Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele ya Reng

Ke Eng fa Modimo a sa Fedise Diabolo?

Ke Eng fa Modimo a sa Fedise Diabolo?

FA O ne o ka kgona go golola motho mo pogong, a o ne o tla dira jalo? Gantsi batho ba ba dirang tiro ya namolo ba itlhaganelela kwa lefelong le le iteilweng ke masetlapelo a tlholego go ya go namola batho mo pogong le go boloka matshelo a batho ba ba sa ba itseng gotlhelele. Ka jalo, motho a ka botsa jaana: ‘Ke eng fa Modimo a sa itlhaganelele go fedisa Diabolo, yo o ikarabelelang mo pogong e ntsintsi ya batho?’

Go bona karabo ya potso eo, gongwe o ka nna wa akanya ka kgetsi e e botlhokwa ya kgotlatshekelo. Mmolai yo o dirang sengwe le sengwe gore kgetsi e se ka ya tswelela, o latofatsa moatlhodi ka gore ga a ikanyege malebana le kafa a tsamaisang kgetsi ka gone mo kgotlatshekelong ya gagwe e bile o gatelela gore moatlhodi o rekile setlhopha sa batho ba ba dirang tshwetso mo kgetsing. Ka jalo, basupi ba le bantsi ba newa tshono ya gore ba ntshe bosupi.

Moatlhodi o itse gore kgetsi eno e e tswelelang pele e tla mo lapisa thata e bile a ka rata gore kgetsi e fele kwantle ga go senya nako. Le fa go ntse jalo, o lemoga gore go ntsha katlholo e e tla dirang gore kgetsi eno e nne sekai sa dikgetsi tsa mofuta o o tshwanang le yone tse di ka nnang teng mo isagweng, batho ba matlhakore oomabedi ba tshwanetse go newa nako e e lekaneng gore ba tlhalose mabaka a bone ka kgang eno.

Sekai seno se tshwana jang le tatofatso e Diabolo—yo gape a bidiwang “kgogela,” “noga” le “Satane”—a e pegileng Jehofa, “Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe”? (Tshenolo 12:9; Pesalema 83:18) Totatota Diabolo ke mang? Ke ditatofatso dife tse a di dirileng kgatlhanong le Jehofa Modimo? Mme Modimo o tla mo fedisa leng?

Lebaka La go Bo go Ne go Tlhokega Sekai

Sebopiwa se se neng sa nna Diabolo, kwa tshimologong e ne e le sebopiwa se se itekanetseng sa semoya, e le mongwe wa baengele ba Modimo. (Jobe 1:6, 7) O ne a itira Diabolo fa a ne a nna le keletso e kgolo le maitlhomo a bopelotshetlha a gore batho ba mo obamele. Ka jalo, o ne a gwetlha tshwanelo ya Modimo ya go busa, tota e bile a bolela gore Modimo ga a tshwanelwe ke go ikobelwa. O ile a latofatsa batho ka gore ba direla Modimo ka gonne a ba reka ka go ba segofatsa. Satane o ne a re, fa batho ba ka nna le mathata, ba tla “tlhapatsa” Mmopi wa bone.—Jobe 1:8-11; 2:4, 5.

Ditatofatso tse di ntseng jalo tsa ga Satane di ne di sa tlhoke gore di arabiwe fela ka gore go bonwe gore ke mang yo o nang le maatla. Tota e bile, fa Diabolo a ka bo a bolailwe kwa tshimong ya Edene, gongwe go ne go ka dira gore ba bangwe ba akanye gore o ne a nepile. Ka jalo, Modimo, yo o nang le taolo e e feletseng, o ile a simolola tsheko semolao e le gore a rarabolole dikgang tseno mo megopolong ya botlhe ba ba lebileng.

Go dumalana le melaometheo ya gagwe le tshiamiso ya gagwe e e itekanetseng, Jehofa Modimo o ile a bontsha gore matlhakore a mabedi mo kganetsanong eno a ne a tla ntsha basupi go tshegetsa dintlha tsa one. Nako e e letleletsweng e neile ditlogolwana tsa ga Adame tshono ya go tshela le go ntsha bosupi jwa gore ba kafa letlhakoreng la Modimo ka go itlhopela go boloka bothokgami mo go ene ka go rata le fa ba lebana le mathata.

Go Setse Lobaka lo lo Kana Kang?

Jehofa Modimo o itse sentle gore fa tsheko eo e ntse e tsweletse, batho ba ntse ba tswelela go boga. Le fa go ntse jalo, o ikaeletse go tswala kgetsi eno ka bonako jo bo ka kgonegang. Baebele e mo tlhalosa e le “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe.” (2 Bakorintha 1:3) Kwantle ga pelaelo, “Modimo wa kgomotso yotlhe” ga a kitla a letla gore Diabolo a tshele lobaka lo loleele go feta lo lo tlhokegang, le fa e le go letla gore diphelelo tsa tlhotlheletso ya gagwe di tswelele di le gone. Mme ka fa letlhakoreng le lengwe, Modimo a ka se fedise Diabolo pele ga nako, pele ga kgetsi e e mo kgotlatshekelong ya lobopo lotlhe e wediwa ka botlalo.

Fa ditatofatso tseno di setse di rarabolotswe, tshwanelo ya ga Jehofa ya go busa e tla bo e tlotlomaditswe ka botlalo. Kgetsi ya semolao kgatlhanong le Satane e tla bo e le motheo wa semolao wa katlholo ka bosakhutleng. Fa go ka direga gore go tsoge kgwetlho e e tshwanang le eno gape, sekai sa ga Satane se ka supiwa e le tiragalo ya semolao e e ka se tlhokeng go boelediwa gape.

Ka nako e e tshwanetseng, Jehofa Modimo o tla kaela Morwawe yo o tsositsweng gore a fedise Diabolo mme a dirolole ditiro tsa gagwe tsotlhe. Baebele e re bolelela ka nako ya fa Keresete a tla bo a “neela Modimo wa gagwe le Rraagwe bogosi, fa a sena go nyeletsa puso yotlhe le bolaodi jotlhe le maatla. Gonne o tshwanetse go busa e le kgosi go fitlha Modimo a sena go baya baba botlhe kafa tlase ga dinao tsa gagwe. Loso lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo.”—1 Bakorintha 15:24-26.

Se se itumedisang ke gore, Baebele e solofetsa gore lefatshe lotlhe le tla tshwana le Paradaise. Batho ba tla tshela mo paradaiseng e e nang le kagiso, fela jaaka Modimo a ne a ikaeletse kwa tshimologong! “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” Ee, “basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:11, 29.

Akanya ka tebelelo e e molemolemo eno e batlhanka ba Modimo ba tla nnang le yone e e tlhalosiwang mo Baebeleng: “Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:3, 4.