Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Fitlhelela Mekgele ya me Jang?

Nka Fitlhelela Mekgele ya me Jang?

Basha ba Botsa Jaana

Nka Fitlhelela Mekgele ya me Jang?

KE SEFE sa dilo tse di latelang se o ka ratang go nna le sone?

● Go itshepa mo go oketsegileng

● Ditsala tse di oketsegileng

● Boitumelo jo bo oketsegileng

Tota e bile o ka kgona go nna le tsone tsotlhe ka boraro! Jang? Ka go ipeela mekgele le go e fitlhelela. Ela tlhoko se se latelang.

Go itshepa mo go oketsegileng Fa o ipeela mekgele e mennye o bo o e fitlhelela, o ka tlhomamisega gore le e megolo o ka kgona go e fitlhelela. O tla ikutlwa o itshepa ka tsela e e oketsegileng fa o lebana le dikgwetlho tsa letsatsi le letsatsi—tse di jaaka go itshokela kgatelelo ya balekane. Mme gape ba bangwe ba ka nna ba lemoga go itshepa ga gago mme ba tla go tlotla ka ntlha ya seo. Bangwe ba ka nna ba se ka ba go gatelela thata. Tota e bile, ba ka nna ba simolola go go kgatlhegela.—Bapisa Mathaio 5:14-16.

Ditsala tse di oketsegileng Batho ba rata go nna le batho ba ba tlhomang sekao—ba ba itseng se ba se batlang le ba ba iketleeleditseng go dira go dumalana le sone. Mme fa batho ba atamalana le wena ka ntlha ya mekgele ya gago, gantsi ba nna batho ba ba ka go thusang go fitlhelela mekgele eo.—Moreri 4:9, 10.

Boitumelo jo bo oketsegileng Fa re bua boammaaruri: Go nna o lapile pelo le go nna o letetse fela gore botshelo jwa gago bo tswelele go ka se go leretse boitumelo. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o ipeela mekgele o bo o e fitlhelela, o nna le boikutlo jwa gore o fitlheletse sengwe. Ga go gakgamatse go bo moaposetoloi Paulo, Mokeresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga, a kile a bua jaana: “Ga ke taboge ke se na mokgele.” (1 Bakorintha 9:26, Contemporary English Version) Mme gakologelwa, fa o kgona go ipeela mokgele o mogolo, o tla nna le boikutlo jo bo oketsegileng jwa go o fitlhelela!

A o ipaakanyeditse go simolola? Sega tsebe eno o bo o e mena go ya ka fa mojeng mme o latele dikgato tse di kwadilweng mo go yone. *

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Dikakantsho tseno di dirilwe malebana le mekgele e o ka e fitlhelelang mo lobakeng lwa dibeke kgotsa dikgwedi di se kae mme melaometheo eno e ka dira le mo mekgeleng e megolo.

TSE O KA AKANYANG KA TSONE

● A go a kgonega gore o ipeele mekgele e le mentsi ka nako e le nngwe?—Bafilipi 1:10.

● A go ipeela mekgele go raya go rulaganya motsotso mongwe le mongwe mo botshelong jwa gago?—Bafilipi 4:5.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 25, 26]

Kafa o ka fitlhelelang mekgele ya gago ka teng

E ITSE Diane 4: 25, 26 1

“O se ka wa tshaba go ipeela mekgele e megolo. Fa batho ba bangwe ba kile ba e fitlhelela, le wena o ka kgona.”—Roben.

1. Akanya ka mekgele e o ka ipeelang yone. Itumelele kgato eno! O se ka wa e sekaseka; kwala fela dikgopolo tse dintsi ka mo o ka kgonang ka teng. Bona gore a o ka kgona go kwala bobotlana e le lesome kgotsa e le 20 e o ka kgonang go ipeela yone.

2. Sekaseka dikgopolo tse o nang le tsone. Ke dife mo go tsone tse di bonalang di kgatlha thata? Ke dife tse di gwetlhang thata? Ke dife tse o tla ipelang thata ka tsone fa o ka di fitlhelela? Gakologelwa, mekgele e e molemolemo ke e e leng botlhokwa thata mo go wena.

3. Baya dilo tse di tlang pele kwa pele. Tlhopha pele mekgele mengwe ya nakwana e o ka kgonang go e fitlhelela mo malatsing a se kae. Go tswa foo tlhopha mekgele mengwe ya nako e telele (e o ka kgonang go e fitlhelela mo dibekeng kgotsa mo dikgweding di le mmalwa). Kwala mekgele ya gago go ya ka tatelano e o batlang go e fitlhelela ka yone.

Mekgele ya Sekaelo

Botsalano Go dira tsala le motho a le mongwe yo o sa lekaneng le nna ka dingwaga. Go tsosolosa botsala jwa bogologolo.

Botsogo Go Ikatisa mmele ka metsotso e le 90 beke nngwe le nngwe. Go robala diura di le robedi bosigo bongwe le bongwe.

Sekolo Go tokafatsa maduo a me a dipalo. Go dira se se siameng fa ba bangwe ba nkgatelela go tsietsa ka nako ya tlhatlhobo.

Bomoya Go bala Baebele ka metsotso e le 15 letsatsi le letsatsi. Go bolelela mongwe yo ke tsenang le ene mo tlelaseng ka dilo tse ke di dumelang mo bekeng eno.

Rulaganya Diane 21:5 2

“Go monate go nna le mekgele mme gape o tlhoka go nna le thulaganyo gore o tle o e fitlhelele. Fa o sa dire jalo, e tla nna mekgele fela mme o sa e fitlhelele.”—Derrick.

Mo mokgeleng mongwe le mongwe o o o tlhophileng, dira se se latelang:

1. Kwala mokgele wa gago.

2. Tlhoma nako e o batlang go o fitlhelela ka yone. Gone mme, fa o na le mokgele mme o sa ipeela nako e o batlang go o fitlhelela ka yone seo ke toro fela!

3. Rulaganya dikgato tse o tla di tsayang.

4. Akanyetsa dikgoreletsi. Go tswa foo akanya kafa o tla di fenyang ka teng.

5. Dira maitlamo. Ipolelele gore o tla dira gotlhe mo o ka go kgonang go fitlhelela mokgele wa gago. Jaanong saena o bo o kwale le letlha la gone.

Go ithuta Se-Spain go ipaakanyetsa loeto lwa go ya kwa Mexico ka July 1

Dikgato

1. Go ipatlela buka ya dipolelwana.

2. Go ithuta mafoko a le lesome a masha beke nngwe le nngwe.

3. Go reetsa batho ba bangwe ba ba buang Se-Spain.

4. Go kopa mongwe gore a sekaseke thutapuo ya me le tsela e ke bitsang mafoko ka yone.

Dikgoreletsi tse di ka nnang teng

Ga go na ope yo o gaufi yo o buang Se-Spain

Kafa nka di fenyang ka teng

Go tsaya dilo tse di rekotilweng tsa Se-Spain go tswa mo atereseng ya www.pr418.com.

․․․․․ ․․․․․

Mosaeno Letlha

Tsaya Kgato! Johane 13:17 3

“Go motlhofo gore o iteege tsebe mme o lebale mekgele ya gago, ka jalo, o tshwanetse go nna o tlhomile mogopolo mo go yone le go tswelela o dira maiteko a go e fitlhelela.”—Erika.

Simolola ka bonako. Ipotse gore, ‘Nka dira eng gompieno gore ke simolole mokgele wa me?’ Gone ke boammaaruri gore o ka tswa o sa rulaganya sengwe le sengwe mme o se ka wa dira gore seo se go thibele go simolola. Jaaka Baebele e tlhalosa, “fa o ka leta go fitlha phefo le maemo a bosa a tshwanela sentle, o ka se ka le ka motlha wa jala sepe kgotsa wa roba sepe.” (Moreri 11:4, Today’s English Version) Batla sengwe se o ka se dirang gompieno—le fa se ka tswa se le sennye—mme o se dire.

Sekaseka mekgele ya gago letsatsi le letsatsi. Ikgopotse gore ke ka ntlha yang fa mongwe le mongwe wa yone o le botlhokwa mo go wena. Bona gore o dirile kgatelopele e kana kang ka go dira letshwao la (kgotsa letsatsi le o weditseng seo ka lone) go bapa le kgato nngwe le nngwe fa o e fetsa.

Fetofetoga. Go sa kgathalesege gore dithulaganyo tsa gago di molemo go le kana kang, di ka nna tsa tlhoka go fetolwa fa o ntse o tsweletse. Go siame. O se ka wa tshwenyega ka go ngaparela thulaganyo ya gago o sa fetoge. Tswelela fela o dira kgatelopele gore o fitlhelele mokgele wa gago.

Akanyetsa se o ka se fitlhelelang. “Isa dilo kwa pele” mme o ipone o fitlhelela mokgele wa gago. Utlwa kafa go ntseng ka teng go atlega. Morago ga foo, “busetsa dilo morago” ka go sekaseka kgato nngwe le nngwe mme o bone nngwe le nngwe ka leitlho la mogopolo. Kwa bofelong, tobetsa kopono ya “tshameka.” Ipone o wetsa kgato nngwe le nngwe mme akanya kafa o tla ikutlwang monate ka teng fa o fitlhelela mokgele wa gago. Jaanong go dire!

[Setshwantsho]

Mekgele e tshwana le dipolane—go tlhokega matsapa go dira gore e nne tsa mmatota!

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 25]

SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG 4

“Go motlhofo gore o kgobege marapo fa go se na sepe se o tlhomileng mogopolo mo go sone kgotsa se o lebileng pele mo go sone. Mme fa o ipeela mekgele o bo o e fitlhelela o tla itumelela se o se dirang.”—Reed.

“Fa o sa kgone go fitlhelela mokgele wa gago sentle le ka nako e o neng o e akantse, o se ka wa itshwaya diphoso. Go ikutlwa ka tsela e e ntseng jalo go ka se go thuse ka sepe. Nna o leke fela!”—Cori.

“Tlotla le batho ba ba setseng ba fitlheletse mekgele e e tshwanang le e o e ipeetseng. Ba ka go kgothatsa le go go neela dikakantsho tse di mosola. Gape bolelela ba lelapa la gaeno ka mekgele ya gago gore le bone ba kgone go go thusa.”—Julia.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Sega mo moleng o o marontho

Mena