Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke Tshwanetse go Tlogela Sekolo?

A ke Tshwanetse go Tlogela Sekolo?

Basha ba Botsa Jaana

A ke Tshwanetse go Tlogela Sekolo?

O akanya gore o tshwanetse go tlogela sekolo ka “grade” mang?

․․․․․

Batsadi ba gago ba batla gore o tlogele sekolo ka “grade” mang? 

․․․․․

A DIKARABO tsa dipotso tse di fa godimo di a tshwana? Le fa di ka tswa di tshwana mme o sa ntse o tsena sekolo, o ka tswa o na le malatsi a ka one o ikutlwang e kete o ka tlogela sekolo. A o kile wa akanya ka sengwe se se tshwanang le dikakgelo tse di latelang?

“Ka dinako tse dingwe ke ne ke tle ke ikutlwe ke gateletswe thata mo maikutlong mo ke neng ke sa batle go tsoga. Ke ne ke akanya jaana, ‘Ke eng fa ke tshwanetse go ya sekolong le go ithuta dilo tse nka se di diriseng?’”—Rachel.

“Gantsi ke ne ke lapisiwa ke sekolo mme ke ne ke batla fela go se tlogela ke ye go batla tiro. Ke ne ke akanya gore sekolo ga se nthuse ka sepe mme bogolo ke ne ke tla batla tiro e ke neng ke tla e duelelwa.”—John.

“Letsatsi le letsatsi ke ne ke na le tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae e e neng e ntsaya diura di le nnè! Ke ne ke imetswe ke tiro ya sekolo, diporojeke le ditlhatlhobotsotlhe di tla ka nako e le nngwe mo e leng gore ke ne ke sa tlhole ke kgona mme ke ne ke batla fela go latlhela seditse.”—Cindy.

“Re ile ra nna le matshosetsi a bomo, ga nna le batho ba le bararo ba ba ileng ba leka go ipolaya, ga nna le a le mongwe yo o ileng a ipolaya gape go ile ga nna le segongwana sa thubakanyo. Ka dinako tse dingwe go ne go nketefalela tota mme ke ne ke batla fela go tlogela!”—Rose.

A o kile wa lebana le dikgwetlho tse di tshwanang? Fa e le gore go ntse jalo, ke seemo sefe se neng sa dira gore o batle go tlogela sekolo?

․․․․․

Gongwe gone jaanong o akanya ka tlhoafalo go tlogela sekolo. Le fa go ntse jalo, o ka itse jang gore o batla go tlogela sekolo ka gonne e le nako ya gore o dire jalo kgotsa ka gonne o lapisitswe fela ke sekolo mme o batla go tlogela? Gore o kgone go araba potso eno, go tla nna molemo gore o itse gore go kaya eng go tlogela sekolo.

A go Tla bo go Siame go Tlogela Sekolo?

A o ne o itse gore kwa dinageng dingwe go tlwaelegile gore basha ba tsene sekolo dingwaga di le tlhano go ya go di le robedi?

․․․․․

Kwa dinageng tse dingwe, go lebeletswe gore baithuti ba tsene sekolo dingwaga di le lesome go ya go di le 12. Ka jalo, ga go na dingwaga kgotsa grade e e beilweng e baithuti botlhe mo lefatsheng ba tshwanetseng go fetsa sekolo ka yone.

Mo godimo ga moo, dinaga dingwe di ka nna tsa letlelela moithuti go dira dithuto dingwe kgotsa tsotlhe, a le kwa gae go na le gore a ye sekolong. Baithuti ba ba ithutelang kwa gae—ka tetla ya batsadi ba bone—ga se gore ba tlogela sekolo.

Le fa go ntse jalo, fa e le gore o akanya ka go tlogela sekolo pele ga o aloga—e ka tswa e le sekolo se se tlwaelegileng kgotsa o ithutela kwa gae—o tlhoka go akanya ka dipotso tse di latelang:

Molao wa reng? Jaaka go tlhalositswe, melao e e laolang gore moithuti o tshwanetse go tsena sekolo lobaka lo lo kae e farologana go ya ka mafelo. Mo lefelong la lona molao o batla gore o tsene sekolo bobotlana lobaka lo lo kae? A o setse o fitlhile mo seemong seo? Go tla bo go sa siama go tlogela sekolo, fa e le gore fa o dira jalo o tla bo o itlhokomolosa kgakololo ya Baebele ya gore re “nne mo taolong ya balaodi ba bagolo,” mme go tswa mo sekolong pele ga grade eo go tla bo go bolela gore o tlogetse sekolo.—Baroma 13:1.

A ke fitlheletse mekgele ya me ya thuto? O batla gore thuto ya gago e go thuse go fitlhelela mekgele efe? A ga o a tlhomamisega? O tshwanetse gore o tlhomamisege! Fa go sa nna jalo, o tla bo o tshwana le mopalami wa terena yo o sa itseng gore o batla go ya kae. Ka jalo, nna fa fatshe le batsadi ba gago mme lo arabe dipotso tse di mo setlhogong se se reng,  “Mekgele Ya me Ya Thuto,” se se mo tsebe 28. Go dira jalo go tla go thusa gore o nne o tlhomile mogopolo e bile go tla thusa wena le batsadi ba gago gore lo rulaganye gore o tla tsena sekolo lobaka lo lo kana kang.—Diane 21:5.

Ga go pelaelo gore barutabana ba gago le batho ba bangwe ba tla go naya kgakololo ya gore o tshwanetse go tsena sekolo lobaka lo lo kana kang. Le fa go ntse jalo, kwa bofelong batsadi ba gago ke bone ba ba nang le taolo ya go dira tshwetso ya bofelo. (Diane 1:8; Bakolosa 3:20) Go tla bo go sa siama go tswa mo sekolong pele o fitlhelela mekgele ya thuto e wena le batsadi ba gago lo sweditseng ka yone, fa o dira jalo, o tlogetse sekolo.

Maitlhomo a me a go tlogela sekolo ke afe? Ela tlhoko gore o se ka wa itsietsa. (Jeremia 17:9) Batho ba na le tshekamelo ya go akanya gore ba na le mabaka a a utlwalang a go nna bogagapa.—Jakobe 1:22.

Kwala fa tlase fano mabaka a a utlwalang a o ka tswang o na le one a go tlogela sekolo pele ga nako.

․․․․․

Kwala fa tlase fano mabaka mangwe a bogagapa a go tlogela sekolo.

․․․․․

Ke mabaka afe a a utlwalang a o a kwadileng? Mabaka mangwe a o ka tswang o na le one e ka nna go thusa ba lelapa la gaeno ka madi kgotsa go nna le seabe mo tirong ya boithaopo ya go ruta batho ba bangwe ka Modimo. Mabaka a bogagapa e ka nna go tila go kwala ditlhatlhobo kgotsa go tshaba go dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae. Kgwetlho e ka nna go lemoga gore maitlhomo a gago a magolo ke afe—a ke a a utlwalang kgotsa ke a bogagapa?

Lebelela gape dintlha tse o di kwadileng mme ka boikanyegi o kwale botlhokwa jwa mabaka a go bo o tlogela sekolo ka go kwala 1 go ya go 5 (1 e bontsha gore lebaka leo ga le botlhokwa mo go kalo, 5 e bontsha gore le botlhokwa thata). Fa o tlogela sekolo e le fela go tila mathata, o tla gakgamadiwa ke ditlamorago tsa gone.

Ke Eng se se Phoso ka go Tlogela Sekolo?

Go tlogela sekolo go tshwana le go tlolela kwa ntle ga terena pele e fitlha kwa o yang gone. Go ka tswa go se monate go palama terena mme le bapalami ba ka tswa ba se botsalano. Mme fa o tlolela kwa ntle ga terena, o ka se ka wa fitlha kwa o yang gone e bile go ka direga gore o ikgobatse ka tsela e e masisi. Ka tsela e e tshwanang, fa o tlogela sekolo o ka nna wa se ka wa fitlhelela mekgele ya gago ya thuto mme gongwe o ka ipakela mathata a gone jaanong le a mo isagweng a a jaaka a a latelang:

Mathata a gone jaanong O ka nna wa fitlhela go le thata go bona tiro mme le fa o e bona, go ka direga gore e bo e le e e go duelang madi a a kwa tlase go na le e o ka bong o e bone fa o ka bo o feditse sekolo. Gore o kgone go bona dilo tsa botlhokwa mo botshelong, o ka nna wa tshwanelwa ke go bereka diura tse di oketsegileng mo maemong a a sa itumediseng go gaisa a o leng mo go one gone jaanong kwa sekolong.

Dikgwetlho tsa mo isagweng Dipatlisiso di bontsha gore batho ba ba tlogelang sekolo gantsi ba nna le botsogo jo bo bokoa, ba nna le bana ba sa le bannye, ba felela ba le kwa kgolegelong e bile ba iphitlhela ba tshwanelwa ke go ikaega ka dithulaganyo tse di diretsweng go thusa batlhoki.

Gone mme go fetsa sekolo ga go reye gore o tla tila mathata ano. Mme ke ka ntlha yang fa o itsenya mo mathateng go sa tlhokege ka go tlogela sekolo?

Melemo Ya go Sa Tlogele Sekolo

Gone ke boammaaruri gore fa o sa tswa go palelwa ke tlhatlhobo kgotsa o ile wa nna le letsatsi le le sa itumediseng kwa sekolong, o ka nna wa batla go latlhela seditse—mathata ape fela a o ka nnang le one mo isagweng a ka bonala e se a sepe fa o a bapisa le seemo se o leng mo go sone gone jaanong. Mme pele ga o tsaya kgoro ya botso e e “motlhofo,” akanya ka se baithuti ba go builweng ka bone pelenyana ba neng ba se bolela malebana le kafa ba ileng ba solegelwa molemo ka teng ka gonne ba ile ba se ka ba tlogela sekolo.

“Ke ile ka ithuta go nna pelotelele, e le gore ke gole mo tlhaloganyong. Gape ke ithutile gore fa o batla go itumelela go dira sengwe, o tshwanetse go fetola tsela e o lebang dilo ka yone. Ka go tswelela ke tsena sekolo, ke ne ka tokafatsa bokgoni jwa me jwa go taka, jo ke tla bo dirisang fa ke fetsa go aloga kwa sekolong.”—Rachel.

“Gone jaanong ke itse gore fa ke dira ka natla, ke tla kgona go fitlhelela mekgele ya me. Ke ithutela khoso ya botegeniki ya go dira ka diatla kwa sekolong se segolwane, e e tla nthusang gore ke tshwanelegele tiro e ke batlang go e dira ya go baakanya metšhini e e gatisang.”—John.

“Sekolo se nthutile go tokafatsa bokgoni jwa me jwa go rarabolola mathata, e ka tswa e le mo tlelaseng kgotsa gope fela. Go itse se ke tshwanetseng go se dira fa ke lebane le dikgwetlho tsa thuto, go dirisana le batho ba bangwe le dikgwetlho tse dingwe, go nthusitse fela thata gore ke gole.”—Cindy.

“Sekolo se nthusitse gore ke ipaakanyetse dikgwetlho tsa nako ya fa ke setse ke bereka. Gape ke ile ka lebana le maemo a mantsi a a neng a mpateletsa go sekaseka mabaka a tumelo ya me, ka jalo go tsena sekolo go dirile gore ke tlhatswege pelo ka dilo tse ke di dumelang.”—Rose.

Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a kwala jaana: “Bokhutlo jwa kgang bo botoka morago ga moo go na le tshimologo ya yone. Go botoka yo o pelotelele go na le yo o mabela mo moyeng.” (Moreri 7:8) Ka jalo, go na le gore o tlogele sekolo, rarabolola mathata a o lebanang le one kwa sekolong ka bopelotelele. Fa o dira jalo, o tla fitlhela gore kwa bokhutlong dilo di tla nna botoka thata.

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

TSE O KA AKANYANG KA TSONE

● Go nna le mekgele ya nakwana ya thuto go ka go thusa jang gore o solegelwe molemo fa o tsena sekolo?

● Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go itse gore ke tiro ya mofuta mang e o batlang go e dira fa o fetsa sekolo?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 27]

SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG

“Ke ithutile go rata go bala kwa sekolong. Ke selo se se itumedisang go kgona go tlhaloganya megopolo le maikutlo a motho yo mongwe ka go bala.”

“Ke na le bothata jwa go rulaganya nako ya me. Mme fa e ka bo e se ka sekolo go ka bo go le maswe le go feta! Sekolo se nthusa go dira thulaganyo le go e latela le go dira dilo tsa botlhokwa.”

[Ditshwantsho]

Esme

Christopher

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 28]

 MEKGELE YA ME YA THUTO

Selo se segolo se thuto e tla go thusang ka sone ke go go baakanyetsa gore o bone tiro e e tla go thusang gore o kgone go itlamela le go tlamela lelapa le kgabagare o tla nnang le lone. (2 Bathesalonika 3:10, 12) A o setse o sweditse gore o batla tiro ya mofuta mang le gore go tsena sekolo ga gago go tla go thusa jang go ipaakanyetsa tiro eo? Go go thusa go tlhomamisa gore a thuto ya gago e go lebisa kwa tseleng e e siameng, araba dipotso tse di latelang:

Ke na le bokgoni mo go eng? (Ka sekai, a o kgona go dirisana sentle le batho ba bangwe? A o rata go dira ka diatla, o dira kgotsa o baakanya dilo? A o na le bokgoni jwa go sekaseka mathata le go a rarabolola?)

․․․․․

Ke ditiro dife tse nka di dirang tse di tla nthusang go dirisa bokgoni jwa me?

․․․․․

Go na le ditshono dife tsa tiro mo ke nnang teng?

․․․․․

Ke dithuto dife tse ke di dirang gone jaanong tse di tla nthusang go bona tiro?

․․․․․

Ke eng se nka kgonang go se ithuta gone jaanong se se tla nthusang gore ke fitlhelele mekgele ya me botoka?

․․․․․

Gakologelwa, mokgele wa gago ke go aloga o na le thuto e o ka kgonang go e dirisa. Ka jalo, o se ka wa feteletsa dilo wa nna moithuti yo o sa fetseng sekolo—yo o nnelang ruri “mo tereneng,” e le fela go tshaba maikarabelo a go nna mogolo.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

MOLAETSA O O YANG KWA BATSADING

“Barutabana ba me ba a lapisa!” “Ke fiwa tiro e ntsi ya sekolo e e direlwang kwa gae!” “Ke palelwa ke go bona maduo a a tshwanelang gore ke falole ditlhatlhobo—ke itshwenyetsang ka go leka?” Ka ntlha ya dilo tse di kgobang marapo tse di ntseng jaana, basha bangwe ba raelesega go tlogela sekolo pele ga ba ka nna le bokgoni jo bo tla ba thusang go itshedisa. Fa morwao kgotsa morwadio a batla go tlogela sekolo, ke eng se o ka se dirang?

Sekaseka boikutlo jwa gago ka thuto. A o ne o leba go tsena sekolo e le go senya nako—e kete ke ‘katlholo ya kwa kgolegelong’ e o tshwanetseng go e itshokela go fitlha letsatsi le o tla bong o dira dilo tse o di kgatlhegelang? Fa e le gore go ntse jalo, bana ba gago le bone ba tla nna le boikutlo jo bo ntseng jalo ka thuto. Boammaaruri ke gore, thuto e e tekatekano e tla ba thusa go nna le “botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya”—e leng dinonofo tse ba tla di tlhokang gore e nne bagolo ba ba atlegileng.—Diane 3:21.

Ba neye thuso e ba e tlhokang. Bana bangwe ba ba neng ba ka bona maduo a a botoka, ga ba itse gore ba ka ithuta jang—kgotsa ga ba na lefelo le le siameng le ba ka ithutelang mo go lone. Lefelo le le siametseng go ithuta le ka nna la akaretsa deseke e e sa tlhakatlhakanang e go nang le lesedi le le lekaneng le didirisiwa tsa go dira dipatlisiso mo go yone. O ka thusa ngwana wa gago gore a gatele pele—e ka ne e le mo dilong tsa sekolo kgotsa tsa semoya—ka go dira gore a bone thapiso e e siameng le go nna le lefelo le le siametseng gore a kgone go tlhatlhanya ka megopolo e mesha.—1 Timotheo 4:15.

Nna le seabe. Leba barutabana le bagakolodi e le ditsala, e seng baba ba gago. Kopana le bone. Itse maina a bone. Bua le bone ka mekgele ya ngwana wa gago le dikgwetlho tse a lebanang le tsone. Fa ngwana wa gago a na le bothata jwa go bona maduo a a siameng, leka go bona gore bothata ke eng. Ka sekai, a ngwana wa gago o akanya gore go bona maduo a a kwa godimo kwa sekolong go ka dira gore a kgerisiwe ke ba bangwe? A bothata bo mo morutabaneng? Go tweng ka dithuto tse a di dirang? Thulaganyo ya dithuto tsa sekolo e tshwanetse go thusa ngwana wa gago gore a fitlhelele bokgoni jo a ka tswang a na le jone, e seng gore e mo fekeetse. Bothata jo bongwe jo bo ka tswang bo le gone: A ngwana a ka tswa a na le bokoa bongwe jo bo sa lemotshegeng, jo bo jaaka go sa bone sentle kgotsa bothata jwa go ithuta?

Fa o nna le seabe se segolwane mo thapisong ya ngwana wa gago, mo tirong ya sekolo le mo dilong tsa semoya, ngwana wa gago o tla nna le tshono e e botoka ya go atlega.—Diane 22:6.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Go tlogela sekolo go tshwana le go tlolela kwa ntle ga terena pele e fitlha kwa o yang gone