Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlha Tse di Ka Thusang mo Pabalesegong ya Batho ba ba Godileng

Dintlha Tse di Ka Thusang mo Pabalesegong ya Batho ba ba Godileng

Dintlha Tse di Ka Thusang mo Pabalesegong ya Batho ba ba Godileng

MOSETSANA mongwe o relela mo aeseng. Ka tshoganyetso fela o a kgopiwa a bo a wa. Metsotswana e se kae morago ga foo o ema gape mme ga a utlwa botlhoko kwantle fela ga gore o tlhabilwe ke ditlhong. Mosadimogolo mongwe o a kgopiwa mo ntlong ya gagwe a bo a wa mme o phetsega noka. O a ariwa mme o nna dikgwedi di le dintsi a thusiwa gore a fole. Mme e re ka a boifa le go feta gore o tla wa gape, o tila go dira sepe fela mme seo se dira gore a nne bokoa le go feta.

Kwa nageng nngwe ya kwa Bophirima, ngwaga mongwe le mongwe go wa batho ba ba fetang nngwetharong ya batho ba ba nang le dingwaga di le 65 le go feta. Mo godimo ga moo, dintsho di le dintsi tsa batho ba ba mo dingwageng tseo di bakiwa ke dikgobalo tse ba nnang le tsone fa ba wa. Ke ka lebaka le le utlwalang go bo Baebele e bolela jaana ka batho ba ba godileng: “Ba ile ba boifa se se kwa godimo fela, mme go na le letshogo mo tseleng.”—Moreri 12:5.

Tota le fa gantsi botsofe bo dira gore batho ba nne le mathata a mmele, o ka tsaya dikgato tse di ka go thusang go tokafatsa pabalesego ya gago le boleng jwa botshelo jwa gago. Sa ntlha, o ka lwela go nna le botsogo le nonofo e o e tlhokang. Sa bobedi, o ka dira gore ntlo ya gago e nne e babalesegile le go feta.

Tlhokomela Botsogo le Nonofo ya Gago

Fa re ntse re gola, tsela e dikarolo tse di farologaneng tsa mmele wa rona di dirisanang ka yone e a koafala mme re ka nna ra nna le mathata a matlho le go kgona go itsetsepela sentle. Mme gape re ka nna ra nna bokoa ka gonne mesifa ya rona le marapo a rona a koafala. Le fa go ntse jalo, go ikatisa ka metlha le go ja sentle go ka diegisa go koafala gono. Nita, yo e leng ngaka e e sidilang mmele a re: “Go botlhokwa go ikatisa mmele ka tsela e e tla tokafatsang bokgoni jwa rona jwa go itsetsepela, go ema sentle, go nna le nonofo le go kgona go laola mmele sentle.”

Kgatiso nngwe ya U.S. Department of Health and Human Services e bolela jaana: “Go sa kgathalesege botsogo jwa bone le bokgoni jwa bone jwa mmele, batho ba ba godileng ba ka kgona go solegelwa molemo thata ke go nna matlhagatlhaga. Tota le fa o na le mathata a go ema kgotsa a go tsamaya, o sa ntse o ka kgona go ikatisa mmele le go solegelwa molemo ke gone. Tota e bile, mo maemong a le mantsi, o tla nna le mathata le go feta fa o sa dire sepe.” * Gareng ga dilo tse dingwe, go ikatisa mmele go ka go thusa go tila bolwetse jwa pelo, go opelwa ke ditokololo, osteoporosis, le go tshwenyega thata mo maikutlong. Go ka tokafatsa modikologo wa gago wa madi, go silega ga dijo le go robala ga gago e bile go ka tokafatsa go itshepa ga gago le go nna o ntshitse matlho dinameng.

Fa o sa tlwaela go ikatisa mmele, go ka nna molemo gore o bone ngaka ya gago pele. Gape, ikgolaganye le yone fa o ikutlwa o tsewa ke sedidi kgotsa o utlwa setlhabi mo sehubeng fa o ntse o ikatisa mmele. Tota e bile, mo maemong a a ntseng jalo, go ka nna molemo go leletsa nomoro ya mogala ya maemo a tshoganyetso. O se ka wa tsaya matshwao a a ntseng jalo a a ka nnang kotsi motlhofo! Mme o kgothalediwa go tlhatlhobiwa matlho ke ngaka ya matlho gangwe ka ngwaga.

Malebana le dijo tse o tshwanetseng go di ja, tila go ja dijo tse di se nang dibitamine le diminerale, tota le fa di butswa ka bonako e bile di apeega motlhofo. Batho ba ba godileng ba tlhoka segolobogolo dijo tse di nang le bitamine D le calcium e ntsi tse bobedi jwa tsone di ka go thusang gore o boloke marapo a gago a kitlane kgotsa bobotlana go fokotsa go koafala ga one. Ka jalo, leka go ja dijo tse di nang le dithoro, dijo tse di nang le mashi a a se nang mafura a mantsi le maungo le merogo e e foreshe. Ikgolaganye le ngaka ya gago pele ga o dira diphetogo tse dikgolo mo tseleng e o jang ka yone. E ka nna ya go naya dikakantsho tsa dijo tse o tshwanetseng go di ja le tse o tshwanetseng go di tila ka ntlha ya mabaka a a rileng a botsogo.

Mo godimo ga moo, leka go nwa metsi a mantsi. Go tlhaela metsi mo mmeleng, e leng selo se se tlwaelegileng mo bathong ba ba godileng, segolobogolo mo go ba ba nnang ba le nosi kgotsa ba ba nnang kwa magaeng a go tlhokomelwang bagodi mo go one, go ka dira gore motho a we, a tlhakane tlhogo, a bofege mala, go taologa ga letlalo go koafale, a tsenwe ke megare le e leng go swa.

Dira Gore Legae la Gago le Babalesege

Batho ba wa thata kwa magaeng a bone. Le fa go ntse jalo, fa o tsaya dikgato di le mmalwa tse di ka thusang, o ka kgona go fokotsa kotsi eo thata. Akanya ka legae la gago fa o ntse o bala dintlha tse di latelang.

Ntlwana e e Tlhapelang:

● Boalo jwa ntlwana e e tlhapelang bo tshwanetse jwa nna ka tsela e e ka dirang gore o kgone go itsetsepela fa go le metsi.

● Shawara kgotsa bata e tshwanetse go nna le mmetshe o o sa releleng kgotsa boalo jo bo seng boreledi mme fa e le gore o na le setulo sa mo shawareng, se tshwanetse sa kgona go dira gore o fitlhelele thepe ya metsi motlhofo. Gape go ka nna molemo go nna le shawara e e nang le mogala o o ka o tshwarang ka seatla gore o kgone go tlhapa o dutse.

● Go molemo go nna le ditshipi tse di siameng tse o ka itshwarelelang mo go tsone fa o tsena le fa o tswa mo bateng kgotsa fa o dirisa ntlwana ya boithomelo. Ditshipi tseno di tshwanetse go nna tse di nonofileng e bile di tlhomeletswe sentle. Gape, tlhomamisa gore setulo sa ntlwana ya boithomelo se bogodimo jo bo lekaneng gore o kgone go dula le go ema kwantle ga bothata bope.

● Tlogela mabone a a dirisiwang bosigo a tshubilwe kgotsa dirisa totšhe.

Ditepisi:

● Ditepisi ga di a tshwanela go tlala ka dilo, di tshwanetse go nna mo seemong se se siameng e bile go nne le lesedi le le lekaneng.

● Ditepisi di tshwanetse go nna le ditshipi tse o itshwarelelang mo go tsone kafa matlhakoreng oomabedi fa go kgonega, e le tse di sa reketleng mme gape di tshwanetse go nna le dimmetshenyana tse di sa releleng le dikonopo tsa go tshuba mabone kwa godimo ga tsone le kwa tlase ga tsone.

● Go palama le go fologa ditepisi go ka thusa batho ba ba godileng gore maoto a bone a nonofe. Le fa go ntse jalo, fa e le gore o na le bothata jwa go itsetsepela, o se ka wa leka go palama le go fologa ditepisi o le nosi.

Phaposi ya Borobalo:

● Dira gore bolao le fanitšhara e nngwe di se ka tsa atamalana thata gore o kgone go feta sentle mo gare ga tsone.

● Nna le setulo se o ka nnang mo go sone fa o apara.

● Dira gore lobone kgotsa totšhe e nne mo o ka e fitlhelelang fa o robetse.

Ntlwana ya Boapeelo:

● Ga go a tshwanela go tlala dilo mo godimo ga dikhabote gore go nne motlhofo go baya korosari le dilo tse dingwe.

● Boalo jwa ntlwana ya boapeelo bo tshwanetse gore bo se ka jwa nna boreledi e bile bo se ka jwa phatsima thata.

● Dilwana tse di mo teng ga dikhabote ga di a tshwanela go nna kwa godimo thata kgotsa kwa tlase thata gore o tle o kgone go di fitlhelela motlhofo o sa thusiwe ke ope. Leka go tila go dirisa dillere mme le ka motlha o se ka wa palama mo godimo ga setulo!

Dilo ka Kakaretso:

● Dira gore go nne le mabone a a bonesang fa o ya kwa ntlwaneng e e tlhapelang le mo mafelong a mangwe fa go le bosigo.

● Go ka nna molemo go nna le thobane kgotsa sedirisiwa se se ka go thusang go tsamaya bosigo fa o sa ntse o tshwerwe ke boroko.

● Ditulo tsa gago di tshwanetse go nna tse di tsepameng (tse di se nang maotwana), di na le mo o ka bayang matsogo gone mme di nne bogodimo jo bo lekaneng gore o kgone go dula le go ema motlhofo.

● Go tila go kgopiwa, o tshwanetse wa baakanya, wa tsenya khapete e nngwe kgotsa wa ntsha e e onetseng, boalo jo bo kokomogileng kgotsa dithaele tse di thubegileng. Tsamaisa megala yotlhe ya motlakase mo loboteng mme e se ka ya ralala mo go tsamaiwang teng.

● Dimmetshe tse dinnye di ka baka kotsi ya gore o kgopege mme di tshwanetse go tlosiwa mo mafelong a go nang le khapete mo go one. Fa di bewa mo boalong jo bo borethe, jo bo jaaka jwa dithaele kgotsa jwa logong, di tshwanetse tsa tshetlelwa sentle ka sengwe se se ka dirang gore di se ka tsa relela.

● Tila go rwala diselepara tse dikgolo kgotsa tse di onetseng kgotsa tse di nang le serethe se se sa tswalegang kgotsa tse di nang le disolo tse di relelang. Mme o se ka wa rwala ditlhako tsa direthe tse di kwa godimo.

● Melemo mengwe e ka dira gore batho ba ikutlwe ba tsewa ke sedidi. Fa go ka direga gore o ikutlwe jalo fa o sena go nwa melemo, tlhomamisa gore o bolelela ngaka ya gago. E ka nna ya fetola selekanyo se o se nwang kgotsa molemo ka boone.

Fa o lemoga gore go na le sengwe se se tlhokang go baakanngwa se o sa kgoneng go se baakanya ka bowena, ke eng fa o sa kope thuso mo go mongwe wa leloko la lelapa, ditsala kgotsa batho ba ba ka tswang ba ikarabelela mo go tlhokomeleng moago? Mme leka gore o se ka wa diega go dira seno.

Se ba Bangwe Ba ka Se Dirang

Fa o na le batsadi ba ba godileng, mmèmogolo le rremogolo kgotsa ditsala, o ka dira eng go ba thusa go tila go wa ka tsela e e ka ba gobatsang? Sa ntlha, o ka nna wa sekaseka lenaane le le umakilweng fa godimo le bone ka botlhale mme o dire dithulaganyo tsa go baakanya mafelo a go nang le mathata mo go one. Go ikaegile ka gore ba tlhoka eng, gongwe o ka ba apeela dijo tse di nang le dikotla gangwe kgotsa gabedi mo bekeng. Batho ba ba godileng le bone ba tlhoka go ikatisa mmele ka metlha. A o ka tsamaya le bone, gongwe fa o ya go dira ditiro dingwe? Batho ba le bantsi ba ba godileng ba ka itumelela go tswa mo ntlong fa go na le mongwe yo ba mo tshepang kgotsa yo o ka tsamayang le bone. Mo dinageng dingwe puso e thusa ka go dira gore go nne le batho ba ba tlhokomelang bagodi kwa gae, ka go ba naya kalafi e e ka ba thusang mo mmeleng, mo maikutlong le go ba thusa ka pabalesego ya mo legaeng. Ngaka ya gago e tshwanetse go kgona go go golaganya le ditirelo tsa mofuta oo.

Mmopi wa rona, yo ka boene a bidiwang “Mogologolo wa Malatsi,” o batla gore re bontshe bagodi tlotlo, segolobogolo batsadi ba rona ba ba godileng. (Daniele 7:9) O laela jaana: “Tlotla rrago le mmago.” (Ekesodo 20:12) Gape o laela jaana: “O nanoge fa pele ga moriri o mosweu, mme o tlotle motho yo o tsofetseng, o boife Modimo wa gago.” (Lefitiko 19:32) Ee, tota go tlotla bagodi go supa kafa re boifang Modimo ka tsela e e siameng ka teng! Kafa letlhakoreng le lengwe, fa batho ba ba godileng ba leboga se ba se direlwang go tswa pelong, ba dira gore ba akanyediwe ka lorato le ka tlotlo. Go thusa batho ba ba ntseng jalo ga e a tshwanela go nna mokgweleo. Re tshwanetse go go itumelela!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Makasine wa Tsogang! wa June 8 2005 tsebe 19 go ya go 27 o ne wa sekaseka ka botlalo melemo ya go ikatisa mmele ka metlha.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 15]

THUSO YA ILEKETERONIKI MO MAEMONG A TSHOGANYETSO

Mo dinageng dingwe batho ba ba godileng ba ka kgona go bona sedirisiwa se sennye sa ileketeroniki se ba ka kgonang go se dirisa mo maemong a tshoganyetso, a a jaaka fa ba wele botlhoko mme ba sa kgone go ema, gore ba kope thuso ka go tobetsa kopono fela. Didirisiwa tseno di ka tsenngwa ka go gokelelwa mo thamong kgotsa tsa tsenngwa mo seatleng. Fa e le gore go na le tirelo eno mo lefelong la lona, gongwe o ka akanyetsa go e dirisa—segolobogolo fa o nna o le nosi. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 46 Didirisiwa tse di tshwanang le tseno di teng le mo Afrika Borwa.