Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letlotlo la Baithuti ba Baebele

Letlotlo la Baithuti ba Baebele

Letlotlo la Baithuti ba Baebele

Ke se boroutšhara jwa ‘Bona Lefatshe le le Molemo’ bo itshupileng e le sone. E na le dimmapa le ditshwantsho tse dintsi tse di mebalabala tsa mafelo a mo go one go neng go diragala ditiragalo tse dikgolo tsa motlha wa Baebele mo lobakeng lwa dingwaga tse di fetang 2 000. Mme gape go na le ponalo e ntle ya matlotla a Beere-sheba wa bogologolo, kwa Aborahame a neng a nna gone le setshwantsho sa tsela ya kwa Roma e barutwa ba ga Keresete ba ka tswang ba ne ba tsamaya mo go yone go ela kwa bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.

Bontsi jwa babadi ba rona ba ile ba tlhalosa gore ba anaanela boroutšhara jono. Mongwe wa bone o ne a kwala jaana: “Ke tletse kanaanelo thata. Ga ke bolo go eletsa go bona ka leitlho la mogopolo lefatshe la ditlhogo tsa lotso le naga e Jesu a neng a tsamaya mo go yone.” Yo mongwe o ne a re: “Ke sengwe se ke sa bolong go se batla. Ruri e dira gore ditiragalo tsa Baebele e nne tsa mmatota.”

O ka kopa go romelelwa khopi ya boroutšhara jono jwa ditsebe di le 36 ka go tlatsa setlankana se se fa tlase fano le go se romela kwa atereseng e e bontshitsweng kgotsa kwa atereseng e e tshwanelang e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono. Boroutšhara jono bo teng ka dipuo di le 79. Go setse go gatisitswe dikhopi tse di ka nnang dimilione di le lesome.

□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya boroutšhara jo bo bontshitsweng fano.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Beere-sheba wa bogologolo

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Tsela ya kwa Roma

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 32]

Beer-sheba, Roman road, and brochure cover: Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.