“Ke Godisitswe ke le Molatolamodimo”
“Ke Godisitswe ke le Molatolamodimo”
POROFESA František Vyskočil wa Charles University, kwa Prague, o itsege mo lefatsheng lotlhe ka ntlha ya dipatlisiso tse a di dirileng mo thulaganyong ya ditshika tsa mmele. Le fa e kile ya bo e le molatolamodimo, gone jaanong o dumela thata mo Modimong. Mo potsolotsong e Porofesa Vyskočil a nnileng le yone le Tsogang! o tlhalosa lebaka la go bo a ile a fetola tsela e a neng a leba dilo ka yone.
O ne o leba bodumedi jang pele ga o simolola tiro ya gago ya saense?
Ke godisitswe ke le molatolamodimo mme gantsi rre o ne a sotla baruti. Ke ne ka aloga kwa kholetšheng ka 1963 ke na le dikirii ya thutotshelo le khemiseteri. Mo nakong e ke neng ke tsena sekolo ka yone, ke ne ke dumela gore thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe e tlhalosa lebaka la go bo botshelo bo farologane thata jaana.
Re bolelele go se kae ka tiro ya gago ya saense.
Mo tirong ya me ya pele ya bongaka, ke ne ka ithuta ka dikhemikale le motlakase o o mo ditshikaneng tsa di-synapse. Ke ne ka ithuta gape ka dinyurone, makukunopu a a mo lotheng, go tsenya batho dirwe tsa mmele tse disha le go dirisa diokobatsi go dira gore motho a se ka a utlwa botlhoko. Bontsi jwa matswela a dipatlisiso tse ke di dirileng a ile a gatisiwa mme dingwe tsa ditlhogo tsa tsone di ile tsa tlhophiwa e le tsa maemo a kwa godimo. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka nna leloko la Mokgatlho wa Barutegi ba Repaboliki ya Czech, e leng setlhopha sa baitsesaense ba ba tlhophilweng ke balekane ba bone. Morago ga diphetogo tse dikgolo tse di nnileng gone ka December 1989 tse go neng go twe ke “Velvet Revolution,” ke ne ka nna porofesa kwa Charles University mme ka letlelelwa go ya kwa Bophirima go ya go kopana le badiri ka nna, ba bangwe ba bone e neng e le bagapi ba sekgele sa Nobel.
A o ne o a tle o akanye ka Modimo?
Ee, ke ne ke tle ke akanye ka ene. Ka dinako tse dingwe, ke ne ke ipotsa gore ke ka ntlha yang fa batho ba bantsi jaana ba ba rutegileng thata, go akaretsa diporofesa dingwe tsa me, ba dumela mo Modimong—le fa gone ba ne ba dira jalo mo sephiring ka ntlha ya puso ya Bokomonisi. Le fa go ntse jalo, mo go nna, Modimo e ne e le sengwe se se itlhametsweng ke batho. Mme gape ke ne ke galefisitswe ke bosetlhogo jo bo feteletseng jo bo dirilweng ka leina la bodumedi.
Go tlile jang gore o fetole mogopolo wa gago malebana le thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe?
Ke ne ka simolola go nna le dipelaelo mo thutong ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe fa ke ne ke ithuta ka di-synapse. Ke ne ka kgatlhiwa thata ke tsela e e gakgamatsang, e e raraaneng e dikarolwana
tse di sa reng sepe tseno tsa disele tsa ditshikana di golaganang ka yone. Ke ne ke ipotsa gore, ‘go tla jang gore di-synapse le thulaganyo e e laolang tsela e di dirilweng ka yone le tsela e di dirang ka yone e bo e itlhagetse ka boyone fela?’ Ruri go ne go sa utlwale.Mme mo masimologong a bo1970, ke ne ka ya kwa thutong ya tlhatlhelelo e e neng e neelwa ke moitsesaense e bile e le porofesa e e tumileng ya kwa Russia. O ne a bolela gore ditshedi di ka se ka tsa nna gone e le fela ka ntlha ya go fetoga ga dijini le ka ntlha ya tsela e tlholego e tla itlhophelang gore ke ditshedi dife tse di tla nnang mo tikologong e e rileng. Morago ga foo, mongwe mo bareetsing o ne a botsa gore karabo e ka bonwa kae. Porofesa e ne ya ntsha Baebele e nnye ya Se-Russia mo baking ya gagwe, mme a e tsholetsa a bo a re, “Balang Baebele—segolobogolo kgang ya popo mo go Genesise.”
Moragonyana mo phashiting, ke ne ka botsa porofesa gore a o ne a tiisitse fa a bua ka Baebele. O ne a araba a re: “Bakateria e kgona go kgaogana mo e ka nnang metsotso mengwe le mengwe e le 20 mme e bo e nna le diporeteine di le dintsintsi tse di farologaneng, nngwe le nngwe ya tsone e na le mefuta e le 20 ya di-amino acid tse di rulagantsweng ka mogolagang o o ka nnang boleele jwa di le makgolo a se kae. Gore bakateria e iphetole e thusiwa ke go fetoga ga dijini, go tla tsaya nako e telele gore e le nngwe e dire jalo mme nako eo e telele thata go feta dingwaga di le dibilione di le tharo kgotsa di le nnè, e leng nako e baitsesaense ba le bantsi ba dumelang gore botshelo bo nnile teng ka yone mo lefatsheng.” O ne a akanya gore buka ya Baebele ya Genesise, e dira tlhaloganyo thata.
Dikakgelo tsa porofesa di ne tsa go ama jang?
Dilo tse a di buileng le dipelaelo tse ke neng ke ntse ke na le tsone, di ne tsa dira gore ke tlotle ka kgang eno le badiri ka nna ba le mmalwa ba ba dumelang mo bodumeding mmogo le ditsala tsa me mme ke ne ka fitlhela gore tsela e ba akanyang ka yone ga e ntlhatswe pelo. Go tswa foo, ke ne ka bua le moithutamelemo yo e neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a tlhalosetsa nna le mosadi wa me e bong Ema Baebele ka dingwaga di le tharo. Re ne ra gakgamadiwa ke dilo di le pedi. Sa ntlha, “Bokeresete” jo bo tlwaelegileng ga bo tsamaisane thata le Baebele. Sa bobedi, Baebele, le fa gone e se buka ya saense, e dumalana le saense ya mmatota.
A go fetola boikutlo go kgoreleditse go dira dipatlisiso tsa gago tsa saense?
Le e seng. Moitsesaense mongwe le mongwe yo o molemo, go sa kgathalesege gore o dumela eng, o tshwanetse go nna tekatekano ka mo a ka kgonang ka teng. Mme tumelo ya me e ile ya mphetola. Sa ntlha, go na le gore ke itshepe thata, ke rate go gaisana le go itlotlomatsa go feta selekanyo ka bokgoni jwa me jwa saense, gone jaanong ke leboga Modimo go bo ke na le bokgoni jo nka tswang ke na le jone. Mme gape, go na le gore ka tsela e e sa tshwanelang ke bolele gore dilo tse di gakgamatsang tse di bopilweng di nnile gone ka botsone, nna le baitsesaense ba bangwe ba bantsi re ipotsa gore, ‘Modimo o dirile jang dilo tseno?’
[Mafoko a a mo go tsebe 9]
Nna le baitsesaense ba bangwe ba bantsi re ipotsa gore, ‘Modimo o dirile jang dilo tseno?’