a menaganeng mo e ka nnang gararo kwa botlhaba jwa Arctic mme kwa bophirima jwa Arctic bo menagane gabedi.

[Mmapa mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

DITSELA TSE DI TSAMAILWENG KE

Motlotlegi Hugh Willoughby le Richard Chancellor

Willem Barents

Vitus Bering

Nils Adolf Erik Nordenskiöld

Ice limits

[Mmapa]

LEWATLE LA ARCTIC

North Pole

Permanent ice limit

Summer ice-pack limit

Winter ice-pack limit

ARCTIC CIRCLE

SWEDEN

GREENLAND

CANADA

ALASKA

Bering Strait

RUSSIA

SIBERIA

DITHABA TSA URAL

Novaya Zemlya

Kola Peninsula

Arkhangel’sk

MOSCOW

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Aese ya lewatle la Arctic e gakologa ka bonako

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 14]

Library and Archives Canada/Samuel Gurney Cresswell collection/C-016105