Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Moya wa Keresemose o a Anama—Ka Ntlha Yang?

Moya wa Keresemose o a Anama—Ka Ntlha Yang?

Moya wa Keresemose o a Anama—Ka Ntlha Yang?

AO LEBILE pele go keteka Keresemose? Kgotsa a go atamela ga yone go dira gore o tlhobaele? Batho ba le dimilione ba ipotsa jaana: ‘Ke tla rekela bomang dimpho? Ke tla ba rekela eng? A ke tla kgona go di reka? Go tla ntsaya nako e kae gore ke fetse go duela melato ya dilo tse ke di rekileng?’

Le mororo batho ba na le ditlhobaelo tseno, Keresemose e sa ntse e ratiwa thata. Tota e bile, moletlo ono o setse o anametse le kwa dinageng tse e seng tsa Bokeresete. Malapa a le mantsi kwa Japane a setse a keteka Keresemose, e seng ka ntlha ya tlhotlheletso ya yone ya bodumedi mme e le fela ka go bo e le paka ya mekete. The Wall Street Journal ya re: “Kwa ditoropong tse dikgolo tsa kwa China, setshwantsho sa ga Santa Claus se bontshiwa mo difensetereng tsa mabenkele.” E oketsa jaana: “Batho ba ba sa humang thata ba kwa China ba ba fudugelang kwa ditoropong, ba simolola go keteka Keresemose e le seipato sa go reka, go ja le go ijesa monate.”

Mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, go keteka Keresemose go thusitse gore dikgwebo di le dintsi di atlege. Journal e bolela gore seno ke boammaaruri, segolobogolo ka naga ya China, e gone jaanong “e rekisetsang dinaga tse dingwe ditlhare tse di dirilweng ka polasitiki, mekgabisa e e dirilweng ka pampiri e e phatsimang, dipone tse di phatsimang le dilo tse dingwe tsa go kgabisa.”

Dinaga tse bontsi jwa baagi ba tsone e leng Bamoseleme le tsone di rotloetsa go ketekiwa ga meletlo e e batlang e tshwana le ya Keresemose, le fa gone e se ka letsatsi la December 25. Kwa Ankara kwa Turkey le kwa Beirut kwa Lebanona, ga se selo se se gakgamatsang go bona difensetere tsa mabenkele di kgabisitswe ka ditshwantsho tsa ditlhare tse di tala di na le mekgabisa e e phatsimang le ditshwantsho tsa mabokoso a a phuthetsweng a dimpho. Kwa Indonesia gone, dihotele le mabenkele di tshegetsa ditiragalo tseno tsa meletlo ka madi mme bana ba kgona go ja le Santa kgotsa ba itseye ditshwantsho le ene.

Kwa dinageng tsa Bophirima, Keresemose e setse e le nako ya go dira kgwebo mme The Royal Bank Letter ya Canada ya re ga go na pelaelo gore dipapatso tse dintsi, “di lebisitswe thata mo baneng.” Gone ke boammaruri gore batho bangwe ba sa ntse ba ya kwa ditirelong tsa Keresemose tse di tshwarelwang kwa kerekeng. Mme batho ga ba tlhole ba tsaya Keresemose e le botlhokwa go le kalo mme ba tsaya go ya kwa mabenkeleng le go abelana dimpho e le yone tsela e kgolo ya go e keteka. Ke eng fa go na le phetogo eno? A lebaka le ka tswa le tsamaisana le tsela e Keresemose e simologileng ka yone? E simologile jang?

Pele o ka sekaseka dipotso tseno, go ka nna molemo gore o bale dipego tsa Baebele tse go akanngwang gore ditiragalo tsa Keresemose di theilwe mo go tsone.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 4]

SE BAKWADI BA DIEFANGELE BA SE BOLELANG

Moaposetoloi Mathaio: “Fa Jesu a sena go tsalwa kwa Bethelehema wa Judea mo malatsing a ga Herode kgosi, bona! balepadinaledi ba ba tswang kwa dikarolong tsa botlhaba ba tla kwa Jerusalema, ba re: ‘O kae yo o tsetsweng e le kgosi ya Bajuda? Gonne re ne ra bona naledi ya gagwe fa re ne re le kwa botlhaba, mme re tlile go obama fa pele ga gagwe.’ Fa Kgosi Herode a utlwa seno a fuduega.” Ka jalo, Herode o ne a botsa “baperesiti botlhe ba bagolo . . . gore Keresete o ne a tshwanetse go tsalelwa kae.” Fa a sena go utlwa gore ke “kwa Bethelehema,” Herode o ne a raya balepadinaledi a re: “Tsamayang lo batle ngwana yo mmotlana yono ka kelotlhoko, mme fa lo sena go mmona boang lo mpegele.”

“Ba tsena mo tseleng; mme, bona! naledi e ba neng ba e bone fa ba ne ba le kwa botlhaba ya tsamaya kwa pele ga bone, go fitlha e tla go ema fa godimo ga fa ngwana yo mmotlana a neng a le gone. . . . Mme e rile ba tsena mo ntlong ba bona ngwana yo mmotlana a na le Marea mmaagwe.” Fa ba fetsa go naya Jesu dimpho, ‘ba ne ba newa tlhagiso ya bomodimo mo torong gore ba se ka ba boela kwa go Herode, [ka jalo] ba ya kwa nageng ya bone ka tsela e nngwe.’

“Fa ba sena go tloga, bona! moengele wa ga Jehofa a bonala mo torong kwa go Josefa, a re: ‘Nanoga, tsaya ngwana yo mmotlana le mmaagwe o tshabele mo Egepeto . . . ’ Jalo a nanoga a tsaya ngwana yo mmotlana le mmaagwe go le bosigo mme a tswa . . . Foo Herode, ka a bona gore o ne a forilwe ke balepadinaledi, a galefa thata, mme a roma gore basimane botlhe ba ba mo Bethelehema le dikgaolo tsotlhe tsa yone ba bolawe, go tloga ka ba ba nang le dingwaga di le pedi go ya kwa tlase.”—Mathaio 2:1-16.

Morutwa Luke: Josefa o ne “a tlhatloga go tswa Galalea, a tswa kwa motseng wa Nasaretha, a ya Judea, kwa motseng wa ga Dafide, o o bidiwang Bethelehema, . . . go ya go kwadisiwa le Marea . . . Fa ba ntse ba le koo, . . . a belega morwawe, leitibolo, a mo phuthela ka dihapo tsa matsela a bo a mo latsa mo bojelong jwa diruiwa, ka gonne ba ne ba se na bonno mo phaposing ya baeng.”

“Gape mo go yone naga eo go ne go na le badisa ba nna kwa nageng mme ba ntse ba dira ka ditebelo mo matsomaneng a bone bosigo. Mme ka tshoganyetso moengele wa ga Jehofa a ema fa go bone, . . . mme ba boifa thata. Moengele a ba raya a re: ‘Se boifeng, gonne, bonang! ke lo bolelela dikgang tse di molemo tsa boipelo jo bogolo jo batho botlhe ba tla nnang le jone, ka gonne lo tsaletswe Mmoloki gompieno, yo e leng Keresete Morena, mo motseng wa ga Dafide.’” Ka yone nako eo badisa ba ne “ba tsamaya ka potlako mme ba fitlhela Marea mmogo le Josefa, le lesea le letse mo bojelong jwa diruiwa.”—Luke 2:4-16.