Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“O Nna O na Le Boikutlo jo bo Siameng”

“O Nna O na Le Boikutlo jo bo Siameng”

“O Nna O na Le Boikutlo jo bo Siameng”

● Camila o na le bothata jwa go tlhaela madi, mathata a thulaganyo ya ditshika tsa mmele le bothata jwa go sa gole. Ka ntlha ya seo, fa a le dingwaga di le robedi, o ne a le boleele jwa disentimetara di le 75 fela. Batsadi ba ga Camila, ba e leng Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba swetsa go mo isa kwa khonferenseng ya kalafi e e neng e tshwaretswe kwa holong nngwe ya mo lefelong la bone kwa Argentina. Ba ne ba nna mo moleng wa bobedi mme go ne go tlile batho ba le 500.

Ka nako ya puo, sebui, se e neng e le ngaka, se ne sa supa Camila e le sekao sa mongwe yo go bonalang a na le botsogo jo bo bontle. E re ka a ne a sa itse gore mosetsanyana yono o na le dingwaga di le kae e bile a sa itse seemo sa gagwe sa botsogo, o ne a botsa jaana: “Lesea la gago le na le nako e kae?”

Mmaagwe Camila e bong Marisa o ne a re: “O na le dingwaga di le robedi.”

Ngaka e ne ya re, “A wa re dikgwedi di le robedi?”

Marisa o ne a araba ka go re: “Nnyaa, dingwaga di le robedi.”

E re ka ngaka e ne e kgatlhegile, e ne ya kopa mmè gore a tle le morwadie mo seraleng gore a arabe dipotso dingwe. Fa Marisa a sena go tlhalosa dipatlisiso tse dingaka di di dirileng mo go Camila le kalafi e ba e lekileng, ngaka e ne ya re: “Go na le bommè ba ba lelang ka go bo bana ba bone ba na le mofikela o o tlwaelegileng. Mme morago ga dingwaga di le supa tsa go alafiwa le morago ga go direla Camila sengwe le sengwe se se kgonegang, o nna o na le boikutlo jo bo siameng. O kgonne jang go dira jalo?”

Fa Marisa a araba potso eno, o ne a bolelela bareetsi ka tsholofelo e e theilweng mo Baebeleng ya lefatshe le lesha la tshiamo le mo go lone mefuta yotlhe ya malwetse le go boga, mmogo le loso, di tla fedisiwang gone. (Isaia 33:24; Tshenolo 21:3, 4) Kwa bofelong, Marisa o ne a tlhalosa ka bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jo Basupi ba ga Jehofa ba nang le jone mme a tlhalosa kafa go ratana ga bone go thusang Basupi go lepalepana le diteko le mathata a mangwe a a nnang teng mo botshelong.—Johane 13:35.

Fa thulaganyo e konela, mosadi mongwe o ne a atamela Marisa mme a mo kopa gore a mmolele mo go oketsegileng ka dintlha tse a tlotlileng ka tsone. E re ka mosadi yono a ne a tlhoafaletse go ithuta, o ne a amogela thuto ya mahala ya legae ya Baebele, e lefatshe ka bophara Basupi ba ga Jehofa ba ithaopelang go e tshwara le batho ba ba tlhoafaletseng go tlhaloganya Baebele le maikaelelo a a itumedisang a Modimo ka batho.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Camila wa dingwaga di le robedi le mmaagwe, e bong Marisa