Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Mayday! Mayday! Mayday!”—Mokgosi o o Bolokang Matshelo

“Mayday! Mayday! Mayday!”—Mokgosi o o Bolokang Matshelo

Mayday! Mayday! Mayday!”—Mokgosi o o Bolokang Matshelo

Sekepe sa go tshwara ditlhapi se ne se khurumeditswe ke molelo le mosi! Mongwe le mongwe mo sekepeng o ne a le mo kotsing e kgolo. Molebedi mongwe wa Setlhopha sa Masole a a Disang a Lewatle o ne a bolela jaana: “Fa kapotene a ne a sa letsa mokgosi wa “Mayday,” sekepe sa ‘Nautical Legacy’ se ka bo se ile sa se ka sa bonwa.” Setlhopha sa Masole a a Disang a Lewatle sa Canada se ne sa tsiboga ka bonako mme sa kgona go falotsa botlhe ba ba neng ba le mo sekepeng. *

“MAYDAY! Mayday! Mayday!” Mafoko ao fa a utlwiwa mo radiong a itsise ka maemo a tshoganyetso a a supang gore batho ba mo kotsing e bile ke mokgosi wa go kopa thuso ka potlako. A mokgosi wa Mayday o na le matswela? Ka 2008, Setlhopha sa Masole a a Disang a Lewatle sa kwa United States se ne sa dira maeto a a fetang 24 000 a go ya go falotsa batho. Se ne sa boloka matshelo a le 4 910—palogare ya matshelo a le 13 ka letsatsi—mme sa thusa batho ba ba fetang 31 000 ba ba mo kotsing.

Ke eng fa go dirisiwa lefoko “Mayday”? Mme pele ga go ka kgonega gore go romelwe melaetsa ka radio, dikepe tse di mo kotsing di ne di bontsha jang gore di kopa thuso?

Ditsela Tsa Bogologolo Tsa go Kopa Thuso

Ka 1588, sekepe sa Santa Maria de la Rosa, sengwe sa ditlhopha tsa dikepe tsa Spanish Armada se ne sa thuntsha ditlhobolo tsa sone go supa gore se mo kotsing fa se ne se tswa mo taolong ka ntlha ya setsuatsue se segolo. Sekepe seno se ne sa nwela mme ga go na batho bape ba go begilweng gore ba ile ba falola. Mo maemong a mangwe, batsamaisi ba dikepe ba bogologolo ba ne ba tsholetsa difolaga tsa bone tse di neng di diretswe go supa gore ba mo kotsing. Tota le gone jaanong, fa sekepe se bontsha folaga e tshweu e e nang le letshwao la sefapaano se se hibidu, go itsege mo lefatsheng lotlhe gore se kopa thuso.

Batsamaisi ba dikepe mo dingwageng tsa bo1760 ba ne ba simolola go ithuta go dirisa khoute e e ka bonwang e e bidiwang semaphore system (tsela ya go romela molaetsa ka go dirisa difolaga tse pedi). Go dirisa khoute eno, motho yo o dirang letshwao yo o tshotseng difolaga tse pedi o tla etsa dinakana tse di mo tshupanakong. Letshwao lengwe le lengwe la “nako,” le motho yo o ntshang lotshwao a neng a le bontsha le ne le emela tlhaka e e farologaneng kgotsa nomoro.

Le fa go ntse jalo, difolaga, go thuntshiwa ga ditlhobolo, matshwao a a bonalang, a ne a bereka fela fa batho bangwe ba ne ba le gaufi thata mo ba ka bonang kgotsa ba ka utlwang mokgosi wa kotsi. Gantsi, batsamaisi ba dikepe ba ba mo kotsing ba ne ba sa tshepe gore ba tla thusiwa. Seemo seno se ne se tla tokafadiwa jang?

Ditsela Tse di Botoka Thata Tsa go Kopa Thuso

Go ne ga dirwa kgatelopele e kgolo mo thekenolojing ya tlhaeletsano ka dingwaga tsa bo1840. Samuel Morse o ne a tlhama khoute e e neng e dira gore batho ba ba kwalang melaetsa ka thelekerafo ba kgone go romela melaetsa mo mogaleng ka go dirisa sedirisiwa sa letsogo se se fetisang molaetsa se se nang le konopo. Fa fela motho yo o kwalang molaetsa a nna a tobeditse konopo eo, motho yo o ka kwa ntlheng e nngwe ya mogala a ka kgona go bona letshwao la motlakase. Morse o ne a kopanya medumo e e tsayang nako e khutshwane le e e tsayang nako e telele kgotsa dikhutlo le dithaladi mme a bo a di tsenya mo tlhakeng le mo nomorong nngwe le nngwe.

Gore batsamaisi ba dikepe ba kgone go dirisa khoute ya ga Morse mo lewatleng, ba ne ba dirisa lesedi la dipone tse di phatsimang go na le gore ba dirise medumo e e romelwang ke batho ba ba romelang melaetsa ka dithelekerafo. Motho yo o ntshang letshwao o ne a tla phatsimisa lesedi ka nakwana go bontsha gore ke khutlo mme a bo a oketsa nako e a phatsimisang lesedi ka yone go bontsha gore ke thaladi. Batho ba ba ntshang matshwao ba ne ba simolola go dirisa matshwao a a motlhofo le a a tlhomologileng a a bontshang gore ba kopa thuso, a e leng dikhutlo tse tharo, dithaladi tse tharo le dikhutlo tse dingwe tse tharo tse di emelang ditlhaka tsa SOS. *

Ka lesego, matshwao ano a a supang kotsi a ne a tswelela go oketsega le go dirisiwa ka tsela e e nang le matswela mme a kgona go bonala le fa a le kgakala. Guglielmo Marconi o ne a romela letshwao la ntlha la radio go ralala Lewatle la Atlantic ka 1901. Melaetsa ya ditlhaka tsa SOS e ne jaanong e kgona go romelwa ka go dirisa makhubu a radio go na le gore go dirisiwe lesedi la dipone. Le fa go ntse jalo, batho ba ba laolang diradio ba ne ba sa kgone go dirisa mantswe fa ba ntsha mokgosi wa gore go na le kotsi. Mafoko a a reng “Mayday! Mayday! Mayday!” a ne a tla tloga a dirisiwa.

Go ne ga utlwala mafoko a a buiwang mo diradiong ka 1906 fa Reginald Fessenden a ne a gasa thulaganyo ya puo le mmino ka radio. Batsamaisi ba dikepe ba ba nang le diradio ba ne ba utlwa kgaso ya ga Fessenden ba le bokgakala jwa dikilometara di le 80. Ka 1915, batho ba ba oketsegileng ba ne ba itumelela go utlwa motho a bua mo radiong go tswa kwa Arlington, Virginia, U.S.A., ba le kwa Eiffel Tower kwa Paris, kwa Fora—sekgala sa dikilometara di le 14 000! Mme akanya ka boitumelo jo batsamaisi ba sekepe sa S.S. America ba ileng ba nna le jone ka 1922, fa ba ne ba nna le motlotlo wa ntlha wa radio ba le mo sekepeng sa bone, ba buisana le ba bangwe go tswa kwa Deal Beach, New Jersey, U.S.A., mme sekepe sa bone se le bokgakala jwa dikilometara di le 600 mo gare ga lewatle.

Go Dira Gore go Nne le Mokgosi o le Mongwe wa Thuso

Batho ba le bantsi ka dingwaga tsa bo1920 le bo1930 ba ne ba simolola ka bonako go dirisa diradio go buisana. E re ka batho ba ba mo dikepeng ba ka tswa ba bua dipuo tse di farologaneng, kapotene o ne a tla romela jang molaetsa wa potlako wa gore ba mo kotsing o o neng o tla tlhaloganngwa gongwe le gongwe? International Radiotelegraph Convention e ne ya rarabolola bothata jono ka 1927 ka go dira gore lefoko “Mayday” le dirisiwe lefatshe ka bophara go bontsha mokgosi wa gore go na le kotsi. *

Re tshwanetse go itumela thata go bo ditsela tsa go buisana di ntse di tswelela go tokafala. Ka sekai, radara le di-global positioning system (didirisiwa tse di bontshang motho tsela) di ile tsa tsaya boemo jwa dikanono le matshwao a difolaga. Mme gape, diradio e nnile tsone di dirisiwang thata mme mekgatlho e e falotsang batho e laola makhubu a diradio e bile e nna e ntse e ntshitse matlho dinameng. Fela jaaka go ne go ntse ka sekepe sa Nautical Legacy, go sa kgathalesege gore kotsi e tlhaga kae kgotsa leng, mokgosi wa “Mayday! Mayday! Mayday!” o ka kgona go utlwiwa. Go farologana le dikokomana tse di fetileng, fa o le mo kotsing kwa lewatleng, go na le gore o nne le tsholofelonyana fela ya gore o tla thusiwa, o ka tshepa tota gore o tla bona thuso.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Go begilwe ka seno mo bukeng ya True Stories of Rescue and Survival—Canada’s Unknown Heroes

^ ser. 11 Go ne ga tlhophiwa ditlhaka tsa SOS ka gonne di ne di kgona go romelwa le go tlhaloganngwa motlhofo. Di ne di se na bokao bope jo bo rileng.

^ ser. 15 Lefoko “Mayday” le tshwanetse go boelediwa gararo go supa boikaelelo jwa lone sentle le go tila go tlhakanya lefoko leno le lepe le lengwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Sekepe sa “Nautical Legacy” se khurumeditswe ke molelo le mosi

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy Fisheries and Oceans Canada, reproduced with the permission of © Her Majesty the Queen in Right of Canada, 2010

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Gore batsamaisi ba dikepe ba kgone go dirisa khoute ya ga Morse mo lewatleng, ba ne ba dirisa lesedi la dipone tse di phatsimang go na le gore ba dirise medumo e e romelwang ke batho ba ba romelang melaetsa ka dithelekerafo

[Motswedi wa Setshwantsho]

©  Science and Society/SuperStock