Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kopana le Marmot ya Kwa Dithabeng

Kopana le Marmot ya Kwa Dithabeng

Kopana le Marmot ya Kwa Dithabeng

Go ne go utlwala molodi mo moyeng. O ne o utlwala e kete ke wa mosimanyana yo o leletsang tsala ya gagwe molodi—mme one o le kwa godimo thata. Molodi oo o ne o utlwala go ralala dithaba, mme go sa lemotshege gore o ne o tswa kae. Morago ga foo, ke ne ka bona phologotswana ya losika lwa dipeba ya boboa jo bokima e tabogela mo teng ga mosima o o fa gaufi. Fa ke lebelela ka bonako buka ya me e e kaelang bajanala, e ne ya ntlhomamisetsa gore ke sa tswa go bona le go utlwa marmot ya kwa dithabeng.

MO MALATSING a se kae a a latelang, ke ne ka tlwaelana le dipeba tseno tse di boboa. Ke ne ka ithuta gore ke mafika afe a di ratang go nna mo go one fa di ikomosa mo letsatsing, gore mesima e di nnang thata kwa go yone e kwa kae le gore di kgona go tshela jang mo tikologong e e tsididi thata kwa go sa meleng ditlhare gone.

Go Dirisana Mmogo ga Lelapa le go Nna Podimatseba

Botshelo mo mafulong a a kwa dithabeng ga bo motlhofo mo diphologotswaneg tseno tsa di-marmot. Mariga go tsididi thata mme lefelo le di nnang mo go lone le ka nna la apesiwa ke kapoko ka dikgwedi di le dintsi. Mme gape diphologotswana tseno, di mo kotsing ya go tlhaselwa ke batlhasedi ba ba tsamayang fa fatshe le ba ba fofang kwa loaping. Ka jalo, go falola ga di-marmot go ikaegile ka go dirisana mmogo, go nna le thulaganyo le go nna podimatseba.

Di-marmot ke diphologotswana tse di amegang ka ba lelapa, tse gantsi di nnang di le setlhopha, se mo go sone go nang le e tonanyana le e namagadi le bana ba tsone. Lelapa lengwe le lengwe le na le mesima e le mmalwa—o mongwe ke legae la lelapa mme e mengwe ke e di itshireletseng mo go yone ka nako ya kotsi. Ka dinako tse dingwe di-marmot di epa mesima ya tsone mo diphatlheng kafa tlase ga mafika a magolo. Mafelo ano a e keteng ke dikago tsa phemelo a dira gore di-marmot di nne le setlhoa se di kgonang go ela tlhoko se se diragalang e bile e le mafelo a di ka iketlang mo letsatsing mo go one.

Di-marmot di tsaya bophepa e le selo se se botlhokwa thata. Go na le mosima o mongwe o o dirisiwang e le ntlwana ya boithomelo gore mosima o e leng legae o bolokiwe o le phepa. Kwa bofelong jwa mosima o di nnang mo go one, di-marmot di dira mongobo o mogolo di bo di ala bojang mo go one. Mongobo ono e nna lefelo le le babalesegileng le tse di namagadi di tsalelang gone. Mme e bile ke lefelo le le thutafetseng le lelapa lotlhe le ka ikhutaganyang gone fa le iphitlhile ka paka ya mariga e e tsayang nako e telele.

Sengwe se e ka tswang e le boikarabelo jo bo botlhokwa thata jwa lelapa ke tiro ya go lebelela. Marmot e nngwe e e godileng e tla nna molebeledi fa maloko a mangwe a lelapa a ntse a batla dijo gautshwane. Ka dinako tse dingwe fa marmot e batla go bona gore a go na le kotsi, e tla ema ka maoto a yone a a kwa morago gore e keleke tikologo botoka. Bontsu, bophokoje le batho ke bone ba ba leng kotsi thata mo diphologotswaneng tseno tsa di-marmot tsa kwa dithabeng. Fa di-marmot di bona batlhasedi bano kgotsa di bona nonyane epe e kgolo e e tlhaselang, go tla utlwala mokgosi wa gore go na le kotsi. Se se kgatlhang ke gore, mokgosi o o tlhagisang ka bontsu—ba e leng batlhasedi ba bagolo ba ba fofang ba di-marmot—ke mokgosi o o farologaneng thata. Fa go utlwala mokgosi wa tlhagiso, di-marmot di tla taboga ka bonako di ya go iphitlha. Ka ponyo ya leitlho ga go nne le marmot epe e e salang e tsamayatsamaya kwa ntle!

Go nna kutlo e ka nna kgang ya botshelo le loso, segolobogolo mo diphologotswaneng tse dinnye tsa di-marmot, tse e leng sejo se bontsu ba mmala wa gouta ba se ratang thata. Fa go bonala kotsi e le gaufi, molebeledi o tsena mo teng ga mosima o o fa gaufi le tse dingwe. Go tswa foo, morago ga metsotso e se kae, o tla ntsha tlhogo ka kelotlhoko a okomela go bona gore a kotsi e fetile.

Go Ipoloka di le Tsiditsana le go Robala Sentle

Kwa mafulong a a kwa godimo ga dithaba kwa di-marmot tsa dithaba di nnang gone, go na le bojang jo bontsi jo di ka bo jang mme tlelaemete ya selemo e tekatekano. Fa maemo a bosa a le tsiditsana, di-marmot di tla ikomosa mo letsatsing di le mo lefikeng le le tshwanetseng. Dithemperetšha tse di mogote thata di di bakela mathata a mangwe, ka gonne ga di kgone go ntsha letlalo la tsone le le boboa. Ka ntlha ya seno, gantsi di-marmot di matlhagatlhaga thata phakela mo mosong le mo tshokologong ya thapama.

Di-marmot ga di na bothata jwa go robala; di nna di robetse ka paka ya mariga mo e ka nnang ka dikgwedi di le thataro. Mofuta wa phologotswana e e tshwanang le yone e e bidiwang hoary marmot e ka nna ya iphitlha sebaka sa dikgwedi tse di ka nnang robongwe. Ka nako eno ya go iphitlha, lobelo lo pelo ya marmot ya kwa dithabeng e itayang ka lone lo a fokotsega, e itaya gangwe kgotsa gabedi ka motsotso mme themperetšha ya mmele wa yone e ya kwa tlase go fitlha go didikirii tse di ka nnang tlhano tsa Celsius. Go a utlwala go bo diphologotswana tseno di tlhoka go ipaakanyetsa go nna nako e telele jaana kwantle ga dijo. Ka paka ya selemo le mo masimologong a letlhabula, di-marmot di ja thata gore di nne le mafura a a lekaneng gore di tshele mo pakeng yotlhe ya mariga a maleele a di tla bong di iphitlhile ka yone.

Di-marmot tse dinnye di rata go tshameka mme gantsi di nna di dikologa di lelekisana. Ke ne ka lebelela setlhopha sa tse tharo tse dinnye tsa tsone di kgokologa mo mokgokoloseng wa bojang fa di ntse di itira e kete di a lwa. Di-marmot tsa dingwaga tse di farologaneng di dumedisana ka go kgomana dinko; maloko a lelapa gape a ntshana leswe mme ka dinako tse di tsididi tsa mariga di nna di kgotlhagane le tse dingwe gore di thuthafale.

Di-marmot di ipaakanyetsa isagwe mme di nna di ntshitse matlho dinameng go bona dikotsi. (Jobe 12:7) Gongwe malapa a batho a ka ithuta mo diphologotswaneng tseno.

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

Di-marmot di oketsa bontle jwa mafulo ano a dithaba mme go dirisana mmogo ga tsone jaaka lelapa go supa botlhale jwa Mmopi.—Pesalema 50:10

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

Marmot e nngwe e e godileng e tla nna molebeledi fa maloko a mangwe a lelapa a ntse a batla dijo gautshwane