Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lebeletswe Dithoromo Tse Dingwe Tse Dikgolo

Go Lebeletswe Dithoromo Tse Dingwe Tse Dikgolo

Go Lebeletswe Dithoromo Tse Dingwe Tse Dikgolo

FA E sale go dirwa didirisiwa tse di kgonang go lekanya bogolo jwa dithoromo tsa lefatshe, baitsesaense ba ile ba rekota dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo di le makgolokgolo. Dithoromo tse di diregang kgakala le mo batho ba nnang teng, ga di tshwenye thata e bile ga go begiwe thata ka tsone mo metsweding ya tshedimosetso. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa thoromo ya lefatshe e ka direga mo toropong e kgolo, e ka baka tshenyo e kgolo thata. Palo ya batho ba ba swang le selekanyo sa dikago tse di senyegang e ikaegile ka palo ya baagi le kafa ba ipaakanyeditseng ka gone go lebana le masetlapelo ano a tlholego.

Ka January 12, 2010, Haiti e ne ya nna le nngwe ya dithoromo tsa lefatshe tse di maswe thata tse di kileng tsa nna teng mo hisitoring fa go buiwa ka palo ya batho ba ba ileng ba swa le dikago tse di ileng tsa senyega. Mme e ne e se thoromo ya ntlha e bile e se yone fela thoromo ya lefatshe e kgolo e e nnileng teng monongwaga. Dintlha tse di latelang di tlhalosa dingwe tsa dithoromo tsa lefatshe tse di ileng tsa nna teng mo dikgweding tsa ntlha di le mmalwa tsa ngwaga wa 2010, tse e rileng fa di rekotiwa ga fitlhelwa di lekana kgotsa di nonofile go feta e e ileng ya senya motsemogolo wa Haiti.

January 3: Thoromo ya 7,1, Solomon Islands

Thoromo eno e kgolo ya lefatshe, fa e ne e lekanngwa kwa tshimologong e ne e nonofile go feta 7,1 mme e ne ya baka tsunami e e ileng ya dira gore “metsi a lewatle a tlhatlogele kwa godimo ka [dimetara di le pedi go ya go di le tharo].” Modiredimogolo yo o ikarabelang mo tshenyegong e e bakilweng ke masetlapelo e bong Loti Yates o tlhalosa gore motho o ne a ka kgona go bona “morwalela o mogolo” fa sefofane se ne se feta mo lefelong leo. Go ya ka Yates, kwa motseng wa Bainara kwa Rendova Island, matlo a le 16 a ne a senyegile gotlhelele mme a mangwe a le mantsi a ne a senyegile go se kae.

Pele ga thoromo eo ya lefatshe, go ile ga nna le go tshikinyega ga lefatshe go go neng go le bogolo jwa 6,6. Batho ba le bantsi ba ne ba tsiboga fa thoromo eno e e sa nonofang thata e itaya ka go tshabela kwa dithabeng. Tsela e ba ileng ba tsiboga ka yone e ile ya ba sireletsa fa dintshi tsa lewatle di ne di tlhaselwa ke tsunami e e bakilweng ke thoromo ya lefatshe e kgolwane e e neng ya direga diura di le pedi moragonyana.

February 26: Thoromo ya 7,0, Ditlhaketlhake Tsa Ryukyu, Japane

Thoromo eno ya lefatshe e ne ya itaya ka 5:31 a.m., go ya ka nako ya lefelo leo mme ya direga dikilometara di le 80 go tswa kwa Naha kwa Okinawa, e e leng nngwe ya Ditlhaketlhake tsa Ryukyu tsa kwa Japane. Go ne ga ntshiwa ditlhagiso tsa gore go tla nna le tsunami mme moragonyana tsa gogelwa morago. Mosadi mongwe yo o nnileng dingwaga tse di fetang 90 kwa Okinawa, o ne a bolela gore e ne e le thoromo ya lefatshe e e nonofileng thata go gaisa e a kileng a e utlwa.

February 27: Thoromo ya 8,8, Chile

Thoromo eno ya lefatshe e ne e le ya botlhano e e nonofileng go gaisa fa e sa le ka ngwaga wa 1900. Thoromo e e neng e nonofile go di gaisa le yone e ne e le kwa Chile, ka 1960—e le bogolo jwa 9,4. Thoromo eo ya lefatshe mmogo le e e neng e le ya bogolo jwa 7,7 e e ileng ya senya motsemogolo wa Chile ka 1985, e ile ya dira gore puso ya naga eo e tlhome melao e e gagametseng ya go aga.

Ka ntlha ya seo, meago e le mmalwa e e kwa Santiago le kwa ditoropong tse dingwe e e amilweng ke thoromo ya lefatshe ya monongwaga e ile ya wa. Le fa go ntse jalo, batho ba le diketekete ba ne ba gobala le go latlhegelwa ke meago le dithoto tsa bone. Go akanngwa gore go ne ga swa batho ba ba ka nnang 500, palo e e batlileng e le halofo ya ba ba suleng ka ntlha ya tsunami e e ileng ya itaya gaufi le lebopo la Chile.

April 4: Thoromo ya 7,2, Baja California, Mexico

Thoromo eno e ne ya itaya dikilometara di le 18 go tswa kwa Guadalupe Victoria, kwa Mexico le dikilometara di le 47 go tswa kwa Mexicali. Lefelo leo le kgakala e bile ga go nne batho mo karolong e kgolo ya lone. Le fa go ntse jalo, go ne ga utlwala go tshikinyega go gogolo mo ditoropokgolong le mo ditoropong di le dintsi tsa Mexico le kwa borwa jwa United States.

May 9: Thoromo ya 7,2, Bokone Jwa Sumatra, Indonesia

Thoromo eno ya lefatshe e e neng ya direga kafa tlase ga lewatle e ne ya direga motshegare mo e ka nnang dikilometara di le 217 go tswa kwa toropokgolong ya Banda Aceh e e kwa bokone jo bo kgakala jwa Indonesia. Batho ba le bantsi ba ne ba tswa ba tshaba mo matlong a bone mme ba ile ba gana go boela teng ka go bo ba ne ba boifa. Le fa go ntse jalo, ga go na dintsho dipe tse di ileng tsa begiwa.

Go Lebeletswe Tse di Oketsegileng

Ka ntlha ya hisitori e telele eno ya dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe tse di tshikinyang polanete ya rona, go a utlwala gore re lebelele gore go tla nna le tse di oketsegileng mo dingwageng tse di tlang. U.S. Geological Survey e tlhalosa jaana e sa fitlhe sepe: “Dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo di tla tswelela di nna teng fela jaaka go ne go ntse mo nakong e e fetileng.”

Se se kgatlhang ke gore, babatlisisi ba ne ba akgela jaana mo lokwalodikgannyeng longwe: “Dithoromo tsotlhe tsa lefatshe tsa bosheng . . . di ka se ka tsa fedisiwa ke batho mme seo se re gakolola kafa batho ba tlhaelang ka gone. Seo ga se reye gore ga re a tshwanela go dira sepe se re ka se kgonang . . . , mme gone go kaya gore re tshwanetse go tswelela re lebelela gore go tla nna le masetlapelo a tlholego a magolo a re ka se kang ra kgona go a laola.”

Seno se dira gore baithuti ba ba tlhoafetseng ba Baebele ba akanye ka boporofeti jwa Baebele jo bo umakang ka tlhamalalo dithoromo tsa lefatshe e le karolo ya sesupo se se dikarolo di le dintsi sa bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo.—Mathaio 24:3, 7; Mareko 13:8; Luke 21:11.

[Mmapa mo go tsebe 2021]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Dingwe tsa dithoromo tsa lefatshe tsa bogolo jwa 7,0 kgotsa go feta go simolola ka January go fitlha ka May

Mexico

Haiti

Chile

Japan

Indonesia

Solomon Islands