Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Loleme Lwa Hummingbird

Loleme Lwa Hummingbird

A lo Ne lo Tlhamilwe?

Loleme Lwa Hummingbird

● Babatlisisi ba tlhatlhoba dikarolwana tse dinnyennye tsa madi, DNA le dilo tse dingwe mo galaseng e e ka lekanang le seatla sa gago. Fa babatlisisi ba leka go dira motšhini o o ka sutisang diedi tseno tse dinnyennye, ba dirisa mokgwa wa go gopa kgotsa dipompo tse di tsayang marothodi a mannyennye, mme mekgwa eno e itshupile e sa dire ka tsela e e tshwanetseng. A go na le tsela e e botoka ya go fetisa diedi tseno ka selekanyo se sennye? Go ya Dr. John Bush wa Massachusetts Institute of Technology, “tlholego e setse e rarabolotse bothata jono.”

Ela tlhoko: Hummingbird ga e tlhoke go senya maatla a mantsi e gopa tswina mo lelomong go ya leganong la yone. Go na le moo, e dirisa maatla a a kopaneng a a dirang gore metsi mo lefelong le le sephaphathi a emelane le maatlakgogedi mme a bo a fetoga marothodi. Fa loleme lwa hummingbird le kopana le tswina, seedi se se mo lolemeng se dira gore loleme lwa nonyane eno lo itshope go nna jaaka tšhupu e tshesane mme tswina e bo e gogelwa mo leganong la yone. Tota re ka re hummingbird e tila go dirisa maatla a mantsi go sa tlhokege ka go letla tswina e itsamaisa ka “tšhupu” eno go ya mo leganong la yone. Ka nako ya fa di ja, di-hummingbird di kgona go tlatsa loleme lwa tsone ka tswina ka makgetlo a le 20 ka motsotswana!

Mokgwa ono wa go gopa diedi ka loleme ka tsela eno o bonwe gape mo dinonyaneng tse di nnang gaufi le metsi, tse di nwang metsi ka tsela eno. Fa Porofesa Mark Denny wa Stanford University, kwa California, U.S.A., a ne a akgela ka bokgoni jono jwa tsone o ne a re: “Go kopanngwa ga boenjenere, fisikisi le dipalo ke selo se se kgatlhang tota . . . Fa o ne o ka tsaya moenjenere ope fela kgotsa moitse wa dipalo mme o bo o ba bolelela gore ba tlhame tsela e nonyane e tsayang metsi ka yone go tswa mo molomong wa yone go ya kwa leganong la yone, ba ne ba ka se akanye ka mokgwa ono.”

O akanya eng? A loleme lo lonnye lwa hummingbird—le bokgoni jwa lone jwa go tsaya tswina ka bonako mme e le ka botswerere—lo nnile teng ka bolone fela? Kgotsa a lo ne lo tlhamilwe?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 23]

© Richard Mittleman/Gon2Foto/Alamy