Ditiragalo Tsa Lefatshe
Ditiragalo Tsa Lefatshe
Ngaka nngwe le nngwe ya kwa Tanzania e tlhatlhoba palogare ya batho ba le 64 000.—THE CITIZEN, TANZANIA.
‘Go na le bobotlana batho ba ba humanegileng ba le bilione ba ba tshelang ka phepelotlase e e masisi mme se United Nations Millennium Development Goal e batlang go se dira e leng go fokotsa palo ya batho ba ba bolawang ke tlala mo lefatsheng lotlhe ka 2015, se tla retela.’—SCIENCE, U.S.A.
“Dikhampani tse dikgolo go gaisa di le 100 tse di dirang dibetsa” di begile gore di dirile poelo ya diranta di le dibilione di le 2 826 mo thekisong ya ngwaga wa 2008, e leng koketsego ya diranta di le dibilione di le 287 go feta ka ngwaga wa 2007.—STOCKHOLM INTERNATIONAL PEACE RESEARCH INSTITUTE, SWEDEN.
A Megare e Mmalwa Thata?
Thomas McDade, yo e leng porofesa ya Yunibesithi ya Bokone Bophirima kwa Illinois, U.S.A., a re: “Dipatlisiso tsa rona di bontsha gore go nna phepa ka tsela e e feteletseng ga bana ba bannye le tikologo e ba nnang mo go yone, go ka dira gore ba tsenwe ke magare ka selekanyo se segolo fa e setse e le bagolo, e leng selo se se ka oketsang kotsi ya go nna le malwetse a mantsi a a farologaneng.” Mo patlisisong e e neng e bapisa bana ba Ba-Filipino le bana ba Baamerika, go ile ga fitlhelwa gore bana ba Ba-Filipino ba ile ba nna le malwetse a le mantsi a a tshwaetsanang fa ba ne ba le bannye. Le fa go ntse jalo, go farologana le se se neng se lebeletswe, basha ba Ba-Filipino ba ile ba nna le selekanyo se se kwa tlase thata sa diporoteine tsa C-reactive mo mading a bone, e leng diporoteine tse di oketsegang fa motho a tsenwa ke megare. Re ka ithuta eng mo patlisisong eo? Fa bana ba bannye ba nna le megare e mentsi e e tlwaelegileng, tota ba ka sireletsega kgatlhanong le malwetse a a bolayang fa ba gola.
Go Latlhega ga Mekgwa ya go Bereka
Bathapi ba le bantsi ba kwa Finland ba makadiwa ke kokomana e ntšha ya batho ba ba batlang tiro ba ba sa itseng sepe ka bokgoni jwa go dirisana le ba bangwe, e leng bokgoni jo bo tlhokegang gore ba boloke ditiro tsa bone. Anne Mikkola, mookamedi wa resetšhurente o ile a bolela jaana fa a ne a botsolodiwa ke khampani ya tirelo ya setšhaba ya kgaso ya kwa Finland: “Bathapiwa ba akanya gore dinako tsa bone tsa tiro di ka fetofetoga le gore ba ka tla tirong kgotsa ba tsamaye ka nako nngwe le nngwe e ba e batlang.” Melao ya boitshwaro le ya moaparo le yone e baka mathata. Gantsi bathapi ba tshwanetse go tlhalosetsa bathapiwa ba bone gore ke mokgwa ofe wa go apara o o sa amogelesegeng, segolobogolo kwa mafelong a bathapiwa ba dirang ditirelo tsa bosetšhaba kwa go one. Bosupi jo bongwe jo bo bontshang gore bathapiwa ga ba itse pharologano magareng ga botshelo jwa kwa tirong le botshelo jwa kwa gae bo bonala fa ditsala tsa bone di ba etela kwa tirong ka nako nngwe le nngwe.
Kgogakgogano ka Setlhaketlhake e “Rarabolotswe”
Kgogakgogano e e sa bolong go nna gone fa gare ga Bangladesh le India ka setlhaketlhake se sennye se se kwa Bay of Bengal, e rarabolotswe—ke go tlhatlhoga ga bogodimo jwa lewatle. Setlhaketlhake seo se se se nang baagi, se Baindia ba se bitsang New Moore Island mme Ba-Bangladesh ba se bitsa South Talpatti, ga se ise se ko se nne kwa godimo ga dimetara di le pedi go feta bogodimo jwa lewatle. Le fa go ntse jalo, ditshwantsho tsa sathalaete di bontsha gore bosheng jaana, setlhakatlhake seo se ne sa khurumediwa ke lewatle. Porofesa Sugata Hazra wa Jadavpur University School of Oceanographic Studies, kwa Calcutta, a re: “Selo se dinaga tseno tse pedi di neng di sa kgone go se rarabolola mo dingwageng tse ba ntseng ba gogagogana ka tsone, se rarabolotswe ke go gotela ga moya o o mo loaping.”