Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Balatolamodimo ba mo Letsholong

Balatolamodimo ba mo Letsholong

Balatolamodimo ba mo Letsholong

GO TLHAGILE setlhopha se sesha sa balatolamodimo mo setšhabeng. Ba bidiwa setlhopha se sesha sa balatolamodimo, ka gonne ga ba ipolokele dikgopolo tsa bone. Go na le moo, mokwadi wa ditlhogo dingwe mo lokwalodikgannyeng e bong Richard Bernstein o ne a bolela gore, ba mo letsholong, “ba leka ka matlhagatlhaga, ka bogale le ka tlhoafalo go tlhotlheletsa batho ba ba dumelang mo Modimong gore ba amogele dikgopolo tsa bone.” Tota ba tlhasela le e leng batho ba ba dumelang gore Modimo ke masaitseweng, ka gonne balatolamodimo bano ba basha ga ba letlelele ope go nna le dipelaelo. Mo go bone ga go na Modimo gotlhelele. Go felela foo.

Mogapi wa sekgele sa Nobel e bong Steven Weinberg o ne a re: “Lefatshe le tlhoka go itharabologelwa mo borokong jo bogolo jwa go dumela mo Modimong. Sepe fela se rona baitsesaense re ka se dirang go fokotsa tlhotlheletso ya bodumedi, se tshwanetse go dirwa mme kwa bofelong e ka nna selo se segolo se re kileng ra se fitlhelela.” Sengwe sa dilo tse ba ka di dirisang go fokotsa tlhotlheletso eo ke dikgatiso tse di kwadilweng, tse di lebegang di gapa kgatlhego ya batho thata, ka gonne dingwe tsa dibuka tsa setlhopha seno se sesha sa balatolamodimo di rekwa thata.

Bodumedi bo thusitse gore dikgopolo tsa setlhopha seno se sesha sa balatolamodimo di tswelele pele, ka gonne batho ba lapisitswe ke go feteletsa dilo ga bodumedi, borukutlhi le dintwa tse di aparetseng lefatshe. Molatolamodimo mongwe yo o di gogang kwa pele a re: “Bodumedi bo tsentse sengwe le sengwe botlhole.” Mo godimo ga moo, go bolelwa gore ‘botlhole’ joo bo akaretsa ditumelo tsa bodumedi ka kakaretso, e seng fela dikgopolo tsa bone tse di feteletseng. Balatolamodimo ba re, dithuto tsa konokono tsa bodumedi di tshwanetse go senolwa, go tlogelwa mme tsa emisediwa ka dikgopolo tse di botlhale tse di theilweng mo mabakeng a a utlwalang. Molatolamodimo e bong Sam Harris o kwala ka gore, batho ga ba a tshwanela go tshaba go bua ka kgololesego ka “dilo tsa boeleele tse e keteng dithaba tse di senyang botshelo” tse di fitlhelwang mo Baebeleng le mo Koran. “Go kotsi go tshaba go bua ka molaetsa wa rona ka go bo re boifa go kgopisa batho ba bodumedi.”

Le fa gone setlhopha seno se sesha sa balatolamodimo se kgoba bodumedi, se tlotla saense mme e bile bangwe ba bolela gore saense e latola gore Modimo o teng. A mme gone go ntse jalo? Tota e bile a go ka nna jalo? Harris o bolela jaana: “Fa nako e ntse e tsamaya, ruri letlhakore le lengwe le tlile go fenya kgang eno mme letlhakore le lengwe le ka se fenye.”

O akanya gore ke letlhakore lefe le le tla fenyang? Fa o ntse o akanya ka kgang eno, ipotse jaana: ‘A go dumela mo Mmoping tota go kotsi? A lefatshe le tla nna lefelo le le botoka fa batho botlhe e ka nna balatolamodimo?’ Mma re sekaseke se baitsesaense le bafilosofi bangwe ba ba tlotlegang ba ileng ba se bolela ka bolatolamodimo, bodumedi le saense.