Dijo Tse di Bothitho go Tswa Kwa Gae Go ya Kwa Ofising Mokgwa wa Kwa Mumbai
Dijo Tse di Bothitho go Tswa Kwa Gae Go ya Kwa Ofising Mokgwa wa Kwa Mumbai
O TSAYA loeto letsatsi le letsatsi go ya tirong, o tswa kwa gae phakela mo mosong ka ura ya botlhano. Ka nako ya dijo tsa motshegare o ka rata go ja dijo tse di apeilweng kwa gae tse di tsentsweng ditswaiso ka tsela e o di ratang ka yone. Mo bathong ba ba diketekete ba ba berekang kwa Mumbai, kwa India, seno se a kgonega ka ntlha ya ba-dabbawala, batho ba ba isetsang batho dijo tsa Seindia tse di apeilweng kwa gae. *
Go Bona Tshono
Go ya kwa bofelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, Mumbai, e ka nako eo e neng e bidiwa Bombay, e ne e le lefelo le le golang le go neng go dirwa kgwebo thata kwa go lone, le borakgwebo ba kwa Boritane le ba kwa India ba neng ba tsamaya sekgala se se leleele go ya kwa diofising tsa bone. Dipalangwa di ne di le bonya mme diresetšhurente di ne di le mmalwa e bile di le kgakala. Batho ba ne ba eletsa thata go ja dijo tse di apeilweng kwa gae, ka jalo, go ne go thapiwa batlhanka ba ba neng ba tla rwala dijo tsa motshegare tse di apeilweng go tswa kwa legaeng la mothapi wa bone ba di isa kwa ofising ya gagwe. Moitse kgwebo mongwe o ne a bona kafa seno e ka nnang kgwebo e e atlegileng ka teng, o ne a tlisa basha ba ba sa berekeng go tswa kwa metseng mme a simolola tirelo ya ka metlha ya go tsamaisa dijo go tswa kwa magaeng go ya kwa diofising. Kgwebo eno e e potlana e ne ya nna kgwebo e e golang.
Keletso ya go ja dijo tse di apeilweng kwa gae ga ya ka ya fela. Gone ke boammaaruri gore go na le diresetšhurente tse di oketsegileng gone jaanong mme dijo tse di apeilweng kwa gae di sa ntse di boloka madi e bile di ratiwa thata. Mo godimo ga moo, batho ba le bantsi ba na le mathata a botsogo mme ba tlhoka go ja dijo tse di kgethegileng. Bodumedi jwa batho ba bangwe bo ba iletsa go ja dijo dingwe. Ka sekai, batho bangwe ga ba je dieie, fa ba bangwe bone ba sa je kaliki. Bontsi jwa dilo tseno di tsenngwa mo dijong tsa kwa diresetšhurenteng, ka jalo, dijo tse di tswang kwa gae di isiwa kwa ofising di dira gore go nne motlhofo gore batho ba tile dilo tseno.
Tirelo E e Ka Ikanngwang
Thulaganyo eno ya go tsamaisa dijo e fetogile go se kae fela go ralala dingwaga mme tsela e e anameng ka yone e fetogile thata. Bosheng jaana, banna ba ba fetang 5 000 mmogo le basadi ba le mmalwa, ba tsamaisa dijo tsa motshegare tse di fetang 200 000 ka letsatsi go tswa kwa magaeng, ba di isa kwa diofising tse di anameng mo toropong e e nang le batho ba le bantsi ba ba fetang dimilione di le 20. Go fitlhelela sekgala sa dikilometara di le 60, ba-dabbawala bangwe ba tsamaya ka dinao—gongwe ba tsamaisa dikgamelo tsa bone tse di ka nnang 30 kgotsa 40 mo dikolotsaneng tse di kgoromediwang—fa ba bangwe bone ba dirisa dibaesekele kgotsa diterena tsa kwa metsesetoropong. Le fa seemo e ka tswa e le sefe, ba isa dijo tse di tshwanetseng, kwa mothong yo o tshwanetseng le ka nako e e tshwanelang. Tota e bile, ga twe mo dijong di le dimilione di le thataro ba dira phoso e le nngwe fela! Go tla jang gore ba bo ba na le rekoto e e tlhomologileng jaana?
Ka 1956 ba-dabbawala ba ne ba kwadisiwa semolao e le mokgatlho o o thusang batho ba ba tlhokang, o o nang le komiti e e kaelang le balaodi ba bangwe. Ditlhopha tsa babereki tse di nang le mookamedi, di dira jaaka mekgatlho e e ikemetseng. Le fa go ntse jalo, botlhe ke bagwebimmogo e bile ba na le dishere mo mokgatlhong ono—mme ba bolela gore seno ke sone se se dirang gore tirelo eno ya bone e atlege. Tota e bile, ga ba ise ba ko ba nne le seteraeke fa e sa le tirelo eno e simololwa dingwaga tse di fetang 100 tse di fetileng.
Ba-dabbawala ba tsamaya ka karata ya boitshupo mme ba lemogiwa ka bonako ka ntlha ya hempe e tshweu e ba e aparang e e ba tlhaolang, marokgwe a
a sa ba gagamatseng le hutse e tshweu. Fa ba sa rwale hutshe, ba le thari kgotsa ba seyo kwantle ga lebaka le le utlwalang kgotsa ba tshwarwa ba nwa bojalwa ka nako ya tiro, ba itsenya mo kotsing ya go faeniwa.Thulaganyo ya Letsatsi le Letsatsi
Ka 8:30 a.m., mongwe kwa ntlong ya motho yo ba mo isetsang dijo, gongwe e le mosadi wa gagwe, o setse a apeile le go paka dijo tsa motshegare mo teng ga kgamelo kgotsa tiffin—dabba. Di-dabba di na le dikarolo di le mmalwa tse di tlhatlaganang mme di tshegeditswe ka dikopelo tsa tshipi. Dabbawala o phutha dikgamelo di le mmalwa mo lefelong leo, a bo a di pega mo baesekeleng ya gagwe kgotsa mo kolotsaneng mme a bo a itlhaganelela kwa seteisheneng sa terena, kwa a tla kopanang le ba bangwe ba setlhopha sa gagwe teng. Fa ba le koo ba rulaganya dikgamelo tsa bone go ya ka mafelo a ba yang kwa go one, jaaka boraposo ba rulaganya poso ya bone.
Kgamelo nngwe le nngwe e na le khoute ya ditlhaka, dinomore le mebala e e supang lefelo le dijo di tswang gone, seteishene sa terena se se gaufi, seteishene se di yang kwa go sone, leina la moago le nomoro ya boalo. Dikgamelo tse di yang kwa lefelong le le lengwe di a kopanngwa di bo di pegiwa mo diforeiming tse di telele tsa logong tse di ka tsenyang dikgamelo di le 48. Fa diterena di goroga, dikgamelo tseno di pegiwa mo phaposinyaneng e e kgethegileng go bapa le phaposi ya mokgweetsi. Mme fa terena e fitlha kwa seteisheneng se segolo, dikgamelo tseo di rulaganngwa gape mme di bo di isiwa kwa seteisheneng se se tshwanelang. Fa di fitlha koo, di boa di rulaganngwa la bofelo gore di isiwe kwa bathong ba tsone ka baesekele kgotsa ka kolotsana.
Mefuta eo ya dipalangwa ga se e e tshwanelang fela mme gape ga e ture. Mo godimo ga moo, dabbawala ga a gaelelwe mo pharakanong, ka gonne o tsamaya ka baesekele ya gagwe fa thoko ga tsela kgotsa mo gare ga dikoloi. Ka ntlha ya seo, dijo di goroga kwa ofising e e tshwanetseng ka 12:30 p.m. Mme go tswa foo, fa gare ga 1:15 le 2:00 p.m., fa dabbawala yo o berekang ka natla le ene a setse a jele dijo tsa gagwe tsa motshegare, o a boa gore a ye go phutha dikgamelo tse di se nang sepe mme di bo di busediwa kwa magaeng a beng ba tsone, kwa maloko a lelapa a di tlhatswang e le go di baakanyetsa letsatsi le le latelang. Go tloga kwa tshimologong go ya kwa bofelong, tiro eno yotlhe e dirwa ka bofefo, ka botlalo jaaka kgaisano ya lobelo e mo go yone batsayakarolo ba tabogang ba refosana!
Tirelo ya Maemo a a Kwa Tlase e e Anaanelwang Thata
Rekoto e e kgatlhang ya ba-dabbawala e lemogiwa ke batho ba bangwe. Mekgatlho e mengwe e ile ya sekaseka thulaganyo eno ya go tsamaisa dijo, gore ba tle ba dirise se ba se ithutang mo dikarolong tse dingwe tsa kgwebo. Go dirilwe difilimi ka ba-dabbawala. Forbes Global Magazine e ne ya ba abela setifikeiti sa Six Sigma ka ntlha ya rekoto ya bone e e batlileng e se na diphoso dipe. Ba ile ba umakiwa mo The Guinness Book of World Records le mo dipatlisisong tse di neng tsa dirwa kwa Harvard Business School kwa United States. Ba-dabbawala ba ile ba bo ba etelwa ke batho ba maemo a a kwa godimo, go akaretsa le kgosana ya kwa Boritane yo o neng a kgatlhilwe thata ke tiro ya bone mo e leng gore o ne a laletsa bangwe ba bone kwa lenyalong la gagwe kwa Engelane.
Gompieno, ba-dabbawala ba dirisa dikhomputara le difouno tsa selula go tsaya diotara tsa bone le go boloka direkoto. Mme ba sa ntse ba dirisa dipalangwa tse di tshwanang. Fa nako ya dijo tsa motshegare e atamela, badiri ba le bantsi ba kwa diofising ba ba tshwerweng ke tlala ba kwa Mumbai, ba tlhomamisega gore ba tla tloga ba amogela dijo tse di apeilweng kwa gae tse di bothito—mme di se thari le fa e le ka motsotso!
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 2 Dabba e kaya “kgamelo”; wala ke motho yo o dirang tiro. Tsela e lefoko leno le kwalwang ka yone e a farologana.
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Go pega di-“dabba” mo tereneng gore di ye kwa mafelong a a tshwanetseng
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
“Dabba” e na le dikarolo tse di farologaneng tse di tlhatlaganngwang gore dijo di rwalwe le go tsamaisiwa motlhofo
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Borakgwebo ba le bantsi ba ithutile sengwe mo thulaganyong ya go tsamaisa dijo ka tsela e e siameng ya ba-“dabbawala”