Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boammaaruri Jwa Baebele Bo Ile Jwa ba Golola

Boammaaruri Jwa Baebele Bo Ile Jwa ba Golola

Boammaaruri Jwa Baebele Bo Ile Jwa ba Golola

JESU KERESETE o ne a raya setlhopha sengwe sa bareetsi a re: “Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” (Johane 8:32) Jaaka dikai tse di latelang di bontsha, kgololesego eo e akaretsa go gololesega mo madimoneng, baaki le batsietsi ba ba tlhotlheletsang ditiro tsa masaitseweng.—Johane 8:44.

Nngwe le nngwe ya maitemogelo ano e bontsha maatla a a gololang a boammaaruri jwa Baebele. Ee, ke jone fela jo bo gololang batho tota. Ke eng fa o sa itlhatlhobele Baebele ka bowena. O ka se ka wa ikwatlhaya.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]

Batho ba ba mo ditshwantshong tseno ba bontsha fela se se diragetseng

Susanna e ne e le moperesiti wa mosadi wa tempele kwa Brazil. O ne a batla go dirisa maatla a gagwe a a fetang a tlholego go thusa batho ba ba tlhokang. Mo godimo ga moo, o ne a rata “go bua le mmaagwe yo o suleng.” Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, “mmaagwe” o ne a mo kopa gore a ipolaye gore a ye go nna le ene kwa lefelong la meya. Seno se ne sa tshwenya Susanna thata mme sa dira gore a nne le ditoro tse di maswe. Moragonyana, Susanna le monna wa gagwe ba ne ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba lwa ntwa ya matlho a mahibidu go ‘ganetsa Diabolo’ mme kgabagare o ne a ‘ba tshaba.’ (Jakobe 4:7) Gone jaanong ba na le kagiso mme Susanna ga a tlhole a nna le ditoro tse di maswe. O ne a kwala jaana: “Go na le dilo tse dintsi tse nka di lebogelang Jehofa mme ke leboga segolobogolo go bo a ile a re thusa gore re tswe mo lefifing la semoya.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]

Timothy, yo o nnang kwa Afrika Bophirima, ke motho yo o bosusu e bile ke semumu. * E re ka dingaka tsa kwa kokelong di ne di sa kgone go mo thusa, o ne a ya kwa bathong ba ba fodisang ka go rapelela batho mme seo ga se a ka sa mo thusa. O ne a kwala jaana: “Ke ne ka utlwisiwa botlhoko ke go tsiediwa.” Morago ga foo, Timothy o ne a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ba ba ileng ba mo tlhalosetsa maikaelelo a Modimo a go fedisa malwetse otlhe le bogole bope fela. Timothy o ne a re: “Ke lebeletse pele ka tlhoafalo lefatshe le lesha la Modimo fa ‘ditsebe tsa bosusu di tla thibololwang le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla goang ka boitumelo.’” (Isaia 35:1-6) Fa a ntse a letile nako eo, o itumelela go dirisa setshamekisi sa gagwe se sennye sa DVD gore a bolelele batho ba bangwe ba ba sa utlweng mo ditsebeng ka boammaaruri jwa Baebele, a ba thusa go bona kgololesego ya mmatota.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Maina mangwe a fetotswe.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Evelyn wa kwa Estonia o ne a inaakantse thata le ditiro tsa masaitseweng. E re ka Jesu a ne a fodisa batho, le ene o ne a batla go ba fodisa. O ne a batla segolobogolo go thusa mmaagwe yo o neng a na le bolwetse jo bo sa foleng. Ka jalo, go leka go bona gore motho o tshwerwe ke eng le go alafa bolwetse jo bo masisi, o ne a ithuta go dirisa ditshipi tse di akgegang (pendulums). Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a sekaseka Baebele. Matswela e nnile afe? A re: “Ke ne ka simolola go tlhaloganya kafa ke ntseng ke tsiediwa ka teng. Ka jalo, ke ne ka fisa didirisiwa tsa me tsa tirisabadimo.” Gone jaanong o ruta batho ba bangwe ka boammaaruri jwa Baebele jo bo gololang.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Mary o goletse kwa go nngwe ya ditlhaketlhake tsa Papua New Guinea, kwa batho ba boifang baswi gone. Fa mongwe mo motsaneng wa gaabo a swa, Mary o ne a tle a robale ka fa tlase ga bolao jwa motho yo mongwe, a boifa gore moya wa motho yo suleng o tla mo tshwenya fa a le nosi. Moragonyana o ne a ithuta mo Baebeleng gore baswi ba robetse—ba mo lebitleng, ba letile go tsosiwa mo baswing gore ba tshele mo lefatsheng la Paradaise. (Luke 23:43; Johane 11:11-14) Ka ntlha ya seo, ga a tlhole a boifa baswi.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Alicia, yo o godisitsweng mo lelapeng la Bokeresete kwa United States, o ne a kgatlhegela dibuka le difilimi tse di nang le ditiro tsa masaitseweng. Moragonyana o ne a simolola go akanya ka tlhoafalo ka boammaaruri jwa Baebele jo a bo ithutileng. Fa a lemoga gore tota o ne a ntse a leka go ‘ja mo tafoleng ya ga Jehofa le mo tafoleng ya madimona,’ o ne a fetola ditsela tsa gagwe mme gone jaanong o na le segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo.—1 Bakorintha 10:21.