Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Ke Eng se se Phoso ka Setshwantsho Seno?

Bala Genesise 4:1-8. Jaanong lebelela setshwantsho. Ke dilo dife tse di leng phoso? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e fa tlase fano.

1. ․․․․․

2. ․․․․․

3. ․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Kaene o ne a itshwara jang fa Jehofa Modimo a ne a amogela morwarraagwe e bong Abele? Fa go bonala batsadi ba gago ba rata mongwe wa bomogoloo kgotsa bomonnao thata, o tshwanetse go tila eng mme ka ntlha yang?

O ITSE ENG KA MOAPOSETOLOI NATHANIELE?

4. Go ka direga gore Nathaniele o ne a itsege gape ka leina lefe le lengwe?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Luke 6:14; Johane 1:44-46.

․․․․․

5. Jesu o ne a rata eng ka Nathaniele?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Johane 1:47.

․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

O ka etsa jang Nathaniele? O sologelwa molemo jang fa o dira jalo?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Pesalema 24:3-5; 34:13-16.

BANA BATLANG DITSHWANTSHO TSENO

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO

Araba dipotso tseno o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

TSEBE 5 Pelo ya motho e sekametse mo go eng? Genesise 8:․․․

TSEBE 6 Re tshwanetse go eletsa go itshwara jang? Bahebera 13:․․․

TSEBE 24 Re tshwanetse go nna le eng fa pele ga rona? 1 Bakorintha 9:․․․

TSEBE 26 Go tla diragala eng fa o ka leta gore phefo le maemo a bosa a nne a a tshwanelang sentle? Moreri 11:․․․

● Dikarabo di mo tsebeng 21

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 31

1. Ke barwa ba le babedi fela ba ba ileng ba ntsha ditlhabelo.

2. Kaene o ne a ntsha maungo a a tswang mo mmung.

3. Abele o ne a ntsha nku e seng kgomo.

4. Barotholomeo.

5. O ne a sa tsietse.