Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Migraine O ka Dira Eng ka Yone?

Migraine O ka Dira Eng ka Yone?

Migraine O ka Dira Eng ka Yone?

Joyce, modiri wa kwa ofising yo o matlhagatlhaga o leba lekwalo le a le tshwereng. Ka bonako fela, bontlhanngwe jwa lone bo bonala bo sa kwalwa sepe. Go tswa foo, go nna le ditlhase tsa lesedi tse di tlhagang fa pele ga matlho a gagwe, di a oketsega mme e nna mela e e manyokenyoke le dipopego tse di sa tlwaelegang tsa mefutafuta. Ka bonakonyana fela morago ga foo, Joyce ga a tlhole a kgona go bona sentle. Fa a lemoga se se mo diragalelang, o metsa pilisi e nnye e e diretsweng go mo thusa fa a na le bothata jono jwa tshoganyetso.

JOYCE o tshwenngwa ke migraine, bothata jo bo sa tshwaneng le jwa go opiwa ke tlhogo jo bo tlwaelegileng ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, go farologana le go opiwa ke tlhogo ka ditsela tse di farologaneng, di-migraine di opa ka tsela e e tshwanang. Gape, bothata jono bo masisi thata mo e leng gore bo ka dira gore motho a se ka a kgona go dira ditiro tse di tlwaelegileng.

Matshwao a migraine ke afe? Botlhoko jwa yone bo a uba mme bo ka nna jwa itaya letlhakore le le lengwe fela la tlhogo. Gape motho a ka nna a feroga sebete mme a sa kgone go emelana le lesedi le le tsabakelang. Botlhoko jwa teng bo ka tsaya diura di le mmalwa go ya go malatsi a le mmalwa.

Le fa gone batho ba le bantsi ba nna ba opiwa ke tlhogo e e dirang gore ditshika di gagamale, ke motho a le mongwe fela mo go ba le lesome yo o nnang le migraine. Migraine e tshwara basadi thata go feta banna. Migraine ya batho ba bangwe e botlhoko thata go feta ya ba bangwe mme e dira gore batho ba le bantsi ba fetse malatsi a le mmalwa mo ngwageng mongwe le mongwe ba sa ye tirong. Migraine e dira gore batho ba latlhegelwe ke lotseno mme e ka ama botshelo jwa bone jwa lelapa le kamano ya bone le batho ba bangwe ka tsela e e sa itumediseng. Ka jalo, Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o baya migraine gareng ga dilo tsa ntlha tse 20 tse di bakang bogole.

Pele batho bangwe ba tlhaselwa ke migraine, ba nna le matshwao a a jaaka diatla tse di tsididi, letsapa le le tseneletseng, tlala kgotsa go fetofetoga ga maikutlo. Go tswa foo, pele ga tlhogo e simolola go opa, motho a ka nna a tsewa ke sedidi, a utlwa modumo mo ditsebeng, a nna le ditlhabi tse e keteng o tlhabiwa ke dinnale, a bona selo se le sengwe gabedi, a sa kgone go bua sentle kgotsa a koafala mesifa.

Dilo tse di bakang migraine ga di tlhaloganngwe ka botlalo mme go akanngwa gore e ka nna ya bo e le bothata jwa thulaganyo ya ditshika e e amang ditshikana tsa madi mo tlhogong. Go bonala go uba ga tlhogo go bakiwa ke madi a a fetang mo ditshikaneng tse di amegileng. Lokwalopaka lwa Emergency Medicine lo bolela jaana: “Batho ba ba tshwenngwang ke migraine ba ile ba gotsa thulaganyo ya ditshika e e nang le bothata mo batsading ba bone mme e ka amiwa ke dilo tse dintsi tse di diregang mo botshelong, tse di jaaka go sa robale sentle, menko e e bogale, go tsaya loeto, go sa je sentle, go gatelelwa mo maikutlong le go fetoga ga selekanyo sa dihoromone.” Batho ba ba tshwenngwang ke migraine gape ba ka nna ba tshwenngwa ke irritable bowel syndrome (go tshwenngwa ke mala), go nna le maikutlo a go tlhobaela le go tshwenyega thata mo maikutlong.

O ka Fokotsa Jang Migraine?

O ka se ka wa kgona go fetola thulaganyo ya ditshika e o e gotsitseng mo batsading ba gago. Mme o ka nna wa kgona go tila go tlhaselwa ke migraine. Ka go kwala diary, bangwe ba kgonne go lemoga dijo kgotsa maemo a a dirang gore ba nne le migraine.

Seemo sa motho mongwe le mongwe se farologane. Lorraine o ne a lemoga gore migraine ya gagwe e tsamaisana le modikologo wa gagwe wa go bona kgwedi. O bolela jaana: “Mo nakong e e dikologileng nako ya go bona kgwedi, fa go ka nna le sepe fela se se nkamang thata—go bereka ka thata, mogote kgotsa botsididi, modumo o o kwa godimo, tota le e leng dijo tse di tsentsweng ditswaiso thata—go ka dira gore ke tlhaselwe ke migraine. Ka jalo, ka nako eno ke leka gore ke ritibale mo maikutlong le go dira dilo ka tekatekano.” Joyce, yo a ileng a itshokela migraine ka dingwaga tse di fetang 60, o bolela jaana: “Ke lemogile gore dinamune, dipeinapole le beine e khibidu di dira gore ke tlhaselwe ke migraine ka bonako fela mme ke a di tila.”

Go lemoga gore ke eng se se dirang gore o tlhaselwe ke migraine ga go motlhofo, ka gonne gantsi go na le mabaka a le mmalwa a a kopaneng a a dirang gore o nne le yone. Ka sekai, ka nako nngwe o ka nna wa ja tšhokolete mme go bo go sa direge sepe mme ka nako e nngwe e bo e dira gore o tlhaselwe ke migraine gongwe e le ka ntlha ya lebaka le lengwe.

Tota le fa o sa kgone go lemoga kgotsa go tila dilo tse di dirang gore o tlhaselwe ke migraine, go na le ditsela tse dingwe tse di ka go thusang gore o fokotse go tlhaselwa ke migraine. Bomankge ba akantsha gore o leke go latela tsela ya go robala e e tlhomameng malatsi a le supa mo bekeng. Fa e le gore ga o batle go tsoga ka nako e e tlwaelegileng ka mafelobeke, ba akantsha gore o tsoge ka nako e e tlwaelegileng, o bo o dira sengwe ka metsotso e se kae mme morago ga foo, o bo o ya go robala gape. Go fetola tsela e o nwang khafeine ka yone e ka dira gore o nne le migraine, ka jalo, nwa fela dikopi di le pedi tsa kofi kgotsa digalase di le pedi tsa dinotsididi tse di nang le khafeine ka letsatsi. E re ka tlala e ka dira gore o nne le migraine, tila mokgwa wa go se je sentle. Go gatelelwa mo maikutlong, go gantsi go bakang migraine, ga se selo se se motlhofo go se tila mme o ka kgona go bona ditsela tsa go iketla, gongwe ka go fetola thulaganyo ya gago, ka go bala Baebele kgotsa ka go reetsa mmino o o kwa tlase.

Ke Eng Se se Ka Alafang Migraine?

Go na le ditsela tse dintsi tse di ka thusang go alafa migraine. * Ka sekai, go robala ke nngwe ya ditsela tse di molemo tsa go e alafa. Dipilisi tse di okobatsang botlhoko tse o di ithekelang di ka nna tsa okobatsa go opa ga tlhogo go go thusa gore o kgone go robala.

Ka 1993, go ile ga nna le di-triptan, mofuta o mosha wa diokobatsi tse motho a di fiwang ke ngaka, tse segolobogolo di diretsweng go alafa migraine. The Medical Journal of Australia e ne ya re seno ke “kgatelopele e kgolo mo kalafing” mme ya oketsa jaana: “Go dirwa ga di-triptan . . . go alafa migraine le go opiwa thata ke tlhogo, go batla go tshwana le go dirwa ga penicillin e e neng e diretswe go alafa go tshwaediwa ke megare!”

Migraine e ka se ka ya bolaya motho. Ka jalo, kalafi ya migraine ga e boloke matshelo jaaka go alafiwa ga go tshwaediwa ke megare go ile ga boloka matshelo. Le fa go ntse jalo, di-triptan di ile tsa thu batho ba ba ileng ba tlhaselwa ke migraine ka dingwaga di le dintsi. Batho ba ba tshwenngwang ke migraine ba sa ntse ba tlhoka go dira diphetogo mo dilong tse di umakilweng pelenyana mme batho ba bangwe ba ba tshwenngwang ke migraine ba re di-triptan ke diokobatsi tse di dirang dikgakgamatso.

Le fa go ntse jalo, melemo yotlhe e na le mesola le ditlamorago tse di sa itumediseng. Ke eng se se sa itumediseng ka di-triptan? Sa ntlha, pilisi e le nngwe ya triptan e ka nna ya ja madi a a lekanang le madi a a ka duelelang dijo tse di monate kwa resetšhurenteng, ka jalo, gantsi di dirisiwa ke batho ba ba nang le migraine e e botlhoko go ya go e e botlhoko thata. Gape di-triptan ga di bereke mo go mongwe le mongwe mme batho bangwe ba na le bolwetse bongwe jo bo dirang gore go nne botoka gore ba se ka ba leka go di dirisa. E re ka go se na kalafi epe e e itsegeng e e ka alafang migraine e batho ba e gotsitseng mo batsading ba bone, makasine wa Emergency Medicine o konela jaana: “E re ka go na le melemo e mesha le e e tokafaditsweng go alafa migraine, ga go na lebaka la go bo batho ba e ba tshwereng ba tswelele ba boge.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Tsogang! ga e buelele mofuta ope wa kalafi. Mongwe le mongwe o tshwanetse go sekaseka ditsela tsa kalafi ka kelotlhoko pele ga a ka dira tshwetso.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ka go kwala “diary,” bangwe ba kgonne go lemoga dijo kgotsa maemo a a dirang gore ba nne le “migraine”

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Go reetsa mmino o o kwa tlase go ka thusa go fokotsa go gatelelwa mo maikutlong, e leng sengwe se gantsi se bakang “migraine”

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

“Migraine” ke bolwetse jo motho a bo gotsang mo batsading, jo bo golafatsang mme gantsi e le jo dingaka di ka kgonang go bo alafa sentle